Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng

A B D E F G H I J K L M N O P R S T U Y

A

  • Abi.

    Ke leina la kgwedi ya botlhano mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya bo11 mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema, le ba neng ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya July go fitlha kwa bogareng jwa kgwedi ya August. Ga e umakiwe ka leina mo Baebeleng mme e bidiwa “kgwedi ya botlhano.” (Dip 33:38; Esr 7:9)—Bona Dintlha B15.

  • Abibe.

    Ke leina la kgwedi ya ntlha mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya bosupa mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Leina la kgwedi eno le kaya “Ditlhaka Tse Ditala” mme e ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya March go fitlha kwa bogareng jwa April. Fa Bajuda ba ne ba tswa Babelona, e ne ya bidiwa Nisane. (Dut 16:1)—Bona Dintlha B15.

  • Adare.

    Ke leina la kgwedi ya bo12 mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya borataro mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa February go fitlha kwa bogareng jwa March. (Est 3:7)—Bona Dintlha B15.

  • Akaia.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefelo leno le tlhalosiwa e le porofense ya Roma e e kwa borwa jwa Gerika mme toropokgolo ya yone ke Korintha. (Dit 18:12)—Bona Dintlha B13.

  • Alabasetere.

    Ke leina la lebotlolo le lennye le le dirilweng ka leje le le fitlhelwang gaufi le toropo ya Alabastron kwa Egepeto. Mabotlolo ano a ne a dirwa ka tsela e e neng e tla dira gore dinkgisamonate di se ka tsa tshologa fa a tswetswe. Leje leno le lone le ne le bidiwa alabasetere.Mar 14:3.

  • Alamothe.

    Ke lefoko le le kayang “Makgarebe” le gongwe le tlhalosang tsela e makgarebe a opelelang ka lentswe le le kwa godimo ka yone. Gongwe ke lefoko le le neng le dirisiwa go tlhalosa gore seletswa se tshwanetse go lelediwa kwa godimo.—1Dt 15:20; Ps 46:Maf.

  • Alefa le Omega.

    Alefa ke leina la tlhaka ya ntlha mo dialefabeteng tsa Segerika, Omega yone ke leina la tlhaka ya bofelo; maina ano a tlhagelela mmogo gararo mo bukeng ya Tshenolo fa a tlhalosa Modimo. Mo ditemaneng tseno mafoko ano a kaya “wa ntlha le wa bofelo” le “tshimologo le bokhutlo.”—Tsh 1:8; 21:6; 22:13.

  • Amen.

    Lefoko leno le kaya “a go nne jalo” kgotsa “go ntse jalo.” Le tswa mo lefokong la Sehebera la ʼa·man′, mme le kaya “go ikanyega.” Le ne le dirisiwa fa batho ba dumalana le maikano mangwe, thapelo kgotsa fa ba dumalana le ntlha nngwe. Mo bukeng ya Tshenolo, Jesu o bidiwa ka lone.—Dut 27:26; 1Dt 16:36; Tsh 3:14.

  • Aramagedona.

    Ka Sehebera ke Har Meghid·dohn′ mme le kaya “Thaba ya Megido.” Lefoko leno le amanngwa le “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe” e mo go yone ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe’ di tla phuthegang go lwa le Jehofa. (Tsh 16:14, 16; 19:11-21)—Bona PITLAGANO E KGOLO.

  • Arame; Baaramaika.

    Ke ditlogolwana tsa ga Arame, morwa Sheme. Ba ne ba nna mo kgaolong e e neng e simolola kwa dithabeng tsa Lebanona go ela kwa Mesopotamia le mo kgaolong e e simololang kwa dithabeng tsa Taurus go ela ka kwa ga Damaseko. Kgaolo eno e e neng e bidiwa Arame ka Sehebera e ile ya bidiwa Siria moragonyana mme batho ba ba neng ba nna mo go yone ba ne ba bidiwa Basiria.—Ge 25:20; Dut 26:5; Hos 12:12.

  • Areopago.

    Ke thota e e kwa godimo e e kwa Athena e e kwa bokonebophirima jwa Acropolis. Gape ke leina la lekgotla la batho ba ba neng ba tshwarela dikokoano gone. Paulo o ne a isiwa kwa Areopago ke borafilosofi ba Basetoika le Baepikuria gore a tlhalose se a se dumelang.—Dit 17:19.

  • Asasele.

    Ke leina la Sehebera le gongwe le kayang “Podi e e Nyelelang.” Ka Letsatsi la Tetlanyo, podi ya Asasele e ne e isiwa kwa nageng go bontsha gore setšhaba se itshwaretswe maleo a ngwaga o o fetileng.—Lef 16:8, 10.

  • Aselgeia.

    Bona BOITSHWARO JO BO REPILENG JWA GO SA KGATHALE.

  •  Ashethorethe.

    Modimo wa mosadi wa kwa Kanana wa ntwa le wa tsalo mme gape e ne e le mosadi wa ga Baale.—1Sa 7:3.

  • Asia.

    Mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete, e ne e le leina la porofense ya Roma e gone jaanong e leng karolo ya bophirima jwa Turkey le ditlhakakane tsa Samos le Patmos. Toropokgolo ya yone e ne e le Efeso. (Dit 20:16; Tsh 1:4)—Bona Dintlha B13.

B

  • Baale.

    Ke modimo wa Bakanana o batho ba reng ke ene mong wa loapi e bile o dira gore pula e ne le gore batho ba kgone go tshola. Gape fa batho ba obamela medimo e mengwe go ne go twe ba obamela “Baale.” Lefoko leno ka Sehebera le kaya “Mong.”—1Dk 18:21; Bar 11:4.

  • Baatlhodi.

    Ke batho ba Jehofa a neng a ba tlhophile gore ba boloke batho ba gagwe pele ga Baiseraele ba nna le dikgosi.—Baa 2:16.

  • Badisa ba Mmusimogolo.

    Ke setlhopha sa masole a Roma se se neng se tlhomilwe gore se sireletse mmusomogolo wa Roma. Setlhopha seno se ne sa nna lekoko la sepolotiki le le maatla le le neng le kgona go ema nôkeng kgotsa go menola mmusomogolo.—Baf 1:13.

  • Baengele.

    Lefoko leno ka Sehebera ke mal·ʼakh′ mme ka Segerika ke ag′ge·los. Mafoko ano ka bobedi a kaya “morongwa” mme a dirisiwa fa go buiwa ka dibopiwa tsa semoya. (Ge 16:7; 32:3; Jak 2:25; Tsh 22:8) Baengele ba maatla mme Modimo o ile a ba bopa bogologolo pele a bopa batho. Gape Baebele e ba bitsa e re ke “diketekete di le masome tsa ba ba boitshepo,” “bomorwa Modimo” le “dinaledi tsa moso.” (Dut 33:2; Job 1:6; 38:7) Modimo ga a dira gore baengele ba kgone go tshola mme o ne a bopa moengele mongwe le mongwe ka tlhamalalo. Palo ya bone e feta dimilione di le dintsintsi. (Dan 7:10) Baebele e tlhalosa gore baengele ga ba tshwane le gore mongwe le mongwe wa bone o na le leina. E re ka ba le boikokobetso, ga ba batle go obamelwa e bile ka dinako tse dingwe ga ba bolelele batho maina a bone. (Ge 32:29; Luk 1:26; Tsh 22:8, 9) Maemo a bone ga a tshwane e bile ba abetswe go dira ditiro tse di farologaneng. Ba bangwe ba direla fa pele ga setulo sa ga Jehofa sa bogosi, ba bangwe ba isa melaetsa ya Modimo, ba bangwe ba thusa batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng, ba bangwe ba diragatsa dikatlholo tsa Modimo mme ba bangwe ba tshegetsa tiro e e dirwang mo lefatsheng ya go rera dikgang tse di molemo. (2Dk 19:35; Ps 34:7; Luk 1:30, 31; Tsh 5:11; 14:6) Mo nakong e e tlang, ba tla bo ba na le Jesu fa a lwa mo ntweng ya Aramagedona.—Tsh 19:14, 15.

  • Bafarasai.

    Ke lekoko la bodumedi la tumelo ya Sejuda le le neng le tumile thata ka nako ya baaposetoloi. Ba ne ba sa tswe mo losikeng lwa baperesiti, mme ba ne ba ikobela molao wa ga Moshe thata tota le dikarolo tse dinnye thata tsa one, e bile ba ne ba tlotlomatsa dingwao tsa bone. (Mat 23:23) Ba ne ba sa rate ngwao ya Bagerika, mme e re ka ba ne ba ithutile molao wa ga Moshe le dingwao, ba ne ba na le taolo e kgolo mo bathong. (Mat 23:2-6) Bangwe ba bone e ne e le maloko a Sanehederine. Gantsi ba ne ba latofatsa Jesu ka dikgang tsa go keteka Sabata, dingwao le go tsalana le baleofi le bakgethisi. Bangwe ba bone e ne ya nna Bakeresete, go akaretsa le Saulo yo o tswang kwa Tareso.—Mat 9:11; 12:14; Mar 7:5; Luk 6:2; Dit 26:5.

  • Baitsefilosofi ba Baepikuria.

    Ke balatedi ba ga rafilosofi wa Mogerika e bong Epicurus (341-270 B.C.E.). Ba ne ba dumela gore motho o tshelela gore a je monate fela.—Dit 17:18.

  • Baitsefilosofi ba Basetoika.

    Ke setlhopha sa baitsefilosofi ba Bagerika ba ba neng ba dumela gore fa motho a batla go itumela, o tshwanetse go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go akanya gore a tlhaloganye melao ya tlholego le gore a tshele go dumalana le yone. Go ya ka bone motho yo tota a leng botlhale o ne a sa kgatlhegele go utlwa botlhoko kgotsa go itumela.—Dit 17:18.

  • Balatedi ba ga Herode.

    E ne le lekoko la batho ba ba neng ba ema nôkeng dikgopolo tsa sepolotiki tsa Boherode ba ba neng ba busa ba tlhomilwe ke Baroma. Basadukae bangwe ba ka tswa ba ne ba le mo lekokong leno. Balatedi ba ga Herode ba ile ba ikopanya le Bafarasai gore ba ganetse Jesu.—Mar 3:6.

  • Bameda; Media.

    Ke ditlogolwana tsa ga morwa Jafethe yo o bidiwang Madai; ba ne ba aga mo karolong e e dithaba ya Iran e e neng ya nna naga ya Media. Bameda ba ne ba ikopanya le Babelona gore ba fenye Asiria. Ka nako eo, Peresia e ne e le porofense ya Media, le fa go ntse jalo, Kurose o ne a e tlhanogela mme Media e ne ya kopana le Peresia go nna Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia. Mmusomogolo ono o ne wa  fenya Mmusomogolo wa Neo-Babelonia ka 539 B.C.E. Bameda ba ne ba le gone kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. (Dan 5:28, 31; Dit 2:9)—Bona Dintlha B9.

  • Banefilime.

    Ke barwa ba ba diganka, ba e neng e le bana ba baengele ba ba ileng ba iphetola batho mme ba nyala basadi pele ga Morwalela.—Ge 6:4.

  • Banethinime.

    Batho ba e seng Baiseraele ba ba neng ba direla mo tempeleng. Lefoko leno ka Sehebera le kaya “ba ba abilweng,” e le go bontsha gore ba ne ba abilwe gore ba direle mo tempeleng. Go ka direga gore Banethinime ba le bantsi e ne e le ditlogolwana tsa Bagibeone, ba Joshua a neng a tlhalositse gore ba tla nna “ba ba rwalelang dikgong le ba ba gelang phuthego le sebeso sa ga Jehofa metsi.”—Jos 9:23, 27; 1Dt 9:2; Esr 8:17.

  • Baokamedi.

    Ke badiredibagolo ba maemo a a kwa tlase fa ba bapisiwa le babusi ba dikgaolo mo pusong ya Babelona. Ka nako ya ditiragalo tsa Baebele, ba ne ba okametse banna ba ba botlhale mo ntlong ya segosi kwa Babelona. Gape baokamedi ba umakiwa ka nako ya puso ya ga Kgosi Dario wa Momeda.—Dan 2:48; 6:7.

  • Basadukae.

    Ke lekoko la bodumedi la tumelo ya Sejuda le le neng le tumile thata, le maloko a lone e neng e le bahumi ba maemo a a kwa godimo le baperesiti ba ba neng ba na le taolo e kgolo mo ditirong tsa kwa tempeleng. Ba ne ba sa dumalane le ditlwaelo tse dintsi tsa Bafarasai le dilo tse ba neng ba di dumela. Ba ne ba sa dumele mo tsogong ya baswi e bile ba sa dumele gore baengele ba teng. Ba ne ba ganetsa Jesu.—Mat 16:1; Dit 23:8.

  • Bata.

    Ke nkgo e e neng e dirisiwa go lekanya dilo tse di elelang mme babatlisisi ba dumela gore e ka nna bogolo jwa dilitara di le 22. Ba fitlhetse dikgapetla tsa nkgo eno e e bidiwang ka leina leno. Gantsi mo Baebeleng go ne go lekanngwa dilo tse di elelang le dilo tse di sa eleleng go dirisiwa selekanyo sa bata. (1Dk 7:38; Esk 45:14)—Bona Dintlha B14.

  • Belesebube.

    Ke leina le Satane, yo e leng kgosana le mmusi wa madimona, a bidiwang ka lone. Go ka direga gore le fetotswe go tswa mo leineng Baale-sebube, e leng Baale yo o neng a obamelwa ke Bafilisitia kwa Ekerone.—2Dk 1:3; Mat 12:24.

  • Boaka.

    Ke fa motho yo o nyetseng kgotsa yo o nyetsweng a tlhakanela dikobo le motho yo a sa nyalanang le ene e bile a dira jalo ka go rata.—Ek 20:14; Mat 5:27; 19:9.

  • Bogosi Jwa Modimo.

    Ke polelwana e e dirisiwang go kaya bolaodi jwa Modimo jo bo emelwang ke puso ya ga Morwawe e bong Keresete Jesu.—Mat 12:28; Luk 4:43; 1Bk 15:50.

  • Boineelo, letshwao le le boitshepo.

    Mokgabisa o o phatsimang o o dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang ka sepe o o gabilweng mafoko a Sehebera a a reng, “Jehofa o Boitshepo.” O ne o bewa fa pele mo tukung e e kgethegileng ya moperesiti yo mogolo. (Ek 39:30)—Bona Dintlha B5.

  • Boitshekologo.

    Lefoko leno le ka kaya go sa nne phepa mo mmeleng kgotsa go tlola molao wa boitsholo. Mme mo Baebeleng, lefoko leno gantsi le kaya selo se se sa amogelesegeng kgotsa se se seng phepa, go ya ka Molao wa ga Moshe. (Lef 5:2; 13:45; Mat 10:1; Dit 10:14; Bae 5:5)—Bona BOPHEPA.

  • Boitshepo.

    Nonofo eno ke karolo ya botho jwa ga Jehofa; ke boemo jwa go nna phepa ka mo go feletseng. (Ek 28:36; 1Sa 2:2; Dia 9:10; Isa 6:3) Fa lefoko la ntlhantlha la Sehebera le dirisiwa mo bathong (Ek 19:6; 2Dk 4:9), mo diphologolong (Dip 18:17), mo dilong (Ek 28:38; 30:25; Lef 27:14), mo mafelong (Ek 3:5; Isa 27:13), mo dipakeng (Ek 16:23; Lef 25:12) le mo ditiragalong (Ek 36:4), le na le kgopolo ya go tlhaolwa, go ineela ka botlalo kgotsa go phepafalediwa Modimo yo o boitshepo; ke boemo jwa go tlhophiwa gore o direle Jehofa. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko le le ranotsweng e le “boitshepo” le kaya go tlhophiwa gore o direle Modimo. Gape lefoko leno le dirisiwa go tlhalosa tsela e e siameng e motho a itshwarang ka yone.—Mar 6:20; 2Bk 7:1; 1Pe 1:15, 16.

  • Boitshepo Jwa Maitshepo.

    Ke phaposi e e kwa teng ya motlaagana kgotsa ya tempele, e letlole la kgolagano le neng le nna mo go yone. Go ya ka Molao wa ga Moshe, motho yo o neng a letleletswe go tsena mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo e ne e le moperesiti yo mogolo, mme o ne a tsena fela ka Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo.—Ek 26:33; Lef 16:2, 17; 1Dk 6:16; Bah 9:3.

  • Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

    Mafoko ano a tswa mo lefokong la Segerika por·nei′a, le le sobokanyang ditiro tsotlhe tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Le akaretsa boaka, go gweba ka mmele, go  tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang, go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang le go robalana le diphologolo. Mo bukeng ya Tshenolo le dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso fa go buiwa ka mokgatlho wa bodumedi o o bidiwang “Babelona yo Mogolo,” e le go tlhalosa gore o ikgolagantse le babusi ba lefatshe leno a batla maatla le dikhumo. (Tsh 14:8; 17:2; 18:3; Mat 5:32; Dit 15:29; Bag 5:19)—Bona MOGWEBAKAMMELE.

  • Boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale.

    Mafoko ano a tswa mo polelwaneng ya Segerika e leng a·sel′gei·a, e e kayang ditiro tse di masisi tse motho a ka di dirang go tlola melao ya Modimo e bile e le tse di bontshang gore motho ga a kgathale kgotsa o na le lenyatso le le feteletseng; ke moya o o bontshang gore motho ga a na tlotlo kgotsa ga a ikobele taolo le melao. Mafoko ano ga a kaye boitshwaro jo bo sa siamang jo bo ka tlodisiwang matlho fela.—Bag 5:19; 2Pe 2:7.

  • Bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.

    Motlha o o bontshang gore tsamaiso e e eteletsweng pele ke Satane e tloga e fela. Motlha oo, o direga ka nako e le nngwe le go nna gone ga ga Keresete. Jesu o tla laela baengele gore ba ‘tlhaole batho ba ba bosula mo go ba ba siameng’ a bo a fedisa ba ba bosula. (Mat 13:40-42, 49) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba batla go itse gore tsamaiso eno ya dilo e a go fela leng. (Mat 24:3) Pele a ya kwa legodimong, o ile a ba solofetsa gore o tla nna le bone go fitlha ka nako eo.—Mat 28:20.

  • Bola.

    Ke matlapana a a borethe kgotsa dikarolwana tse di dirilweng ka logong kgotsa leje tse di neng di dirisiwa fa go dirwa ditshwetso. Di ne di tsenngwa mo momenong wa seaparo kgotsa mo sejaneng di bo di tshikinngwa. Bola jo bo neng bo wa e ne e le jone jo bo tlhophiwang. Gantsi fa go dirwa seno go ne go rapelwa. Lefoko leno “bola” le ka dirisiwa ka tsela ya mmatota kgotsa ya tshwantshetso le na le bokao jwa “kabelo” kgotsa “karolo.”—Jos 14:2; Ps 16:5; Dia 16:33; Mat 27:35.

  • Boloi.

    Go dirisa maatla a go dumelwang gore a tswa kwa meyeng e e bosula.—2Dt 33:6.

  • Bomagiseterata.

    Mo pusong ya Babelona, bomagiseterata e ne e le balaodi ba dikgaolo ba ba neng ba itse molao mme ba ne ba na le taolo e e lekanyeditsweng ya go atlhola. Mo dinageng tsa Roma, bomagiseterata ba ne ba thusa puso. Tiro ya bone e ne e akaretsa go tlhomamisa gore dilo di dirwa ka thulaganyo, go thusa ka tsa madi, go atlhola batho ba ba tlolang molao le go ntsha taelo ya gore katlholo eo e diragadiwe.—Dan 3:2; Dit 16:20.

  • Bomorwa Arone.

    Ke ditlogolwana tsa setlogolo sa ga Lefi e bong Arone, yo o neng a tlhophiwa go nna moperesiti yo mogolo wa ntlha ka nako ya Molao wa ga Moshe. Bomorwa Arone ba ne ba dira ditiro tsa boperesiti kwa motlaaganeng le kwa tempeleng.—1Dt 23:28.

  • Bopelonomi jo bogolo.

    Ke mafoko a a ranotsweng go tswa mo lefokong la Segerika le le nang le kgopolo ya sengwe se se itumedisang le se se kgatlhang. Gantsi lefoko leno le dirisiwa go kaya mpho ya bopelontle kgotsa moya wa go aba wa bopelontle. Fa lefoko leno le bua ka bopelonomi jo bogolo jwa Modimo, le tlhalosa mpho ya mahala e Modimo a e ntshitseng ka bopelotshweu, a sa lebelela go duelwa. Ka jalo, eno ke tsela e kgolo e Modimo a abelang batho ka yone, a ba ratang ka yone a le pelotshweu e bile a le pelonomi. Gape lefoko leno la Segerika le ranolwa ka mafoko a a jaaka “go utlwela botlhoko” le “mpho ya bopelontle.” Motho ga a tlhoke go e duelela kgotsa go e berekela, mme yo o mo e nayang o dira jalo a tlhotlhelediwa ke bopelotshweu.—2Bk 6:1; Bae 1:7.

  • Bophepa.

    Mo Baebeleng, lefoko leno ga le bue ka go nna phepa mo mmeleng fela. Gape le bua ka motho yo o tswelelang a le phepa mo boitsholong le yo o sa leswafatseng kamano ya gagwe le Modimo kgotsa yo o boang a nna phepa mo dilong tseno. Go ya ka Molao wa ga Moshe, lefoko leno le kaya go nna phepa go ya ka se Molao o neng o tlhoka gore se dirwe.—Lef 10:10; Ps 51:7; Mat 8:2; 1Bk 6:11.

  • Boporofeti.

    Ke molaetsa o o tlhotlheleditsweng, e ka tswa e le o o senolang thato ya Modimo kgotsa o o laelang gore e bolelwe. Boporofeti e ka nna molaetsa o o rutang, taelo kgotsa katlholo e e tswang kwa Modimong kgotsa molaetsa o o itsiseng sengwe se se tla diregang.—Esk 37:9, 10; Dan 9:24; Mat 13:14; 2Pe 1:20, 21.

  • Boserafe.

    Ke dibopiwa tsa semoya tse di emang go dikologa setulo sa bogosi sa ga Jehofa kwa magodimong. Lefoko la Sehebera sera·phim′ le kaya “ba ba tukang.”—Isa 6:2, 6.

  • Botlhanogi.

    Lefoko leno la Segerika (a·po·sta·si′a) le kaya “go tswa mo sengweng.” Le na le mogopolo wa “go tlogela kgotsa go tlhanoga.” Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko “motlhanogi” le dirisiwa thata fa  go buiwa ka batho ba ba tlogelang bodumedi jwa boammaaruri.—Dia 11:9; Dit 21:21; 2Bt 2:3.

  • Botshwarwa.

    Go lelekwa kwa legaeng kgotsa kwa lefatsheng la gaeno ke ba ba le fentseng. Lefoko leno ka Sehebera le kaya “go tsamaya.” Baiseraele ba ile ba isiwa botshwarwa gabedi. Baasiria ba ile ba isa bogosi jo bo emelang ditso tse di lesome tsa Iseraele botshwarwa, mme moragonyana Bababelona ba ile ba isa bogosi jo bo emelang ditso tse pedi tsa Iseraele botshwarwa. Kgosi Kurose yo e leng mmusi wa Peresia o ne a laela gore masalela a magosi ano a boele kwa dinageng tsa bone.—2Dk 17:6; 24:16; Esr 6:21.

  • Bule.

    Ke leina la kgwedi ya borobedi mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya bobedi mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Leina leno le tswa mo lefokong le le kayang “ungwa; thobo” mme kgwedi eno e ne e simologa go tswa bogareng jwa October go fitlha kwa bogareng jwa November. (1Dk 6:38)—Bona Dintlha B15.

D

  • Dagone.

    Ke modimo wa Bafilisitia. Ga go itsiwe gore lefoko leno le tswa kae, mme bakanoki bangwe ba le amanya le lefoko la Sehebera dagh, le le kayang tlhapi.—Baa 16:23; 1Sa 5:4.

  • Dariki.

    E ne e le ledi la gauta la kwa Peresia le le neng le le bokete jwa digerama di le 8,4. (1Dt 29:7)—Bona Dintlha B14.

  • Dekapolise.

    E simolotse e le metse e e lesome ya Gerika (go tswa mo lefokong la Segerika la de′ka le le kayang “lesome,” le po′lis, le le kayang “motse”). Gape e ne e le leina la kgaolo e e kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea le la Noka ya Joredane, kwa bontsi jwa metse eno e neng e le gone. Metse eno e ne e dirisa dingwao le ditsela tsa go dira kgwebo tsa Segerika. Jesu o ile a feta mo kgaolong eno, mme ga go na bosupi bope jwa gore o kile a etela metse eno. (Mat 4:25; Mar 5:20)—Bona Dintlha A7 le B10.

  • Denario.

    E ne e le ledi la Roma le le neng le le bokete jwa digerama di le 3,85 e bile le na le setshwantsho sa ga Kaesara mo letlhakoreng le le lengwe. E ne e le madi a motho a a amogelang ka letsatsi fa a dirile tiro nngwe gape e le lekgetho le Baroma ba neng ba le batla mo Bajudeng. (Mat 22:17; Luk 20:24)—Bona Dintlha B14.

  • Derakema.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko leno le bua ka ledi la selefera le le neng le dirisiwa kwa Gerika, le ka nako eo le neng le le bokete jwa digerama di le 3,4. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, go umakiwa ledi la gauta la derakema le le neng le dirisiwa kwa Peresia e bile le lekana le Dariki. (Neh 7:70; Mat 17:24)—Bona Dintlha B14.

  • Diabolo.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Sehebera, Satane o tlhalosiwa ka leina leno le le kayang “Yo o senyang batho maina.” O eteletse pele mo go senyeng Jehofa leina e bile o mo latofatsa ka maaka, gape o latofatsa lefoko la gagwe mmogo le Leina la gagwe le le boitshepo.—Mat 4:1; Joh 8:44; Tsh 12:9.

  • Diaparo tsa ntwa tse di feletseng.

    Diaparo tse masole a di aparang go itshireletsa, tse di jaaka tlhoro, seaparo sa phemelo, lebanta, disireletsamaoto le thebe.—1Sa 31:9; Bae 6:13-17.

  • Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa.

    Dijo tseno di akaretsa senkgwe se se se nang sebediso le beine, tse di tshwantshetsang mmele wa ga Keresete le madi a gagwe; ke segopotso sa loso lwa ga Jesu. E re ka Baebele e laela Bakeresete gore ba gopole tiragalo eno, go a tshwanela go bo e bidiwa “Segopotso.”—1Bk 11:20, 23-26.

  • Dikepe tsa Tareshishe.

    Kwa tshimologong mafoko ano a ne a dirisiwa go bitsa dikepe tse di neng di ya kwa Tareshishe wa bogologolo (gone jaanong e bidiwa Spain). Go bonala moragonyana mafoko ano a ile a dirisiwa go bitsa dikepe tse dikgolo tse di neng di kgona go tsamaya sekgala se seleele. Solomone le Jehoshafate ba ile ba dirisa dikepe tseno mo kgwebong.—1Dk 9:26; 10:22; 22:48.

  • Dikgakgamatso; Ditiro tse di maatla.

    Ke ditiro tse di dirwang ka maatla a a fetang a batho e bile di amanngwa le dibopiwa tse di nang le maatla a magolo. Ka dinako tse dingwe mafoko a a jaaka “ditshupo” le “dikgakgamatso” a dirisiwa e le makaelagongwe mo Baebeleng.—Ek 4:21; Dit 4:22; Bah 2:4.

  • Dikgang tse di molemo.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ke dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le tsa gore batho ba tla bolokwa fa ba dumela mo go Jesu Keresete.—Luk 4:18, 43; Dit 5:42; Tsh 14:6.

  • Dikota tsa go golega.

    Ke sedirisiwa se batho ba neng ba tsenngwa mo go sone fa ba otlhaiwa. Tse dingwe go ne go tsenngwa maoto a motho fela, mme tse dingwe go ne go tsenngwa maoto, mabogo le molala, seo  se bo se dira gore mmele wa motho o obege.—Jer 20:2; Dit 16:24.

  • Dikwalo.

    Ke mekwalo e e boitshepo ya Lefoko la Modimo. Lefoko leno le tlhagelela fela mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.—Luk 24:27; 2Ti 3:16.

  • Dimpho tsa kutlwelobotlhoko.

    Ke dimpho tse di neng di ntshiwa go thusa motho yo o tlhokang. Ga go buiwe ka dimpho tseno ka tlhamalalo mo Dikwalong Tsa Sehebera, le fa go ntse jalo, molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele ka tlhamalalo gore ba na le maikarabelo a go thusa bahumanegi.—Mat 6:2.

  • Dinaka tsa sebeso.

    Dikarolwana tse di tshwanang le lonaka tse di neng di le mo dikhoneng tsa dibeso dingwe. (Lef 8:15; 1Dk 2:28)—Bona Dintlha B5 le B8.

  • Dinkgwe tse di bewang fa pele ga Modimo.

    Ke dinkgwe tse 12 tse di neng di tlhatlaganngwa mo tafoleng ka ditlhopha tse pedi, mme setlhopha sengwe le sengwe se ne se na le dinkgwe tse thataro. Tafole eno e ne e le mo phaposing ya Boitshepo ya motlaagana kgotsa ya tempele. Gape se bidiwa “senkgwe se se tlhatlagantsweng” le “dinkgwe tse di neelwang Modimo.” Senkgwe seno se se neng se newa Modimo, se ne se emisediwa ka senkgwe se sesha ka Sabata mongwe le mongwe. Gantsi senkgwe se se neng se ntshiwa se ne se jewa fela ke baperesiti. (2Dt 2:4; Mat 12:4; Ek 25:30; Lef 24:5-9; Bah 9:2)—Bona Dintlha B5.

  • Dinkgwe tse di neelwang Modimo.

    Bona DINKGWE TSE DI BEWANG FA PELE GA MODIMO.

  • Dithaba tsa Lebanona tse di tlhomaganeng.

    Ke nngwe ya dithaba tse di tlhomaganeng e e dirang dithaba tsa naga ya Lebanona. Thaba e nngwe e ka fa bophirima mme e nngwe e ka fa botlhaba. Dithaba tseno di kgaogantswe ke mokgatšha o o nang le mmu o o nonneng. Dithaba tseno di batla di simologa kwa lotshitshing lwa Mediterranean mme thaba e telele mo go tsone e bogodimo jwa dimetara di ka nna 3 000. Bogologolo, naga ya Lebanona e ne e na le ditlhare tse dikgolo tsa masedara, tse di neng di ratiwa ke batho ba ditšhaba tse dingwe. (Dut 1:7; Ps 29:6; 92:12)—Bona Dintlha B7.

  • Ditimalobone.

    Ke didirisiwa tse di neng di dirilwe ka gauta, tse di ka tswang di ne di tshwana le ditang, tse di neng di dirisiwa go tima dipone kwa motlaaganeng le kwa tempeleng.—Ek 37:23.

  • Ditimamolelo.

    Ke didirisiwa tse di neng di dirisiwa kwa motlaaganeng le kwa tempeleng mme di ne di dirilwe ka gauta kgotsa kopore. Gongwe di ne di tshwana le dikere mme di dirisediwa go tima molelo ka go kgaola mogala wa dilampi kgotsa dipone.—2Dk 25:14.

  • Ditšheruba.

    Baengele ba ba nang le maemo a a kwa godimo e bile ba dira ditiro tse di kgethegileng. Ga ba tshwane le Boserafe.—Ge 3:24; Ek 25:20; Isa 37:16; Bah 9:5.

  • Ditsholamolelo.

    Ke dilwana tse di neng di dirilwe ka gauta, selefera kgotsa kopore. Di ne di dirisiwa kwa motlaaganeng le kwa tempeleng fa go fisiwa maswalo, fa go ntshiwa magala mo sebesong le megala e e sheleng mo setlhomong sa lobone lwa gauta. Gape di ne di bidiwa maiswana.—Ek 37:23; 2Dt 26:19; Bah 9:4.

E

  • Edoma.

    Ke leina le lengwe le morwa Isake e bong Esau a neng a bidiwa ka lone. Ditlogolwana tsa ga Esau (Edoma) di ne di nna mo kgaolong e e dithaba ya Seire e e mo gare ga Lewatle le le Suleng le Kgokgometso ya ‘Aqaba. Lefelo leno le ne la simolola go bidiwa Edoma. (Ge 25:30; 36:8)—Bona Dintlha B3 le B4.

  • Eferaime.

    Leno ke leina la morwa wa bobedi wa ga Josefa; moragonyana le ne la dirisiwa fa go buiwa ka lotso longwe lwa Iseraele. Fa Iseraele e sena go kgaoganngwa, Eferaime e ne ya nna lotso lo lo emelang bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele.—Ge 41:52; Jer 7:15.

  • Elule.

    Ke leina la kgwedi ya borataro mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya bo12 mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya August go fitlha kwa bogareng jwa kgwedi ya September. (Neh 6:15)—Bona Dintlha B15.

  • Ethanime.

    Ke kgwedi ya bosupa mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya ntlha mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya September go fitlha kwa bogareng jwa kgwedi ya October. Fa Bajuda ba tswa botshwarwa kwa Babelona ba ne ba bitsa kgwedi eno ba re ke Tishri. (1Dk 8:2)—Bona Dintlha B15.

  • Ethiopia.

    Ke naga ya bogologolo e e kwa borwa jwa Egepeto. E ne e akaretsa naga e gompieno  e leng karolo e e kwa borwa jwa Egepeto le e e kwa bokone jwa Sudan. Ka dinako tse dingwe fa go buiwa ka Ethiopia go dirisiwa lefoko la Sehebera la “Kushe.”—Est 1:1.

  • Euferatese.

    Ke noka e telele thata kwa Asia e bile ke nngwe ya dinoka tse dikgolo kwa Mesopotamia. E umakiwa la ntlha mo go Genesise 2:14 e le nngwe ya dinoka tse nnê tsa kwa Edene. Gantsi e bidiwa “Noka” fela. (Ge 31:21) E ne e le molelwane o o kgaoganyang naga e Iseraele e neng e e abetswe le dinaga tse dingwe. (Ge 15:18; Tsh 16:12)—Bona Dintlha B2.

F

  • Faro.

    Ke sereto se dikgosi tsa Egepeto di bidiwang ka sone. Mo Baebeleng go na le Bofaro ba le batlhano ba ba umakiwang ka maina (Shishake, So, Tirehaka, Neko, Hofera), mme ba bangwe ga ba umakiwe ka maina, go akaretsa le ba ba neng ba dirisana le Aborahame, Moshe le Josefa.—Ek 15:4; Bar 9:17.

  • Fathome.

    Ke sedirisiwa se seleele se se dirisiwang go lekanya boteng jwa metsi mme se boleele jwa dimitara di le 1,8. (Dit 27:28)—Bona Dintlha B14.

  • Filisitia, Bafilisitia.

    Ke naga e e ka fa lotshitshing lo lo ka fa borwa jwa Iseraele e e neng ya bidiwa Filisitia. Batho ba ba neng ba tswa kwa Kereta ba ba ileng ba aga koo ba ne ba bidiwa Bafilisitia. Dafide o ne a ba fenya, le fa go ntse jalo ba ne ba tswelela ba ipusa e bile e le baba ba Baiseraele. (Ek 13:17; 1Sa 17:4; Amo 9:7)—Bona Dintlha B4.

G

  • Garanata.

    Ke leungo le le bopegileng jaaka apole le le nang le tlhogo e nnye. Le na le dithotse tse dikhibidu tse di nang le metsi a a botshe. Go ne go dirilwe mokgabisa o o tshwanang le leungo leno kwa tlase mo seaparong se se botala jwa loapi se se nang mabogo sa moperesiti yo mogolo. Mokgabiso ono o ne o dirilwe le mo ditlhogong tsa dipilara tse di fa pele ga tempele tse di bidiwang Jakine le Boase.—Ek 28:34; Dip 13:23; 1Dk 7:18.

  • Gehena.

    Ke leina la Segerika la Mokgatšha wa Hinoma, o o kwa borwa le kwa borwabophirima jwa Jerusalema wa bogologolo. (Jer. 7:31) Ka tsela ya boporofeti, le ne le tlhalosiwa e le lefelo le go neng go latlhelwa ditopo kwa go lone. (Jer. 7:32; 19:6) Ga go na bosupi jo bo bontshang gore go ne go latlhelwa diphologolo kgotsa batho kwa Gehena gore ba fisiwe ba tshela kgotsa ba bogisiwe. Ka jalo, lefelo leno ga le tshwantshetse lefelo lengwe le le sa bonaleng, kwa meya ya batho e bogisiwang teng ka bosakhutleng mo molelong. Go na le moo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba dirisa Gehena go tshwantshetsa katlholo ya bofelo ya “loso lwa bobedi,” e leng go senngwa kgotsa go fedisiwa gotlhelele.—Tsh 20:14; Mat 5:22; 10:28.

  • Gera.

    Selekanyabokete se se lekanang le digerama di le 0.57. Digera di le 20 di ne di lekana le shekele e le nngwe. (Lef 27:25)—Bona Dintlha B14.

  • Gileade.

    Totatota, Gileade ke karolo e e nang le mmu o o nonneng e e kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane, e e anamelang kwa bokone le kwa borwa jwa Mokgatšha wa Jaboke. Ka dinako tse dingwe leina leno le ne le dirisiwa go bitsa naga yotlhe ya Iseraele e e kwa botlhaba jwa Joredane, kwa ditso tsa ga Rubene, Gada le halofo ya lotso lwa ga Manase di neng di nna gone. (Dip 32:1; Jos 12:2; 2Dk 10:33)—Bona Dintlha B4.

  • Gitithe.

    Ke lefoko le le dirisiwang mo mminong le go sa itsiweng bokao jwa lone, le fa gone go lebega le tserwe mo lefokong la Sehebera gath. Bangwe ba dumela gore e ka tswa e le molodi o o amanang le dipina tsa fa go dirwa beine, ka gonne gath e raya segatisetso sa beine.—Ps 81:Maf.

  • Go baya diatla.

    Motho o ne a bewa diatla fa a tlhomiwa go dira tiro nngwe e e kgethegileng kgotsa fa a segofadiwa, a fodisiwa kgotsa a newa mpho ya moya o o boitshepo. Ka dinako tse dingwe diphologolo di ne di bewa diatla pele ga di ntshiwa setlhabelo.—Ek 29:15; Dip 27:18; Dit 19:6; 1Ti 5:22.

  • Go dirisana le badimo.

    Ke tumelo ya gore meya ya batho ba ba suleng e tswelela e tshela fa motho a swa le gore e kgona go bua le batho ba ba tshelang, segolobogolo e ikgolaganya le motho yo o buang le meya yo gantsi a tlhotlhelediwang ke meya eo. Lefoko la Segerika phar·ma·ki′a le le ranotsweng e le “ba ba dirisanang le badimo,” totatota le kaya “go dirisa diokobatsi.” Lefoko leno le ne la amana le go dirisa badimo ka gonne bogologolo batho ba ne dirisa diokobatsi fa ba bitsa maatla a madimona gore ba kgone go dira boloi.—Bag 5:20; Tsh 21:8.

  • Go ikwatlhaya.

    Tsela e le lefoko leno le dirisitsweng ka yone mo Baebeleng, le kaya go fetola mogopolo mo go tlhotlhelediwang ke go ikwatlhaya go tswa pelong ka ntlha ya tsela e motho a neng a tshela ka yone pele, ditiro tse di sa siamang kgotsa se a paletsweng ke  go se dira. Go ikwatlhaya ga mmatota go na le diphelelo tse di molemo, go tlhotlheletsa motho go dira diphetogo.—Mat 3:8; Dit 3:19; 2Pe 3:9.

  • Go ineela mo Modimong.

    Ke go tlotla Jehofa Modimo, go mo obamela, go mo direla le go ikanyega mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo lotlhe.—Dit 3:12; 1Ti 3:16.

  • Go itima dijo.

    Go sa je dijo go fitlha ka nako e e rileng. Baiseraele ba ne ba itima dijo ka Letsatsi la Tetlanyo, fa ba le mo tlalelong le fa ba ne ba tlhoka gore Modimo a ba kaele. Bajuda ba ne ba itima dijo ganê mo ngwageng go gopola ditiragalo tsa botlhokwa mo botshelong jwa bone. Bakeresete ga ba laelwe gore ba itime dijo.—Esr 8:21; Isa 58:6; Luk 18:12.

  • Go nna gone.

    Mo ditemaneng dingwe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mafoko ano a kaya go nna gone ga ga Jesu Keresete e le kgosi go simologa ka nako ya fa a ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bomesia go fitlha mo bokhutlong jwa malatsi ano a bofelo. Go nna gone ga ga Keresete ga se go tla ka nakonyana fela a bo a tsamaya; go na le moo, ke lobaka lo lo rileng lo lo tshwailweng.—Mat 24:3.

  • Go photha; seboana.

    Go photha ke go ntsha dijo tsa ditlhaka mo lotlhakeng o di kgaoganya le mmoko; seboana ke lefelo le go phothelwang mo go lone. Batho ba ne ba photha ba dirisa dithobane, kgotsa fa thobo e le ntsi go ne go dirisiwa sedirisiwa se se kgethegileng se se jaaka selei se se phothang, se se gogwang ke diphologolo. Sedirisiwa seo se ne se tsamaya mo godimo ga dijo tsa ditlhaka tse di adilweng mo seboaneng, e leng lefelo le le kgolokwe le le sephaphathi, le gantsi le neng le tsholetsegile e bile le le mo phefong.—Lef 26:5; Isa 41:15; Mat 3:12.

  • Go ronopa.

    Ke go phutha dijalo tse barobi ba di tlogetseng kwa morago ka boomo kgotsa e se ka boomo. Molao wa ga Moshe o ne o laela batho gore ba se ka ba roba matlhakore a tshimo ya bone gotlhelele kgotsa ba phutha maungo a bone otlhe a motlhware kgotsa a morara. Modimo o ne a neile bahumanegi, batho ba ba bogang, batswakwa, dikhutsana le batlholagadi tshwanelo ya go phutha se se setseng fa go sena go robiwa.—Ru 2:7.

  • Go rupa.

    Go kgaolo letlalo la serwe sa bonna. E ne le molao gore Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe ba rupe, mme ga e sa tlhole e le molao mo Bakereseteng gompieno. Gape go rupa go dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo maemong a mangwe.—Ge 17:10; 1Bk 7:19; Baf 3:3.

H

  • Hadese.

    Ke lefoko la Segerika le le tsamaisanang le lefoko la Sehebera “Sheole.” Fa le ranotswe e le “Lebitla” (le le simololang ka tlhaka e tona), le kaya gore motho o sule.—Bona LEBITLA.

  • Heremese.

    Ke modimo wa Bagerika, morwa Seuse. Fa Paulo a ne a le kwa Lisetera, batho ba ile ba mmitsa Heremese ba akantse ka tiro ya modimo yono ya go nna morongwa yo o romilweng ke medimo le gore ke modimo yo o nang le bokgoni jwa go bua.—Dit 14:12.

  • Herode.

    Ke leina la lelapa la segosi la batho ba ba neng ba busa Bajuda ba tlhomilwe ke Roma. Herode yo Mogolo o ne a itsege ka go aga tempele ya Jerusalema sesha le ka go ntsha taelo ya gore bana ba bolawe ka boikaelelo jwa go bolaya Jesu. (Mat 2:16; Luk 1:5) Barwa ba ga Herode yo Mogolo e bong Herode Arekelao le Herode Antipase, ba ne ba tlhomiwa go busa dikarolo dingwe mo bogosing jwa ga rraabone. (Mat 2:22) Antipase e ne e le mmusi wa kgaolo yo o neng a itsege e le “kgosi” e e neng e busa ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu jwa dingwaga tse tharo le halofo go fitlha ka nako ya ditiragalo tse di tlhalosiwang mo go Ditiro kgaolo 12. (Mar 6:14-17; Luk 3:1, 19, 20; 13:31, 32; 23:6-15; Dit 4:27; 13:1) Morago ga moo, Herode Ageripa I, setlogolo sa ga Herode yo Mogolo, o ne a bolawa ke moengele wa Modimo a sena go busa ka lobaka lo lokhutshwane. (Dit 12:1-6, 18-23) Morwawe e bong Herode Ageripa II o ne a busa go fitlha ka nako ya fa Bajuda ba ne ba tlhanogela Roma.—Dit 23:35; 25:13, 22-27; 26:1, 2, 19-32.

  • Higaione.

    Ke lefoko le le dirisiwang go kaela baopedi mo mminong. Jaaka le dirisitswe mo go Pesalema 9:16, le ka tlhalosa modumo o o kwa tlase wa harepa kgotsa go didimala ka lobakanyana mo go thusang motho gore a kgone go akanyetsa kwa teng.

  • Hine.

    Ke nkgwana e e neng e dirisiwa go lekanya dilo tse di elelang. E lekana le dilitara di le 3,67. (Ek 29:40)—Bona Dintlha B14.

  • Homere.

    Ke sedirisiwa se se lekanyang dilo tse di sa eleleng se se tsamaisanang le koro. Go ya ka selekanyo sa bata se se fopholediwang, e lekana le dilitara di le 220. (Lef 27:16)—Bona Dintlha B14.

  • Horeba; Thaba ya Horeba.

    Ke kgaolo e e nang le dithata e e dikologileng Thaba ya Sinai. Ke  leina le lengwe la Thaba ya Sinai. (Ek 3:1; Dut 5:2)—Bona Dintlha B3.

I

  • Ifa.

    E ne e le selekanyo sa dilo tse di sa eleleng gape e le leina la sedirisiwa se se neng se dirisiwa go lekanya dijo tsa ditlhaka. Selekanyo sa ifa se ne se lekana le selekanyo sa bata se le bogolo jwa dilitara di le 22. (Ek 16:36; Esk 45:10)—Bona Dintlha B14.

  • Ilirikomo.

    Ke porofense ya Roma e e kwa bokonebophirima jwa Gerika. Fa Paulo a ntse a dira tiro ya gagwe ya go rera o ne a ya go fitlha kwa lefelong leo, mme ga go tlhalosiwe gore a o ne a rera teng kgotsa o ne a feta teng fela. (Bar 15:19)—Bona Dintlha B13.

  • Iseraele.

    Ke leina le Modimo a neng a le naya Jakobe. Le ne la dirisiwa go bitsa ditlogolwana tsa gagwe tsotlhe. Gantsi ditlogolwana tsa bomorwa Jakobe ba ba 12 di ne di bidiwa bomorwa Iseraele, batho ba Iseraele kgotsa Baiseraele. Gape leina Iseraele le ne le dirisiwa go bitsa bogosi jo bo kwa bokone jwa ditso di le lesome jo bo neng bo ikgaogantse le bogosi jo bo kwa borwa, mme moragonyana le ne la dirisiwa mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, e leng “Iseraele wa Modimo.”—Bag 6:16; Ge 32:28; 2Sa 7:23; Bar 9:6.

J

  • Jakobe.

    Ke morwa wa ga Isake le Rebeka. Moragonyana Modimo o ne a mmitsa Iseraele mme a nna tlhogo ya batho ba Iseraele (ba gape ba neng ba bidiwa Baiseraele ba bo ba bidiwa Bajuda moragonyana). O ne a na le bana ba basimane ba le 12, mme bone le ditlogolwana tsa bone, ba ne ba nna ditso di le 12 tsa setšhaba sa Iseraele. Leina Jakobe le ne la tswelela le dirisiwa go bitsa setšhaba kgotsa batho ba Iseraele.—Ge 32:28; Mat 22:32.

  • Jeduthune.

    Ke lefoko le go sa itsiweng bokao jwa lone le le tlhagelelang mo mafokong a a mo godimo ga Pesalema 39, 62 le 77. Go lebega mafoko ano e le ditaelo tsa gore pesalema eo e tshamekiwe jang, gongwe a bontsha mokgwa o e tshwanetseng go tshamekiwa ka yone kgotsa seletswa se se tshwanetseng go dirisiwa. Go ne go na le moopedi mongwe wa Molefi yo o neng a bidiwa Jeduthune, ka jalo mokgwa ono wa go opela kgotsa seletswa sa teng, se ka tswa se ne se amanngwa le ene kgotsa le barwa ba gagwe.

  • Jehofa.

    Ke leina le le dirisitsweng go ranola Thaterakeramatone (e leng ditlhaka tse nnê tsa Sehebera tse di emelang leina la Modimo), mme leina leno le tlhaga makgetlo a feta 7 000 mo Baebeleng eno.—Bona Dintlha A4 le A5.

  • Jokwe.

    Ke kota e e neng e bewa mo magetleng a motho, mme go ne go pegwa merwalo mo letlhakoreng lengwe le lengwe la yone kgotsa e ne e le logong kgotsa foreimi e e neng e pegwa mo melaleng ya diphologolo tse pedi (gantsi dikgomo) fa di goga sedirisiwa sa go lema kgotsa kara. E re ka gantsi makgoba a ne a dirisa dijokwe go rwala merwalo e e bokete, jokwe e ne e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go emela bokgoba kgotsa go ikobela motho yo mongwe, gape e ne e emela go gatelelwa le go boga. Go ntsha jokwe kgotsa go e robaganya go ne go tshwantshetsa go gololesega mo bokgobeng, mo kgatelelong le mo go sotliweng.—Lef 26:13; Mat 11:29, 30.

  • Jubile.

    Ke ngwaga mongwe le mongwe wa bo50, o o neng wa simolola go balwa fa Baiseraele ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Lefatshe le ne le sa tshwanela go lemiwa ka ngwaga ono e bile Bahebera ba e leng batlhanka ba ne ba tshwanetse go gololwa. Mafatshe a boswa a a neng a rekisitswe a ne a busediwa beng ba bone. Totatota, ka Jubile go ne go ketekiwa ngwaga otlhe. E ne e le ngwaga wa kgololesego o o neng o gopotsa setšhaba maemo a ba neng ba a itumelela kwa tshimologong fa Modimo a ne a ba tlhopha go nna setšhaba sa gagwe.—Le 25:10.

  • Juda.

    E ne e le morwa wa bonê wa ga Jakobe yo a neng a mo tsholetswe ke Lea. Mo boporofeting jo Jakobe a neng a bo bua fa a ne a tloga a swa, o ne a bolelela pele gore mmusi yo mogolo le yo o tla nnelang ruri o tla tswa mo losikeng lwa ga Juda. Jesu e ne e le setlogolwana sa Juda. Gape leina Juda le kaya lotso mme moragonyana le ne la dirisiwa go bitsa bogosi jo bo bidiwang ka Juda. Juda e ne le bogosi jo bo kwa borwa, jo bo neng bo dirilwe ka Baiseraele ba lotso lwa Juda le lwa Benjamine mme bo ne bo na le baperesiti le Balefi. Bajuda ba ne ba nna kwa karolong e e kwa borwa e e neng e akaretsa Jerusalema le tempele.—Ge 29:35; 49:10; 1Dk 4:20; Bah 7:14.

K

  • Kaba.

    E ne e dirisiwa go lekanya dilo tse di sa eleleng e bile e ne e lekana le dilitara di le 1,22 go ikaegile ka selekanyo sa bata. (2Dk 6:25)—Bona Dintlha B14.

  • Kaesara.

    Leina la lelapa lengwe la Baroma le le neng la simolola go dirisiwa fa go buiwa ka  babusi ba Roma. Aguseto, Tiberio, Kalaudio ba umakiwa ka maina mo Baebeleng mme le fa Nero a sa umakiwe mo Baebeleng, leina leno la Kaesara le ene le a mo akaretsa. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika leina “Kaesara” le emela Puso.—Mar 12:17; Dit 25:12.

  • Kaladia; Bakaladia.

    E ne e le naga le batho ba ba neng ba nna fa thoko ga noka ya Tigris le ya Euferatese; mme morago maina ano a ile a dirisiwa fa go buiwa ka kgaolo ya Babelonia le batho ba ba nnang mo go yone. Gape lefoko “Bakaladia” le ne le dirisiwa fa go buiwa ka batho ba ba rutegileng ba ba neng ba ithutile saense, hisitori, dipuo le ka dinaledi mme gape le ne le akaretsa balepadinaledi le ba ba dirang boselamose.—Esr 5:12; Dan 4:7; Dit 7:4.

  • Kanana.

    Ke setlogolwana sa ga Noa e bile ke ngwana wa bonê wa ga Hame. Ditso di le 11 tse di neng di tswa mo go Kanana di ne tsa ya go nna kwa kgaolong e e kwa botlhaba jwa Lewatle la Mediterranean e e mo magareng ga Egepeto le Siria. Kgaolo eo e ne ya bidiwa ‘lefatshe la Kanana.’ (Lef 18:3; Ge 9:18; Dit 13:19)—Bona Dintlha B4.

  • Kara.

    E ne e dirisiwa thata kwa ntweng, e na le maotwana a mabedi e bile e gogwa ke dipitse.—Ek 14:23; Baa 4:13; Dit 8:28.

  • Karolo ya bolesome (ditsabosome).

    Ke karolo e le nngwe mo go tse di lesome kgotsa diperesente di le lesome tse di neng di ntshiwa e le sehuba, segolobogolo di ntshediwa kobamelo. Gape e bidiwa “ditsabosome.” (Mal 3:10; Dut 26:12; Mat 23:23) Mo Molaong wa ga Moshe, karolo ya bolesome ya thobo, ya motlhape kgotsa ya letsomane e ne e newa Balefi ngwaga le ngwaga e le go ba thusa. Balefi ba ne ba naya baperesiti ba losika lwa ga Arone karolo ya bolesome e le go ba thusa. Go ne go na le dikarolo tse dingwe tsa bolesome. Bakeresete ga ba tlhoke go ntsha ditsabosome.

  • Kasia.

    Ke leungo la setlhare sa kasia (Cinnamomum cassia), mofuta wa setlhare se se tshwanang le setlhare sa sinamone. Kasia e ne e dirisiwa e le senkgisamonate gape e ne e tsenngwa mo leokwaneng le le boitshepo le le tlotsang.—Ek 30:24; Ps 45:8; Esk 27:19.

  • Kemoshe.

    Modimo yo mogolo wa Bamoabe.—1Dk 11:33.

  • Keresete.

    Ke sereto se Jesu a bidiwang ka sone mme se tswa mo lefokong la Segerika Khri·stos′, gape le tshwana le lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “Mesia” kgotsa “Motlodiwa.”—Mat 1:16; Joh 1:41.

  • Kgarebane.

    Lefoko la Sehebera bethu·lah′ le kaya mosadi yo a iseng a ko a nyalwe e bile a ise a ko a tlhakanele dikobo. Le fa go ntse jalo, lefoko la Segerika par·the′nos le ka kaya banna ba ba sa nyalang le basadi ba ba sa nyalwang.—1Bk 7:25, 36-38.

  • Kgetsana ya sehuba.

    Ke kgetsana e e kgomareditsweng maje a a tlhwatlhwakgolo e moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele a neng a e apara mo godimo ga pelo fa a tsena mo lefelong le le Boitshepo. E ne e bidiwa “kgetsana ya sehuba ya katlholo” ka gonne e ne e na le Urime le Thumime, tse di neng di dirisiwa go senola dikatlholo tsa ga Jehofa. (Ek 28:15-30)—Bona Dintlha B5.

  • Kgokafalo.

    Bona BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG JWA TLHAKANELODIKOBO.

  • Kgolagano.

    Ke tumalano e Modimo a e dirang le batho kgotsa e batho ba le babedi ba e dirang ba ikana gore ba tla dira sengwe kgotsa ga ba kitla ba se dira. Ka dinako tse dingwe ke motho a le mongwe yo a neng a tshwanelwa ke go diragatsa se go dumalanweng ka sone (kgolagano e e dirwang ke motho a le mongwe, e e neng e le tsholofetso). Ka dinako tse dingwe se go dumalanweng ka sone se ne se dirwa ke batho ba le babedi. Kwantle ga dikgolagano tse Modimo a neng a di dira le batho, gape Baebele e umaka dikgolagano tse di neng di dirwa ke batho, merafe, ditšhaba kgotsa ditlhopha tsa batho. Dingwe tsa dikgolagano tsa botlhokwa ke tse Modimo a neng a dira le Aborahame, Dafide, setšhaba sa Iseraele (Kgolagano ya Molao) le Iseraele wa Modimo (kgolagano e ntšha).—Ge 9:11; 15:18; 21:27; Ek 24:7; 2Dt 21:7.

  • Kgosigadi ya Legodimo.

    Ke sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba batlhanogi ka nako ya ga Jeremia. Bangwe ba akanya gore leina leno le kaya modimo wa mosadi wa Babelona yo o bidiwang Ishtar (Astarte). Leina la modimo yo mongwe wa kwa Sumeria yo o bidiwang Inanna, le kaya “Kgosigadi ya Legodimo.” Kwantle ga gore o amanngwa le magodimo, e ne e le modimo wa mosadi wa tsalo. Gape Astarte o bidiwa “Mosadi wa Legodimo” mo mekwalong ya kwa Egepeto.—Jer 44:19.

  • Kgwathisa.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko leno le kaya go betsa motho ka seme se se nang le mahuto kgotsa dintlhana tse di segang.—Joh 19:1.

  •  Khiba.

    Moperesiti yo mogolo o ne a apara khiba e e kgethegileng e e neng e na le kgetsana ya sehuba e e nang le maje a a tlhwatlhwakgolo a le 12. (Ek 28:4, 6)—Bona Dintlha B5.

  • Khuti e e kwa tengteng.

    Lefoko la Segerika la a′bys·sos le kaya sengwe se se “kwa tengteng thata” kgotsa “se go se nang kwa se felelang gone.” Le dirisitswe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika go tlhalosa lefelo la go tshwarwa kgotsa seemo sa go sa kgone go dira sepe gotlhelele. Lefoko leno gape le akaretsa lebitla.—Luk 8:31; Bar 10:7; Tsh 20:3.

  • Khuti ya go bolokela metsi.

    Ke khuti e e epilweng gore e dirisiwe go boloka metsi. E diretswe gore metsi a pula a kgone go ema mo go yone kgotsa metsi a a tswang mo metsweding e mengwe a tsene mo go yone. Gantsi dikhuti tseno di a khurumelwa.—2Dt 26:10.

  • Khutsafalo.

    Tsela e motho a lebegang ka yone ka ntlha ya go bo a tlhokafaletswe kgotsa a wetswe ke masetlapelo mangwe. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go ne go tlwaelegile gore batho ba hutsafale lobaka lo lo rileng. Kwantle ga go lela ba goa, batho ba ba hutsafalang ba ne ba apara diaparo tse di kgethegileng, ba itshela melora mo ditlhogong, ba gagola diaparo tsa bone e bile ba ititaya mo dihubeng. Ka dinako tse dingwe, ditswerere tsa go hutsafala di ne di lalediwa kwa diphitlhong.—Ge 23:2; Est 4:3; Tsh 21:4.

  • Kiselefe.

    Ke leina la kgwedi ya borobongwe mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya boraro mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya November go fitlha kwa bogareng jwa kgwedi ya December. (Neh 1:1; Sek 7:1)—Bona Dintlha B15.

  • Kolobetso; Kolobetsa.

    Lefoko leno le kaya “go tsenya” kgotsa go ina mo metsing. Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go kolobediwa. Gape Baebele e bua ka kolobetso ya ga Johane, ya moya o o boitshepo le ya molelo.—Mat 3:11, 16; 28:19; Joh 3:23; 1Pe 3:21.

  • Kopano.

    Ke fa setlhopha sa batho se kopane mmogo. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka kopano ya Baiseraele ba tla go keteka meletlo ya bodumedi kgotsa ditiragalo dingwe tse di botlhokwa mo go bone.—Dut 16:8; 1Dk 8:5.

  • Korale.

    Ke sengwe se se thata se se dirilweng ka marapo a mannye a diphologolo tse di mo lewatleng. Dikorale di na le mebala e e farologaneng, go na le tse dikhibidu, tse ditshweu le tse dintsho. Di ne di fitlhelwa thata kwa Lewatleng le Lehibidu. Ka nako ya ditiragalo tsa Baebele, dikorale tse dikhibidu di ne di tura e bile go ne go dirwa dibaga le mekgabisa ka tsone.—Dia 8:11.

  • Koro.

    E ne e dirisiwa go lekanya dilo tse di elelang le dilo tse tse di sa eleleng e bile e ne e lekana le dilitara di le 220 go ikaegile ka selekanyo sa bata. (1Dk 5:11)—Bona Dintlha B14.

  • Korong e e tlhabang.

    Ke korong ya maemo a a kwa tlase (Triticum spelta), e ditlhaka tsa yone di sa kgoneng go kgaogana motlhofo le mmoko.—Ek 9:32.

  • Kota.

    Ke pale e e tlhamaletseng e batho ba neng ba kokotelwa mo go yone. Mo ditšhabeng tse dingwe batho ba ne ba bolaelwa mo go yone kgotsa go ne go kalediwa ditopo mo go yone e le go tlhagisa ba bangwe kgotsa go tlontlolola motho yoo phatlalatsa. Baasiria ba ba neng ba itsege ka bosetlhogo jo bo feteletseng, ba ne ba bolaya batshwarwa ka go ba tlhaba ka dikota tse di motswi, mme dikota tseo di ne di ba tlhaba mo dimpeng di bo di ya go tlhaga mo dihubeng ba bo ba ba kaletsa. Mme mo molaong wa Bajuda, batho ba ba neng ba dirile melato e e masisi e e jaaka go tlhapatsa kgotsa go obamela medingwana, ba ne ba bolawa pele ka go kgobotlediwa ka maje kgotsa ka tsela e nngwe, go tswa foo ditopo tsa bone di bo di kalediwa mo dikoteng kgotsa mo ditlhareng e le go tlhagisa ba bangwe. (Dut 21:22, 23; 2Sa 21:6, 9) Ka dinako tse dingwe Baroma ba ne ba bofelela motho mo koteng e le gore a kgone go tshela malatsinyana pele a ka swa ka ntlha ya ditlhabi, lenyora, tlala le mogote wa letsatsi. Mo maemong a mangwe, jaaka ba ile ba dira fa ba ne ba bolaya Jesu, ba ne ba kokotela matsogo le maoto a motho mo koteng. (Luk 24:20; Joh 19:14-16; 20:25; Dit 2:23, 36)—Bona KOTA YA TLHOKOFATSO.

  • Kota e e boitshepo.

    Lefoko la Sehebera (ʼashe·rahʹ) le le kayang (1) kota e e boitshepo e e emelang Ashera, modimo wa mosadi wa tsalo wa Bakanana, kgotsa (2) setshwantsho sa ga Ashera ka boene. Go lebega dikota tseno di ne di tlhamaletse, mme karolo e nngwe ya tsone e ne e dirilwe ka logong. E ka tswa e ne e le dikota tse di sa betliwang kgotsa e le ditlhare.—Dut 16:21; Baa 6:26; 1Dk 15:13.

  •  Kota ya tlhokofatso.

    Ke tsela e lefoko la Segerika stau·ros′ le ranolwang ka yone, le le kayang kota kgotsa pale e e tlhamaletseng e e tshwanang le e Jesu a neng a bolaelwa mo go yone. Ga go na bosupi jo bo bontshang gore lefoko leno la Segerika le kaya sefapaano, se baheitane ba sa bolong go se dirisa e le letshwao la bodumedi makgolokgolo a dingwaga pele ga Keresete a tla mo lefatsheng. “Kota ya tlhokofatso” e tlhalosa bokao jwa mmatota jwa lefoko leno, e re ka lefoko stau·ros′ gape le dirisiwa go tlhalosa go utlwisiwa botlhoko, go boga, le go tlhabisiwa ditlhong mo balatedi ba ga Jesu ba neng ba tla lebana le gone. (Mat 16:24; Bah 12:2)—Bona KOTA.

  • Kubita.

    Boleele jwa go tswa mo sekgonong go fitlha kwa monwaneng o o fa gare wa seatla. Gantsi Baiseraele ba ne ba dirisa kubita ya selekanyo sa 44,5 cm, gape ba ne ba dirisa kubita e kgolwane e e neng e feta eo ka bophara jwa seatla ya selekanyo sa 51,8 cm. (Ge 6:15; Luk 12:25)—Bona Dintlha B14.

L

  • Labedanume.

    Ke leokwane le le nkgang monate le le neng le tswa mo dimeleng kgotsa mo ditlhareng dingwe. Le ne le dirisiwa e le molemo e bile e le senkgisamonate mme le ne le tsewa le le tlhwatlhwakgolo.

  • Lebano.

    Ke matute a a omeletseng (borekhu) a a tswang mo ditlhareng le ditlhatshaneng tsa setlhare sa Boswellia. Fa le ne le fisiwa, le ne le ntsha monko o o monate. Le ne le dirisiwa fa go dirwa maswalo a a boitshepo a a neng a dirisiwa kwa motlaaganeng le kwa tempeleng. Gape le ne le isiwa mmogo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka e bile le bewa fa senkgwe se se ntshediwang Modimo se neng se nna gone mo karolong e e Boitshepo.—Ek 30:34-36; Lef 2:1; 24:7; Mat 2:11.

  • Lebitla.

    Mo makgetlong a le mantsi, lefoko “lebitla” le ranola lefoko la Sehebera “Sheole” le la Segerika “Hadese.” Mafoko ano a kaya lefelo la tshwantshetso le le emelang boemo jwa baswi. Ka sekai, fa Baebele e re motho o “mo lebitleng” e raya gore motho yoo o sule. Baebele e bontsha gore batho ba ba suleng ga ba kgone go dira sepe kgotsa go utlwa sepe gotlhelele.—Ps 16:10; Mor 9:10; Dit 2:31.

  • Lebitla la kgakologelo.

    Ke lefelo le go fitlhiwang ditopo mo go lone. Polelwana eno e ranola lefoko la Segerika mne·mei′on, le le tswang mo lediring le le kayang “go gakolola,” e le go bontsha gore motho yo o suleng o a gakologelwa.—Joh 5:28, 29.

  • Lefelo le le boitshepo.

    Ke lefelo le le tlhophilweng gore go obamelwe mo go lone. Mme gantsi mafoko ano a dirisiwa fa go buiwa ka motlaagana kgotsa tempele e e neng e le kwa Jerusalema. Gape a dirisiwa fa go buiwa ka lefelo le Modimo a nnang mo go lone kwa magodimong.—Ek 25:8, 9; 2Dk 10:25; 1Dt 28:10; Tsh 11:19.

  • Lefelo le le kwa godimo le le boitshepo.

    Ke lefelo la kobamelo le gantsi le neng le le kwa godimo ga thota, thaba kgotsa serala. Le fa ka dinako tse dingwe mafelo ano a ne a dirisediwa go obamela Modimo, gantsi a amanngwa le kobamelo ya medimo ya maaka.—Dip 33:52; 1Dk 3:2; Jer 19:5.

  • Lefi; Molefi.

    Ke morwa wa boraro wa ga Jakobe yo a neng a mo tsholetswe ke Lea, gape ke leina la lotso lo lo bidiwang ka ene. Barwa ba gagwe ba bararo e ne ya nna bone ba ntlha go simolola ditlhopha tse tharo tsa Balefi. Ka dinako tse dingwe, lefoko “Balefi” le dirisiwa go bitsa lotso lotlhe, mme gantsi ga le akaretse lelapa la boperesiti la ga Arone. Lotso lwa ga Lefi lo ne lo sa abelwa naga mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme gone lo ne lo neilwe metse e le 48 mo dikarolong tsa naga tse di neng di abetswe ditso tse dingwe.—Dut 10:8; 1Dt 6:1; Bah 7:11.

  • Lefiathane.

    Ke phologolo e e itsegeng ka go nna mo metsing. Mo go Jobe 3:8 le 41:1, go lebega go buiwa ka kwena kgotsa ka phologolo nngwe e kgolo, e e maatla e e nnang mo metsing. Mo go Pesalema 104:26, go ka tswa go buiwa ka leruarua la mofuta mongwe. Mme mo ditemaneng dingwe e dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso mme ga e amanngwe le phologolo epe.—Ps 74:14; Isa 27:1.

  • Leitibolo.

    Ke morwa wa ntlha mo letlhakoreng la ga rre (e seng mo letlhakoreng la ga mmê). Mo motlheng wa Baebele, ngwana wa ntlha wa mosimane o ne a tsewa a le botlhokwa mo lelapeng mme o ne a newa maikarabelo a go nna tlhogo ya lelapa fa rre a tlhokafetse. Gape lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka ngwana wa ntlha yo motonanyana wa diphologolo.—Ek 11:5; 13:12; Ge 25:33; Bak 1:15.

  • Leje la sekhutlo.

    Ke leje le le bewang mo khoneng ya kago mo dipota tse pedi di kopanang gone mme le thusa go kopanya le go nonotsha dipota tseo. Leje la sekhutlo la motheo e ne e lone leje la sekhutlo le le  botlhokwa thata; leje la sekhutlo le le neng le nonofile le ne le dirisiwa go aga dikago le dipota tsa metse. Mafoko ano a dirisiwa go tshwantshetsa go thaiwa ga lefatshe mme Jesu o tlhalosiwa e le “leje la sekhutlo la motheo” la phuthego ya Bokeresete e e tshwantshiwang le ntlo e e agilweng ka moya wa Modimo.—Bae 2:20; Job 38:6.

  • Lekoko.

    Ke setlhopha sa batho ba ba ngaparetseng kgopolo e e rileng kgotsa moeteledipele mongwe e bile ba na le tumelo ya bone. Lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka ditlhopha tse pedi tse di tumileng tsa tumelo ya Sejuda, e leng Bafarasai le Basadukae. Batho ba e neng e se Bakeresete ba ne ba bitsa Bakeresete ba re ke “lekoko” kgotsa ‘lekoko la Banasaretha.’ Ba ne ba ba bitsa jalo ka gonne ba ne ba akanya gore ba dule mo tumelong ya Sejuda. Fa nako e ntse e tsamaya, go ile ga nna le makoko mo phuthegong ya Bokeresete; go buiwa ka “lekoko la ga Nikolase” mo bukeng ya Tshenolo.—Dit 5:17; 15:5; 24:5; 28:22; Tsh 2:6; 2Pe 2:1.

  • Lelwala.

    Ke leje le le kgolokwe le le neng le bewa fa godimo ga le lengwe le le tshwanang le lone mme le ne le dirisiwa go sila dijo tsa ditlhaka fa go dirwa bupi. Thobane e e neng e tsenngwa mo gare ga leje le le kwa tlase, e ne e thusa leje le le fa godimo gore le kgone go dikologa. Ka motlha wa ditiragalo tsa Baebele, mo malapeng a le mantsi go ne go na le lelwala la seatla le le neng le dirisiwa ke basadi. E re ka malapa a ne a ikaegile ka lelwala go bona se ba ka se jang, Molao wa ga Moshe o ne o thibela motho go tsaya lelwala la yo mongwe e le peeletso. Malwala a magolo a ne a pitikololwa ke diphologolo.—Dut 24:6; Mar 9:42.

  • Lepero; Molepero.

    Ke bolwetse jo bo kotsi jwa letlalo. Fa go buiwa ka lepero mo Baebeleng, ga go buiwe fela ka bolwetse jo gompieno bo itsegeng ka leina leo, ka gonne le ne le sa tshware batho fela mme gape le ne le tswa mo diaparong le mo matlong. Fa motho a tshwerwe ke lepero o bidiwa molepero.—Lef 14:54; Luk 5:12.

  • Lepetone.

    Ke ledi le lennye la kopore kgotsa la boronse le Bajuda ba neng ba le dirisa ka nako e go buiwang ka yone mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mo Dibaebeleng tse dingwe le ranotswe e le “sente” kgotsa “peni.” (Mar 12:42; Luk 21:2; dintlha tse di kwa tlase.)—Bona Dintlha B14.

  • Leroborobo.

    Ke bolwetse bope fela jo bo tshelanwang jo bo anamang ka bonako, mme bo ama matshelo a batho ka tsela e kgolo e bile bo bolaya. Gantsi bo amana le katlholo ya Modimo.—Dip 14:12; Esk 38:22, 23; Amo 4:10.

  • Letlole la kgolagano.

    Le ne le tshwana le lebokose mme le dirilwe ka logong lwa mokala lo lo manegilweng ka gauta mme le ne le beilwe mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo mo motlaaganeng le mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo mo tempeleng e e neng ya agiwa ke Solomone moragonyana. Mo godimo ga lone, go ne go na le ditšheruba tse pedi tse di neng di lebane e bile di dirilwe ka gauta. Le ne le na le dikwalelo tse pedi tse di neng di na le Melao e e Lesome. (Dut 31:26; 1Dk 6:19; Bah 9:4)—Bona Dintlha B5 le B8.

  • Letsatsi la go Baakanyetsa Sabata.

    Ke letsatsi le le tlang pele ga Sabata le Bajuda ba neng ba dira dithulaganyo tsotlhe tse ba neng ba tlhoka go di direla Sabata. Le ne le fela fa letsatsi le phirima ka letsatsi le gompieno le bidiwang Labotlhano, mme ka nako eo go bo go simologa letsatsi la Sabata. Letsatsi la Bajuda le ne le balwa go tloga maitseboa go fitlha maitseboa a letsatsi le le latelang.—Mar 15:42; Luk 23:54.

  • Letsatsi la Katlholo.

    Ke letsatsi le le rileng kgotsa nako ya fa Modimo a atlhola ditlhopha tsa batho, ditšhaba kgotsa batho ka kakaretso. E ka nna nako e ba ba atlholetsweng loso ba bolawang ka yone, kgotsa katlholo eo e ka naya bangwe tshono ya gore ba bolokwe mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ile ba bua ka “Letsatsi la Katlholo” la mo nakong e e tlang fa go tla bo go atlholwa batho ba ba tshelang le ba ba suleng.—Mat 12:36.

  • Letsatsi la Tetlanyo.

    Ke letsatsi le le boitshepo mo Baiseraeleng le gape le neng le bidiwa Yom Kippur (go tswa mo leineng la Sehebera la yohm hak·kip·pu·rim′, “letsatsi la go bipa”) e bile le ne le tshwarwa ka di10 tsa kgwedi ya Ethanime. Ka letsatsi leno moperesiti yo mogolo o ne a tsena mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo mo motlaaganeng mme moragonyana mo tempeleng. O ne a tsena gangwe fela mo ngwageng. Fa a ne a le mo phaposing eno, o ne a isa madi a setlhabelo sa maleo a gagwe, sa maleo a Balefi le sa maleo a batho ba bangwe. E ne e le letsatsi la kopano e e boitshepo le batho ba neng ba itima dijo ka lone e bile gape e ne e le letsatsi  la sabata, ba sa tshwanela go dira tiro epe.—Lef 23:27, 28.

  • Letsela la kgetsi.

    Ke letsela le le magwata le le neng le dirisiwa go dira disaka kgotsa dikgetsi, tse di tshwanang le tse di neng di tsenya dijo tsa ditlhaka. Gantsi le ne le dirwa ka boboa jwa dipodi jwa mmala o o tseneletseng e bile batho ba ne ba le apara fa ba hutsafetse.—Ge 37:34; Luk 10:13.

  • Letšha la molelo.

    Ke lefelo la tshwantshetso “le le tukang molelo o mogolo,” gape le tlhalosiwa e le “loso lwa bobedi.” Baleofi ba ba sa ikwatlhayeng, Diabolo, loso le Lebitla (kgotsa Hadese) di latlhelwa mo go lone. Lebaka la go bo go akarediwa sebopiwa sa semoya le loso le Hadese, e leng dilo tse di ka se amiweng ke molelo, le bontsha gore letšha leno ke la tshwantshetso. Ga se lefelo le batho ba fisiwang mo go lone ka bosakhutleng go na le moo, le kaya go senyediwa ruri.—Tsh 19:20; 20:14, 15; 21:8.

  • Leubelo.

    Ke sedirisiwa se se nyerolosang tshipi; se gape se neng se dirisiwa go omisa dinkgo. Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, maubelo a ne a dirwa ka ditena kgotsa maje. Gape leubelo le le omisang dinkgo le le le fisang kalaka, le ne le bidiwa bobesetso.—Ge 15:17; Dan 3:17; Tsh 9:2.

  • Loge.

    Ke sedirisiwa se se nnye thata se se lekanyang dilo tse di elelang se go buiwang ka sone mo Baebeleng. Mo molaong wa setso sa Bajuda, loge ke karolo e le nngwe mo dikarolong tse 12 tsa hine, ka jalo fa go dirisiwa selekanyo seo, loge e ka lekana le dilitara di le 0,31. (Lef 14:10)—Bona Dintlha B14.

  • Lolwapa.

    E ne e le lefelo le le ageletsweng go dikologa motlaagana mme moragonyana e ne e le lefelo le le ageletsweng ka lobota go dikologa dikago tsa tempele. Sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang se ne se le mo teng ga lolwapa lwa motlaagana le mo teng ga lolwapa lo lo mo teng lwa tempele. (Bona Dintlha B5, B8, B11.) Gape Baebele e bua ka malwapa a matlo le a matlo a segosi.—Ek 8:13; 27:9; 1Dk 7:12; Est 4:11; Mat 26:3.

  • Lonaka.

    Go buiwa ka dinaka tsa diphologolo, tse di neng di dirisiwa go nwela, go tshela leokwane, enke le dinkgisamonate, gape le ne le dirisiwa e le diletswa tsa mmino kgotsa didirisiwa tsa go tlhaba mokgosi. (1 Sam. 16:1, 13; 1 Dikg. 1:39; Esek. 9:2) Gape “lonaka” lo tshwantshetsa maatla le phenyo.—Dut 33:17; Mik 4:13; Sek 1:19.

  • Longana.

    Ke dimela tse di farologaneng tse di nang le tatso e e bogalaka e bile di nkga monate. Mo Baebeleng longana lo dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tsa boitsholo jo bo sa siamang, bokgoba, tshiamololo le botlhanogi. Mo go Tshenolo 8:11, “longana” le tlhalosa sengwe se se bogalaka e bile se na le botlhole, se gape se bidiwang absinthe.Tsh 8:11; Dut 29:18; Dia 5:4; Jer 9:15; Amo 5:7.

  • Lorato lo lo sa kgaotseng.

    Gantsi ke mafoko a a ranotsweng go tswa mo lefokong la Sehebera che′sedh mme a bua ka lorato lo lo tlhotlhelediwang ke go ineela, go ikanyega le go rata mongwe fela thata. A dirisiwa thata fa go tlhalosiwa tsela e Modimo a ratang batho ka yone, mme gape ke lorato lo batho ba ratanang ka lone.—Ek 34:6; Ru 3:10.

  • Lore lwa segosi.

    Ke thobane e mmusi a neng a e tshwara go bontsha gore o na le taolo.—Ge 49:10; Bah 1:8.

  • Lotlhaka.

    Ke lefoko le le dirisiwang go bitsa dimela di le dintsi tse di golang mo mafelong a a nang le metsi. Mo makgetlong a le mantsi, semela se go buiwang ka sone ke Arundo donax. (Job 8:11; Isa 42:3; Mat 27:29; Tsh 11:1)—Bona LOTLHAKA LO LO LEKANYANG.

  • Lotlhaka lo lo lekanyang.

    Lo ne lo le boleele jwa dikubita di le 6. Go ya ka kubita e e tlwaelegileng, lo ne lo le boleele jwa dimetara di le 2,67 mme go ya ka kubita e telele, lo ne lo le boleele jwa dimetara di le 3,11. (Esk 40:3, 5; Tsh 11:1)—Bona Dintlha B14.

M

  • Mabutswapele.

    Ke maungo a ntlha a paka ya thobo; diphelelo kgotsa melemo ya sengwe. Jehofa o ile a laela Baiseraele gore ba mo neye mabutswapele, e ka tswa e le a batho, diphologolo kgotsa a a tswang mo mmung. Baiseraele ba ne ba ntshetsa Modimo mabutswapele kwa Moletlong wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso le ka Pentekosete. Gape lefoko “mabutswapele” le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso fa le bua ka Keresete le batlodiwa ba gagwe.—1Bk 15:23; Dip 15:21; Dia 3:9; Tsh 14:4.

  • Madimona.

    Ke dibopiwa tse di bosula tsa moya tse di sa bonaleng e bile di na le maatla a a fetang a batho. Mo go Genesise 6:2 a bidiwa “bomorwa Modimo wa boammaaruri” e bile Jude 6 ya re ke “baengele” mme seno se bontsha gore a ne a sa bopiwa a le bosula; mme e ne e le baengele ba ba neng ba tlhanogela Modimo ka motlha wa ga Noa ba bo ba tlhopha go tsamaya le Satane.—Dut 32:17; Luk 8:30; Dit 16:16; Jak 2:19.

  •  Maena.

    Gape o bidiwa mane mo Esekiele. Ke sedirisiwa sa go lekanya bokete le boleng jwa madi. Go ya ka bosupi jwa baithutamarope jwa gore maena o lekana le dishekele di le 50, le gore shekele e bokete jwa digerama di le 11,4, seo se raya gore maena wa Dikwalo Tsa Sehebera o bokete jwa digerama di le 570. Go ka tswa go ne go na le maena wa segosi, fela jaaka go ne go ntse ka kubita. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, maena o lekana le diderakema di le 100. O ne o le bokete jwa digerama di le 340. Bomaena ba le 60 ba lekana le talenta. (Esr 2:69; Luk 19:13)—Bona Dintlha B14.

  • Mafoko a a mo godimo ga Dipesalema.

    Ke setlhogo se se mo godimo ga pesalema se se tlhalosang gore e kwadilwe ke mang, gore go ne go direga eng, se se tlhalosang ditaelo tsa mmino kgotsa gore pesalema eo e dirisiwa jang le boikaelelo jwa yone.—Bona mafoko a a mo godimo ga Dipesalema 3, 4, 5, 6, 7, 30, 38, 60, 92, 102.

  • Mahalathe.

    Go bonala e le lefoko le le dirisiwang mo mminong mme le fitlhelwa mo mafokong a a mo godimo ga Pesalema 53 le 88. Le ka tswa le amana le lediri la Sehebera le le kayang “go koafala; go lwala,” mme ka tsela eo le bontsha lentswe le le kwa tlase e bile le utlwile botlhoko. Mme seo se dumalana le mafoko a dipina tseno tse pedi tse di utlwisang botlhoko.

  • Maikano.

    Ke mafoko a motho a a buang fa a ikana a tlhomamisa gore sengwe se boammaaruri, kgotsa ke tsholofetso e e kgethegileng ya gore motho o tla dira sengwe kgotsa ga a kitla a se dira. Gantsi ke maikano a o a direlang motho yo o tlotlegang, segolobogolo Modimo. Jehofa o ne a netefatsa kgolagano e a e dirileng le Aborahame ka go dira maikano.—Ge 14:22; Bah 6:16, 17.

  • Makedonia.

    Ke kgaolo e e kwa bokone jwa Gerika e e neng ya tuma thata ka nako ya ga Alexander yo Mogolo mme e ne ya tswelela e ikemetse go fitlha e fenngwa ke Baroma. E ne e le porofense ya Roma fa moaposetoloi Paulo a ne a etela kwa Yuropa lekgetlo la ntlha. O ile a etela naga eo makgetlo a le mararo. (Dit 16:9)—Bona Dintlha B13.

  • Malatsi a bofelo (metlha ya bofelo).

    Mafoko ano le a mangwe a a tshwanang le one a a jaaka “kwa bofelong jwa metlha” kgotsa “kwa bokhutlong jwa metlha” a dirisiwa mo boporofeting jwa Baebele go tlhalosa nako ya fa ditiragalo tsa hisitori di fitlha kwa setlhoeng sa tsone. (Esk 38:16; Dan 10:14; Dit 2:17) Seno se ka tsaya dingwaga di le mmalwa kgotsa di le dintsi, go ikaegile ka boporofeti jo go buiwang ka jone. Gantsi Baebele e dirisa mafoko ano fa e bua ka “malatsi a bofelo” a nako e re tshelang mo go yone, mo nakong ya go nna gone ga ga Jesu a sa bonale.—2Ti 3:1; Jak 5:3; 2Pe 3:3.

  • Malekame.

    E ka tswa e le ene Moleke, modimo yo mogolo wa Baamone. (Sfn 1:5)—Bona MOLEKE.

  • Mana.

    Ke dijo tse Baiseraele ba neng ba di ja dingwaga di le 40 fa ba ne ba kgarakgatshega mo nageng. Ba ne ba di fiwa ke Jehofa. Di ne di tlhagelela ka kgakgamatso fa fatshe ka fa tlase ga monyo moso mongwe le mongwe mme di ne di sa nne teng ka letsatsi la Sabata. Lekgetlo la ntlha fa Baiseraele ba ne ba a bona, ba ne ba re “Selo se ke eng?” kgotsa ka Sehebera “man huʼ?” (Ek 16:13-15, 35) Mo ditemaneng tse dingwe, a bidiwa “dijo tsa kwa legodimong” (Ps 78:24), “senkgwe se se tswang kwa legodimong” (Ps 105:40) le “senkgwe sa ba ba maatla” (Ps 78:25). Jesu le ene o ile a bua ka mana ka tsela ya tshwantshetso.—Joh 6:49, 50.

  • Masekile.

    Ke lefoko la Sehebera le go sa itsiweng bokao jwa lone le le tlhagelelang mo mafokong a a mo godimo ga dipesalema di le 13. Le ka tswa le kaya “leboko la go akanyetsa kwa teng.” Bangwe ba akanya gore lefoko le le tshwanang le leno, le le ranotsweng e le “go direla ka botlhale,” le ka tswa le na le bokao jo bo tshwanang.—2Dt 30:22; Ps 32:Maf.

  • Maswalo.

    Ke motswako wa mefuta ya borekhu jo bo nkgang monate le mefuta ya balema, o o neng o fisiwa gore o ntshe lonko lo lo monate. Go ne go na le maswalo a a kgethegileng a a dirilweng ka dilo di le nnê gore a dirisiwe kwa motlaaganeng le kwa tempeleng. A ne a fisiwa mo mosong le maitseboa mo sebesong sa maswalo mo phaposing ya Boitshepo, mme ka Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo, a ne a fisiwa mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo. A ne a bontsha gore Modimo o amogela dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go dirisa maswalo.—Ek 30:34, 35; Lef 16:13; Tsh 5:8.

  • Mathudi a ga Solomone.

    Mo tempeleng ya mo motlheng wa ga Jesu, go ne go le phashiti e e ruletsweng ka fa botlhaba jwa lolwapa lo lo ka fa ntle, e go neng go dumelwa gore ke masalela  a tempele ya ga Solomone. Jesu o ne a tsamaya mo go yone ka “paka ya mariga,” gape Bakeresete ba ntlha ba ne ba kopanela teng go tla go obamela. (Joh 10:22, 23; Dit 5:12)—Bona Dintlha B11.

  • Mera.

    Ke borekhu jo bo nkgang monate jo bo neng bo tsewa mo ditlhatshaneng tse di farologaneng tse di mmitlwa kgotsa mo ditlhareng tsa mofuta wa Commiphora. Mera e ne e le sengwe sa dilo tse di neng di dirisiwa go dira leokwane le le boitshepo le le tlotsang. E ne e tshasiwa mo diaparong le mo malaong gore di nkge monate e bile e ne e tsenngwa mo leokwaneng la go sidila le mo ditlôlông. Gape e ne e dirisiwa go tshasa ditopo pele di fitlhwa.—Ek 30:23; Dia 7:17; Joh 19:39.

  • Merodake.

    Ke Modimo yo mogolo wa motse wa Babelona. Fa kgosi ya Babelona le motlhami wa molao e bong Hammurabi a sena go dira gore Babelona e nne motsemogolo wa Babelonia, Merodake (kgotsa Maraduke) o ne a tuma. La bofelo o ne a tlosa medimo e mentsi e e neng e le teng mme a nna modimo yo mogolo mo medimong ya Babelonia. Fa nako e ntse e tsamaya, leina Merodake (kgotsa Maraduke) le ne la emisediwa ka sereto “Belu” (“Mong”), mme go ne go tlwaelegile gore Merodake a bidiwe Bele.—Jer 50:2.

  • Mesia.

    Ke lefoko le le tswang mo lefokong la Sehebera “tlodiwa” kgotsa “motlodiwa.” Lefoko la Segerika le le tsamaisanang le lone ke “Keresete.”—Dan 9:25; Joh 1:41.

  • Metse ya botshabelo.

    Eno ke metse ya Balefi e motho a neng a tshabela kwa go yone gore a se ka a bolawa ka gonne a bolaile motho ka phoso. Metse eno e ne e le merataro e bile e ne e le mo dikarolong tse di farologaneng tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. E ne e tlhophilwe ke Moshe mme moragonyana ya tlhophiwa ke Joshua, ba kaelwa ke Jehofa. Fa motho yoo a goroga kwa motseng wa botshabelo, o ne a bolelela bagolwane kgang ya gagwe kwa kgorong ya motse a bo a amogelwa. Mme o ne a tshwanetse go sekela kwa a bolaetseng motho teng go supa fa a dirile seo ka phoso. Seno se ne se dira gore batho ba ba bolaileng ba bangwe ka boomo ba se ka tshabela kwa metseng ya botshabelo. Mme fa a sa bonwe molato, o ne a tla boela kwa motseng wa botshabelo go fitlha a swa kgotsa go fitlha moperesiti yo mogolo a swa.—Dip 35:6, 11-15, 22-29; Jos 20:2-8.

  • Miketame.

    Ke lefoko la Sehebera le le dirisitsweng mo mafokong a a mo godimo ga dipesalema di le thataro (Ps 16; 56–60). Lefoko leno ga go itsiwe bokao jwa lone, mme gone le ka tswa le amana le lefoko “go gaba.”

  • Milekome.

    Ke modimo yo o neng a obamelwa ke Baamone, e ka tswa e le ene modimo yo o bidiwang Moleke. (1Dk 11:5, 7) Fa Solomone a tloga a tswa mo bogosing, o ne a agela modimo yono wa maaka mafelo a a kwa godimo a a boitshepo.—Bona MOLEKE.

  • Mmaele.

    Sekgala se se tlhagelelang fela mo go Mathaio 5:41 mo mekwalong ya ntlhantlha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme temana eno e ka tswa e bua ka dimmaele tsa kwa Roma tse di neng di lekana le dimetara di le 1 479,5.

  • Mmoko.

    O tswa mo dijong tsa ditlhaka fa di sena go phuthiwa le go olosiwa. Lefoko leno le dirisiwa go tshwantshetsa sengwe se se se nang mosola e bile se sa eletsege.—Ps 1:1-4; Mat 3:12.

  • Mmoni.

    Ke motho yo Modimo a neng a mo thusa go lemoga thato ya gagwe. Modimo o ne a bula matlho a gagwe gore a bone kgotsa a tlhaloganye dilo tse batho ba neng ba ka se kgone go di tlhaloganya. Lefoko leno ka Sehebera le tswa mo lefokong le le kayang “go bona,” ka tsela ya mmatota kgotsa ya tshwantshetso. Batho ba ne ba tla kwa go ene fa ba batla kgakololo ka mathata a ba neng ba na le one.—1Sa 9:9.

  • Mmopi wa letsopa.

    Ke motho yo o dirisang letsopa go dira dipitsa, dijana le dilo tse dingwe. Lefoko leno ka Sehebera le kaya “motlhami.” Tsela e mmopi wa letsopa a dirisang letsopa la gagwe ka yone, gantsi e dirisiwa go tshwantshetsa taolo e Jehofa a nang le yone mo bathong ka bongwe le mo ditšhabeng.—Isa 64:8; Bar 9:21.

  • Mmusi wa kgaolo.

    E ne e le motho yo o neng a busa porofense ka nako ya mmusomogolo wa Babelona le wa Peresia. Kgosi ke yone e neng e mo tlhopha gore a laole.—Esr 8:36; Dan 6:1.

  • Moaposetoloi.

    Lefoko leno le kaya “go roma” mme le dirisiwa fa go buiwa ka Jesu le batho ba ba rileng ba ba neng ba romiwa go direla ba bangwe. Gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka balatedi ba le 12 ba Jesu a ba tlhophileng go nna baemedi ba gagwe.—Mar 3:14; Dit 14:14.

  • Modimo wa boammaaruri.

    Ke tsela e lefoko la Sehebera “Modimo” le ranolwang ka yone. Mo mekwalong e mentsi ya Sehebera, lefoko leo le thusa motho go tlhaloganya gore  Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri mme le mo farologanya le medimo ya maaka. Mafoko a a reng “Modimo wa boammaaruri” a tlhagisa bokao jwa mmatota jwa mafoko a Sehebera mo mekwalong eo.—Ge 5:22, 24; 46:3; Dut 4:39.

  • Modingwana; Kobamelo ya medingwana.

    Modingwana ke setshwantsho, sengwe se se emelang sengwe le sengwe se motho a kgonang go se bona kgotsa se a se akanyang, se batho ba ka se dirisang mo kobamelong. Kobamelo ya medingwana ke go tlotla, go rata, go obamela kgotsa go tlotlomatsa modingwana.—Ps 115:4; Dit 17:16; 1Bk 10:14.

  • Modutwana.

    Ke lebotlolo le le neng le dirilwe ka letlalo la phologolo e e jaaka podi kgotsa nku, mme le ne le dirisediwa go tsenya dilo tse di jaaka beine. Beine e ne e tsenngwa mo medutwaneng e mesha, ka gonne fa e ntse e bela, e ntsha gase e e bidiwang khabonetaeokosaete e e dirang gore modutwana o buduloge. Medutwana e mesha e kgona go buduloga; e megologolo e e sa tlholeng e kgona go buduloga yone e a phatloga.—Jos 9:4; Mt 9:17.

  • Moemedi yo Mogolo.

    Mafoko ano ka Segerika a kaya “Moeteledipele yo Mogolo.” E bua ka maikarabelo a magolo a ga Jesu a go golola batho ba ba ikanyegang mo boleong le go dira gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng.—Dit 3:15; 5:31; Bah 2:10; 12:2.

  • Moengele yo mogolo.

    Lefoko leno mo Baebeleng ga le dirisiwe go bua ka bontsi mme le dirisiwa fa go buiwa ka moengele a le mongwe yo mogolo. Baebele ya re moengele yoo o bidiwa Mikaele.—Dan 12:1; Jude 9; Tsh 12:7.

  • Mogadingwana.

    Mosadi wa bobedi yo gantsi e neng e le lelata.—Ek 21:8; 2Sa 5:13; 1Dk 11:3.

  • Moganetsi wa ga Keresete.

    Mafoko ano a kaya dilo tse pedi. A kaya motho yo o kgatlhanong kgotsa yo o ganetsang Keresete. Gape a ka kaya motho yo o itirang Keresete. Baganetsi ba ga Keresete e ka nna mekgatlho le batho botlhe ba ba reng ba emela Keresete kgotsa ba ipitsa Mesia e bile ba le kgatlhanong le Keresete le balatedi ba gagwe.—1Jo 2:22.

  • Mogolwane; Monna yo o godileng.

    Ke monna yo o godileng ka dingwaga, mme mo Dikwalong go buiwa ka monna yo o nang le taolo le maikarabelo mo setšhabeng. Mo bukeng ya Tshenolo, lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka ditshedi tse di kwa legodimong. Lefoko la Segerika la pre·sby′te·ros le ranolwa e le “mogolwane” fa go buiwa ka ba ba nang le maikarabelo a go etelela pele mo phuthegong.—Ek 4:29; Dia 31:23; 1Ti 5:17; Tsh 4:4.

  • Mogwebakammele.

    Ke motho yo o tlhakanelang dikobo le motho yo a sa nyalanang le ene ka boikaelelo jwa go bona madi. (Lefoko la Segerika por′ne le le ranotsweng e le “mogwebakammele,” le tswa mo lefokong le le kayang “go rekisa.”) Lefoko leno le dirisiwa thata fa go buiwa ka basadi le fa gone Baebele e umaka bagwebakammele ba banna. Molao wa ga Moshe o ne o sa letlelele batho ba ba gwebang ka mmele, mme madi a go duetsweng mogwebakammele ka one a ne a ka se ntshiwe e le moneelo mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa. Seno se ne se farologane le ditlwaelo tsa baheitane ba ba neng ba di dirisa bagwebakammele go dira lotseno. (Dut 23:17, 18; 1Dk 14:24) Gape Baebele e dirisa lefoko leno ka tsela ya tshwantshetso fa e bua ka batho, ditšhaba kgotsa mekgatlho e e nang le seabe mo kobamelong ya medingwana mme gone ba ipolela gore ba obamela Modimo. Ka sekai, mokgatlho wa bodumedi o o bidiwang “Babelona yo Mogolo” o tlhalosiwa e le mogwebakammele mo bukeng ya Tshenolo ka gonne o ikgolagantse le babusi ba lefatshe leno a batla maatla le dikhumo.—Tsh 17:1-5; 18:3; 1Dt 5:25.

  • Mohebera (Sehebera).

    Ke leina le le neng le dirisiwa fa go buiwa ka Aberame (Aborahame), le le neng le mo tlhaola mo baagelaning ba gagwe ba Baamore. Moragonyana le ne la dirisiwa go bitsa ditlogolwana tsa ga Aborahame tse a neng a di tsholelwa ke Jakobe. Puo ya bone e ne e bidiwa Sehebera. Ka nako ya ga Jesu, puo ya ga Sehebera e ne e setse e na le mafoko a Searamaika e bile ke puo e Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba e bua.—Ge 14:13; Ek 5:3; Dit 26:14.

  • Mojuda.

    Ke lefoko le le neng le dirisiwa go bitsa motho wa lotso lwa Juda fa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome bo sena go wa. (2Dk 16:6) Fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona, lefoko leno le ne la dirisiwa mo bathong ba ditso tsotlhe tsa Iseraele ba ba neng ba boetse mo Iseraele. (Esr 4:12) Moragonyana le ne la dirisiwa mo lefatsheng lotlhe go farologanya Baiseraele le batho ba ditšhaba tse dingwe. (Est 3:6) Gape moaposetoloi Paulo o ne a dirisa lefoko leno ka tsela ya tshwantshetso fa a ne a tlhalosa gore mo phuthegong ya Bokeresete ga go na setšhaba se se botoka mo go tse dingwe.—Bar 2:28, 29; Bag 3:28.

  •  Mokaedi.

    Go lebega lefoko la Sehebera le le dirisitsweng mo bukeng ya Dipesalema, le bua ka motho yo o rulaganyang dipina, yo o kaelang gore di opelwe jang, yo o neng a katisa Balefi fa ba opela e bile a etelela pele fa go opelelwa batho. Dibaebele tse dingwe di dirisa mafoko a a reng “moopedi yo mogolo” kgotsa “moopedisi.”—Ps 4:Maf; 5:Maf.

  • Mokeresete.

    Ke leina le Modimo a le neileng balatedi ba ga Jesu Keresete.—Dit 11:26; 26:28.

  • Mokwadi.

    Ke motho yo o neng a kwalolola Dikwalo Tsa Sehebera. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, lefoko leno le ne le dirisiwa go bitsa banna ba ba itseng Molao. Ba ne ba ganetsa Jesu.—Esr 7:6, ntlh.; Mar 12:38, 39; 14:1.

  • Molao.

    Fa lefoko leno le simolola ka tlhaka e tona, le kaya Molao wa ga Moshe kgotsa dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. Fa le simolola ka tlhaka e nnye, le ka tswa le bua ka melao e e mo Molaong wa ga Moshe kgotsa molaomotheo.—Dip 15:16; Dut 4:8; Mat 7:12; Bag 3:24.

  • Molaodi wa porofense.

    Ke molaodi yo mogolo wa porofense yo o neng a tlhomilwe ke Lekgotla la Roma le le Dirang Melao. O ne a na le maatla a go atlhola e bile a na le maatla mo sesoleng. Le fa gone Lekgotla leo le ne le sekaseka sengwe le sengwe se a se dirang, o ne a na le taolo e kgolo mo porofenseng.—Dit 13:7; 18:12.

  • Molao wa ga Moshe.

    Ke Molao o Jehofa a neng a o naya Baiseraele a dirisa Moshe kwa nageng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Gantsi dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele di bidiwa Molao.—Jos 23:6; Luk 24:44.

  • Molato.

    Ke go tlola molao kgotsa go dira dilo tse di sa dumalaneng le molao. Mo Baebeleng, lekaelagongwe la molato ke “boleo.”—Ps 51:3; Bar 5:14.

  • Molebedi.

    Ke monna yo o neilweng boikarabelo jwa go tlhokomela phuthego. Kgopolo ya konokono e e akarediwang mo lefokong la Segerika e·pi′sko·pos ke go kaela le go sireletsa. Mafoko a a reng “molebedi” le “mogolwane” (pre·sby′te·ros) a kaya maemo a a tshwanang mo phuthegong ya Bokeresete. Lefoko “mogolwane” le bontsha dinonofo tse motho yo o tlhomiwang a nang le tsone, mme lefoko “molebedi” le gatelela ditiro tse di akarediwang mo kabelong eno.—Dit 20:28; 1Ti 3:2-7; 1Pe 5:2.

  • Molebeledi.

    Ke motho yo o nnang a disitse gore batho kgotsa lefelo le se ka la tlhagelwa ke kotsi; gantsi o disa bosigo. Mme fa go nna le kotsi o tlhaba mokgosi go tlhagisa batho. Gantsi balebeledi ba ne ba ema mo dipoteng tsa motse le mo di toreng gore ba lebelele batho ba ba tlang pele ga ba ka atamela. Mo sesoleng gantsi molebeledi o bidiwa modisa. Baporofeti ba ne ba direla e le balebeledi ka tsela ya tshwantshetso mo setšhabeng sa Iseraele, ba ba tlhagisa ka tshenyego e e neng e tla.—2Dk 9:20; Esk 3:17.

  • Moleke.

    Ke modimo wa Baamone, e ka tswa e le ene Malekame, Milekome le Moloko. E ka tswa e le sereto, e seng leina la modimo mongwe. Molao wa ga Moshe o ne o laela gore ope fela yo ntshetsang Moleke ditlhabelo ka bana ba gagwe, a bolawe.—Lef 20:2; Jer 32:35; Dit 7:43.

  • Molepadinaledi.

    Motho yo o ithutang ka letsatsi, ngwedi le dinaledi gore a kgone go bolelela pele dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.—Dan 2:27; Mat 2:1.

  • Moletlo wa Diobo.

    Gape o bidiwa Moletlo wa Metlaagana kgotsa Moletlo wa go Kgobokanya. O ne o ketekwa go simologa ka di 15 go fitlha ka di 21 tsa kgwedi ya Ethanime. Baiseraele ba ne ba o keteka morago ga ngwaga wa temo fa ba sena go roba e bile ba ne ba ipela ba leboga Jehofa go bo a segofaditse masimo a bone. Ka malatsi a moletlo ono, batho ba ne ba nna mo diobong kgotsa mo dikagong tse di ruletsweng ka dikala le matlhare mme di sa agelelwa mo matlhakoreng, e le go ikgopotsa letsatsi la fa ba ne ba gololwa kwa Egepeto. Banna ba ne ba tshwanetse go ya go keteka meletlo gararo mo ngwageng kwa Jerusalema mme moletlo ono e ne e le mongwe wa yone.—Lef 23:34; Esr 3:4.

  • Moletlo wa go Neela.

    Ke letsatsi le le neng le gopolwa gangwe mo ngwageng morago ga gore tempele e phepafadiwe fa Antiochus Epiphanes a sena go e leswafatsa. Moletlo oo o ne o simologa ka di 25 tsa kgwedi ya Kiselefe mme o ne o tsaya malatsi a le robedi.—Joh 10:22.

  • Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso.

    Ke moletlo wa ntlha mo meletlong e Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e keteka ngwaga le ngwaga. O ne o simologa ka Nisane 15, morago ga letsatsi la Tlolaganyo o bo o tswelela malatsi a le supa. Go ne go jewa senkgwe se se se nang sebediso fela ka moletlo ono e le go gopola nako ya fa ba gololwa kwa Egepeto.—Ek 23:15; Mar 14:1.

  •  Moletlo wa Thobo; Moletlo wa Dibeke.

    Bona PENTEKOSETE.

  • Moloko.

    Bona MOLEKE.

  • Momeno.

    Ke tsebe e telele e e dirilweng ka letlalo kgotsa ka papirase, e e kwadilweng mo letlhakoreng le le lengwe mme gantsi e ne e thathelelwa mo thobaneng. Dikwalo di ne di kwalwa e bile di kopololelwa mo memenong, e leng mofuta wa buka e e neng e dirisiwa ka nako ya go kwalwa ga Baebele.—Jer 36:4, 18, 23; Luk 4:17-20; 2Ti 4:13.

  • Momeno wa letlalo.

    Ke letlalo la nku, podi kgotsa dinamane le go neng go kwalela mo go lone. Le ne le le sa onale ka bonako jaaka papirase e bile le ne le dirisiwa go kwala memeno ya Baebele. Go bonala memeno ya letlalo e Paulo a neng a kopa Timotheo gore a tle le yone e ne e le dikarolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Mengwe ya Memeno ya Lewatle le le Suleng e ne e kwadilwe mo letlalong.—2Ti 4:13.

  • Monasaretha.

    Ke leina la ga Jesu le le tlhalosang gore o tswa kwa motseng wa Nasaretha. Go lebega le amana le lefoko la Sehebera le le dirisitsweng e le “letlhogela” mo go Isaia 11:1. Moragonyana le ne la dirisiwa go bitsa balatedi ba ga Jesu.—Mat 2:23; Dit 24:5.

  • Monasirite.

    Ke lefoko le le tserweng mo lefokong la Sehebera le le kayang “Yo o Tlhophilweng,” “Yo o Ineetseng” le “Yo o Tlhaotsweng.” Go ne go na le mefuta e mebedi ya Banasirite: Ba ba neng ba ithaopela go nna Banasirite le ba ba neng ba tlhophiwa ke Modimo. Monna kgotsa mosadi o ne a ka ikanela Jehofa gore o tla tshela e le Monasirite ka lobaka lo lo rileng. Ba ba neng ba ithaopela go dira jalo, ba ne ba sa tshwanela go dira dilo tseno tse tharo: ba ne ba sa tshwanela go nwa bojalwa kgotsa go ja dijo tse di dirilweng ka morara, go ipeola mo tlhogong le go tshwara ditopo. Ba ba neng ba tlhophiwa ke Modimo ba ne ba tshwanetse go nna Banasirite botshelo jotlhe, e bile Jehofa o ne a ba neile melao ya gore ba tshele jang.—Dip 6:2-7; Baa 13:5.

  • Moopafadiwa.

    Monna yo dikgeleswa tsa gagwe tsa bonna di kgaotsweng. Banna bano ba ne ba bereka mo dikgotlatshekelong tsa segosi e le batlhokomedi kgotsa ba tlhokomela kgosigadi le bagadingwana. Gape lefoko leno le kaya motho yo o neng a abetswe go bereka kwa ntlong ya kgosi. Le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso fa go buiwa ka “ba ba itirileng baopafadiwa ka ntlha ya Bogosi,” go buiwa ka motho yo o nang le boikgapo gore a kgone go direla Modimo mo go oketsegileng.—Mat 19:12; Est 2:15; Dit 8:27.

  • Moperesiti.

    Ke monna yo o neng a emela Modimo fa pele ga batho, a ba ruta ka Modimo le ka melao ya Gagwe. Gape baperesiti ba ne ba emela batho fa pele ga Modimo, ba ba ntshetsa ditlhabelo, ba tsereganya e bile ba ba kopela mo Modimong. Pele ga Molao wa ga Moshe o nna gone, ditlhogo tsa malapa e ne e le baperesiti ba malapa a bone. Mo Molaong wa ga Moshe, banna ba lelapa la ga Arone ba lotso lwa Lefi ba ne ba direla e le baperesiti. Mme banna ba bangwe botlhe ba Balefi ba ne ba ba thusa. Fa go ne go dirwa kgolagano e ntšha, Iseraele wa semoya e ne ya nna setšhaba sa baperesiti, mme Jesu Keresete e le Moperesiti yo Mogolo.—Ek 28:41; Bah 9:24; Tsh 5:10.

  • Moperesiti yo mogolo.

    Go ya ka Molao wa ga Moshe, e ne e le moperesiti yo o neng a emela batho fa pele ga Modimo e bile a okametse baperesiti ba bangwe. Ke ene fela yo o neng a tsena mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo, e leng phaposi e e kwa teng ya motlaagana le ya tempele. O ne a dira seo fela ka Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo. Gape lefoko “moperesiti yo mogolo” le dirisiwa fa go buiwa ka Jesu Keresete. (Lef 16:2, 17; Mat 26:3; Bah 4:14) Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mafoko ano a dirisiwa fa go buiwa ka banna ba ba eteletseng baperesiti ba bangwe pele, gongwe le baperesiti ba ba ntshitsweng mo maemong a bone le ditlhopha tsa baperesiti ba ba 24.—2Dt 26:20; Esr 7:5; Mat 2:4; Mar 8:31.

  • Mophakalego.

    Ke logong lo loleele lo lo tlhamaletseng kgotsa kota e e dirilweng ka tshipi kgotsa kopore e e neng e dirisiwa go lotlela dikgoro tsa motse ka fa teng. (Dut 3:5; Esk 38:11) Fa mafoko a a reng go “robaganya mephakalego” a dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso, a ne a kaya gore motse o tla tlhaselwa ke baba ba one. Go ne go tla bo go ntse jaaka e kete dikgoro tsa motse ga di a lotlelwa ka gonne mephakalego ya tsone e robegile.—Amo 1:5.

  • Moporofeti.

    Ke motho yo Modimo a mo dirisang go itsise maikaelelo a Gagwe. Baporofeti e ne e le babueledi ba Modimo; ba ne ba sa bue fela ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang, mme gape ba ne ba itsise batho ka dithuto, ditaelo le dikatlholo tsa ga Jehofa.—Amo 3:7; 2Pe 1:21.

  •  Morwa Dafide.

    Leina le gantsi le dirisiwang go bitsa Jesu, e le go gatelela gore ke Moruaboswa wa kgolagano ya Bogosi e e neng e tla diragadiwa ke mongwe yo o tswang mo losikeng lwa ga Dafide.—Mat 12:23; 21:9.

  • Morwa motho.

    Mafoko ano a tlhagelela makgetlo a ka nna 80 mo Diefangeleng. A dirisiwa fa go buiwa ka Jesu Keresete mme a bontsha gore fa a ne a tsholwa e le motho, e ne se e sebopiwa sa semoya se se iphetotseng go nna motho. Gape mafoko ano a bontsha gore Jesu o ne a tla diragatsa boporofeti jo bo mo go Daniele 7:13, 14. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, mafoko ano a ne a dirisiwa go bitsa Esekiele le Daniele, e le go farologanya babueledi bano le Modimo yo molaetsa wa bone o tswang kwa go ene.—Esk 3:17; Dan 8:17; Mat 19:28; 20:28.

  • Mosiama.

    Ke setlhatshana se se nang le dikala le matlhare a masesane, se se neng se dirisiwa go kgatšha madi kgotsa metsi mo meletlong ya go phepafatsa. Lefoko la Segerika le la Sehebera le le dirisitsweng mo Baebeleng le ka tswa le akaretsa mefuta e e farologaneng ya ditlhatshana. Mosiama o go buiwang ka one mo go Johane 19:29 e ka tswa e ne e le o o golelang kwa godimo o o nang le kala e e ka kgonang go tlhomela sepontšhe se se nang le beine e e botšarara gore se isiwe kwa molomong wa ga Jesu.—Ek 12:22; Ps 51:7.

  • Mosokologi.

    Mo Baebeleng, lefoko leno le kaya motho yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuda, mme fa e le monna seno se ne se akaretsa gore o tshwanetse go rupa.—Mat 23:15; Dit 13:43.

  • Motho yo o bolelelang ditiragalo pele.

    Ke motho yo o reng a ka kgona go bolelela pele ditiragalo tsa nako e e tlang. Baebele e umaka baperesiti ba ba dirisang boselamose, baitseanape, balepadinaledi le ba bangwe.—Lef 19:31; Dut 18:11; Dit 16:16.

  • Motho yo o dirisanang le badimo.

    Ke motho yo o ipolelang gore o kgona go bua le baswi.—Lef 20:27; Dut 18:10-12; 2Dk 21:6.

  • Motho yo o gololesegileng.

    Ka nako ya fa Roma e ne e busa, motho yo o ‘gololesegileng’ e ne e le motho yo o neng a na le ditshwanelo tsotlhe tse Baroma ba neng ba na le tsone. Gape e ne e ka nna motho yo o golotsweng mo bokgobeng. Motho yo o golotsweng mo bokgobeng semolao, o ne a na le ditshwanelo tsotlhe tse Baroma ba neng ba na le tsone, mme gone o ne a sa kgone go etelela pele mo dipolotiking. Mme fa a sa gololwa semolao, o ne a gololesega mo bokgobeng mme a sa nne le ditshwanelo tsotlhe tse Baroma ba neng ba na le tsone.—1Bk 7:22.

  • Motlaagana.

    Ke tente ya kobamelo e Baiseraele ba neng ba e dirisa fa ba sena go tswa kwa Egepeto. O ne o na le letlole la kgolagano ya ga Jehofa le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga Gagwe, e bile ba ne ba o dirisetsa go ntsha ditlhabelo le kobamelo. Ka dinako tse dingwe o bidiwa “tente ya bokopanelo.” O ne o dirilwe ka dipolanka o bo o khurumediwa ka matsela a a boleta a a kgabisitsweng ka ditšheruba. O ne o na le diphaposi tse pedi, ya ntlha e ne e bidiwa Boitshepo, ya bobedi e bidiwa Boitshepo Jwa Maitshepo. (Jos 18:1; Ek 25:9)—Bona Dintlha B5.

  • Motlhanka wa bodiredi.

    Lefoko leno ka Segerika ke di·a′ko·nos, le gantsi le ranolwang e le “modiredi” kgotsa “motlhanka.” “Motlhanka wa bodiredi” ke motho yo o thusang setlhopha sa bagolwane mo phuthegong. O tshwanetse go fitlhelela se Baebele e reng batho ba ba newang tshiamelo eno ba tshwanetse go se fitlhelela.—1Ti 3:8-10, 12.

  • Motsekedi.

    Ke kgole ya letlalo kgotsa mogala o o dirilweng ka mesifa ya phologolo, bojang kgotsa boboa. Mo gare ga one go na le karolo e o kgonang go tsenya letlapa mo go yone. Motho o ne a bofelela karolo e nngwe ya motsekedi mo lebogong mme e nngwe o ne a e tshwara ka lone lebogo leo a bo a e tlogela fa a sena go o dikolosa. Ditšhaba tsa bogologolo di ne di na le masole a a dirisang metsekedi.—Baa 20:16; 1Sa 17:50.

  • Motsereganyi.

    Ke motho yo o tsereganyang gareng ga ditlhopha tse pedi gore di dire kagiso. Mo Baebeleng, Moshe ke motsereganyi mo kgolaganong ya Molao mme Jesu ke motsereganyi mo kgolaganong e ntšha.—Bag 3:19; 1Ti 2:5.

  • Motse wa ga Dafide.

    E simolotse e le motse wa Jebuse mme wa bidiwa motse wa ga Dafide fa a sena go o gapa a bo a aga ntlo ya gagwe ya segosi gone. Gape o bidiwa Siona. Ke karolo e kgologolo ya motse wa Jerusalema e bile e le kwa borwabotlhaba.—2Sa 5:7; 1Dt 11:4, 5.

  • Moya.

    Lefoko la Sehebera ru′ach le la Segereika pneu′ma, a gantsi a ranolwang e le “moya,” a kaya dilo tse di farologaneng. Dilo  tseo tsotlhe ke tse batho ba ka se kgoneng go di bona mme gone go na le bosupi jwa gore go na le maatla mangwe a a tsamayang. Mafoko ano a Sehebera le Segerika a dirisiwa fa go buiwa ka (1) phefo, (2) maatla a botshelo a a mo ditsheding tsa mo lefatsheng, (3) maatla a a tswang mo pelong ya motho ya tshwantshetso, a a mo thusang gore a bue kgotsa a dire dilo ka tsela e e rileng, (4) melaetsa e e lebegang e tswa kwa ditsheding tsa semoya, (5) batho ba semoya le (6) maatla a Modimo a a dirang kgotsa moya o o boitshepo.—Ek 35:21; Ps 104:29; Mat 12:43; Luk 11:13.

  • Mphatlalatsane.

    Bokao jwa lefoko leno bo tshwana le bokao jwa “naledi ya moso.” Ke naledi ya bofelo go tlhaba pele letsatsi le tlhaga mme e supa gore go simologa letsatsi le lesha.—Tsh 22:16; 2Pe 1:19.

  • Mutha-labene.

    Ke lefoko le le tlhagelelang mo mafokong a a mo godimo ga Pesalema 9. Kwa tshimologong, le ne le kaya “malebana le loso lwa morwa.” Bangwe ba akanya gore e ne e le leina kgotsa mafoko a a simololang a molodi o o tlwaelegileng o o neng o dirisiwa fa go opelwa pesalema eno.

N

  • Naledi ya moso.

    Bona MPHATLALATSANE.

  • Naredo.

    Ke leokwane le le nkgang monate la mmala o mohibitswana le le turang, le le tswang mo setlhareng sa naredo (Nardostachys jatamansi). E re ka le ne le tura, gantsi le ne le tlhakanngwa le maokwane a mangwe a maemo a a kwa tlase, e bile ka dinako tse dingwe go ne go dirwa le e seng la mmatota. Le fa go ntse jalo, Mareko le Johane ba tlhalosa gore go ile ga dirisiwa “naredo ya mmatota” mo go Jesu.—Mar 14:3; Joh 12:3.

  • Nehilothe.

    Ke lefoko le go sa itsiweng bokao jwa lone le le tlhagang mo mafokong a a mo godimo ga Pesalema 5. Bangwe ba dumela gore le kaya sedirisiwa sa phefo, ba le amanya le lefoko la Sehebera le le amanang le cha·lil′ (fulutu). Le fa go ntse jalo, le ka tswa le kaya molodi.

  • Ne′phesh.

    Lefoko la Sehebera ne′phesh le la Segerika psy·khe′ a ranotswe e le moya mo Dibaebeleng tse dingwe tsa Setswana. Le fa go ntse jalo, eo ga se tsela e e siameng ya go ranola mafoko ano, ka gonne lefoko moya le buelela thuto ya maaka ya gore moya ga o swe. Sentlentle mafoko ano a kaya (1) batho, (2) diphologolo kgotsa (3) botshelo jwa motho kgotsa jwa phologolo. (Ge 1:20; 2:7; 1Pe 3:20) Ka jalo, mo Baebeleng eno, mafoko ao a ntlhantlha gantsi a ranotswe go ya ka bokao jwa se go buiwang ka sone mo temaneng nngwe le nngwe, go dirisiwa mafoko a a jaaka “botshelo,” “setshedi” kgotsa “motho.” Gape mafoko ao a ka kaya motho yo o suleng kgotsa setopo.—Dip 6:6; Hag 2:13.

  • Ngwedi yo mosha.

    E ne e le letsatsi la ntlha la kgwedi nngwe le nngwe mo khalendareng ya Bajuda, le le neng le tsewa e le letsatsi la go phuthega mmogo, go keteka le go ntsha ditlhabelo tse di kgethegileng. Moragonyana, letsatsi leo le ne la tsewa e le letsatsi la moletlo wa botlhokwa mo setšhabeng mme batho ba ne ba sa bereke ka letsatsi leo.—Dip 10:10; 2Dt 8:13; Bak 2:16.

  • Nisane.

    Ke leina le lesha la kgwedi ya Abibe le Bajuda ba neng ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. Ke leina la kgwedi ya ntlha mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda mme gape ke kgwedi ya bosupa mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Mme e ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya March go fitlha kwa bogareng jwa April. (Neh 2:1)—Bona Dintlha B15.

O

  • Omere.

    Ke Sedirisiwa se se lekanyang dilo tse di sa eleleng, se se lekanang le dilitara di le 2,2, kgotsa ke karolo e le nngwe mo go tse di lesome tsa ifa. (Ek 16:16, 18)—Bona Dintlha B14.

  • Onikise.

    Ke leje le le tlhwatlhwakgolo, ke mofuta o o thata wa leje la agate kgotsa mofuta wa leje la kalesedone le le mebalabala. Leje la onikise le na le mela e mesweu e e refosanang le e mentsho, e brown, e mehibidu, e gray le e metala. Le ne le dirisiwa mo diaparong tse di kgethegileng tsa moperesiti yo mogolo.—Ek 28:9, 12; 1Dt 29:2; Job 28:16.

P

  • Palamonwana e e tshwayang.

    Ke sekano se se neng se tsenngwa mo monwaneng kgotsa se se neng se gokelelwa mogala motho a bo a se rwala mo molaleng. Se ne se bontsha gore mmusi kgotsa modiredimogolo o na le taolo. (Ge 38:25)—Bona SEKANO.

  • Papirase.

    Ke semela se se tlhogang mo metsing se se tshwanang le lotlhaka se se neng se dirisiwa go dira dimmanki, mekoro le dilo tse dingwe. Gape e ne e dirisiwa go dira dilo tse di kwalelang tse di tshwanang le pampiri e bile e ne e dirisiwa mo memenong e le mentsi.—Ek 2:3.

  •  Paradaise.

    Ke tshingwana e ntle. Lefelo la ntlha le le ntseng jalo e ne e le Edene, le Jehofa a neng a le diretse banyalani ba ntlha. Fa Jesu a ne a bua le senokwane se se neng se kokotetswe go bapa le ene mo koteng ya tlhokofatso, o ne a bontsha gore lefatshe le tla nna paradaise. Mo go 2 Bakorintha 12:4, go lebega lefoko leno le bua ka paradaise ya mo isagweng, mme mo go Tshenolo 2:7 le bua ka paradaise e e kwa legodimong.—Sfl 4:13; Luk 23:43.

  • Paralatso ya seatla.

    Ke boleele jwa go tloga mo monwaneng o mogolo wa seatla go fitlha ka monwana o monnye fa o butse seatla. Go ya ka kubita ya disentimetara di le 44,5, paralatso ya seatla e ka nna boleele jwa disentimetara di le 22,2. (Ek 28:16; 1Sa 17:4)—Bona Dintlha B14.

  • Peeletso.

    Ke sengwe se motho yo o kolotang a se nayang yo a mo kolotang e le go tlhomamisa gore o tla mo duela mo nakong e e tlang. Molao wa ga Moshe o ne o na le dintlha tse di tlhamaletseng tse di amanang le peeletso e le go sireletsa bahumanegi le batho ba ba neng ba sa kgone go itshireletsa.—Ek 22:26; Esk 18:7.

  • Pentekosete.

    Ke moletlo wa bobedi mo meletlong e meraro e megolo e banna botlhe ba Bajuda ba neng ba laetswe gore ba e keteke kwa Jerusalema. Lefoko pentekosete, le le kayang “Letsatsi la bo50,” ke leina le le dirisiwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika go bitsa tiragalo e mo Dikwalong Tsa Sehebera e bidiwang Moletlo wa Thobo kgotsa Moletlo wa Dibeke. E ne e ketekwa ka letsatsi la bo50 le le neng le balwa go simolola ka Nisane 16.—Ek 23:16; 34:22; Dit 2:1.

  • Peresia; Baperesia.

    Peresia ke lefatshe la batho ba gantsi ba neng ba umakiwa le Bameda. Go lebega Baperesia le Bameda ba ne ba amana. Kwa tshimologong ya bone, Baperesia ba ne ba nna fela kwa borwabophirima jwa karolo e e dithaba ya Iran. Ka nako ya puso ya ga Kurose yo Mogolo (yo baitsehisitori bangwe ba bogologolo ba dumelang gore rraagwe e ne e le Moperesia mme mmaagwe e le Momeda), Baperesia ba ne ba nna bantsi go feta Bameda, le fa gone Baperesia le Bameda ba ile ba tswelela e le mmusomogolo o o kopaneng. Kurose o ne a fenya Mmusomogolo wa Babelona ka 539 B.C.E. mme a letla Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona gore ba boele kwa nageng ya bone. Mmusomogolo wa Peresia o ne o simologa kwa Nokeng ya Indus kwa botlhaba go ya go fitlha kwa Lewatleng la Aegean kwa bophirima. Bajuda ba ne ba laolwa ke puso ya Peresia go fitlha Alexander yo Mogolo a fenya Baperesia ka 331 B.C.E. Daniele o ne a bona ponatshegelo ka Mmusomogolo wa Peresia, e bile go buiwa ka one mo dibukeng tsa Baebele tsa Esera, Nehemia le Esethere. (Esr 1:1; Dan 5:28)—Bona Dintlha B9.

  • Pesalema.

    Ke pina ya go baka Modimo. Dipesalema di ne di dirisiwa e le dipina e bile di ne di opelwa ke baobamedi ba ga Jehofa Modimo, go akaretsa le fa ba ne ba mo obamela kwa tempeleng kwa Jerusalema.—Luk 20:42; Dit 13:33; Jak 5:13.

  • Petso.

    Mo Dikwalong Tsa Sehebera, gantsi lefoko leno le dirisiwa go kaya bolwetse kgotsa masetlapelo a Jehofa a a rometseng e le kotlhao.—Dip 16:49.

  • Phaposi e e Boitshepo.

    Ke phaposi ya ntlha e kgolwane ya motlaagana kgotsa ya tempele, mme e farologana le phaposi e e kwa teng e e bidiwang Boitshepo Jwa Maitshepo. Mo motlaaganeng, phaposi e e Boitshepo e ne e na le setlhomo sa dipone sa gauta, sebeso sa maswalo sa gauta, tafole ya dinkgwe tse di neelwang Modimo le dilwana tsa gauta. Mo tempeleng e ne e na le sebeso sa gauta, ditlhomo tsa dipone tsa gauta di le lesome le ditafole di le lesome tsa dinkgwe tse di neelwang Modimo. (Ek 26:33; Bah 9:2)—Bona Dintlha B5 le B8.

  • Phuthego.

    Setlhopha sa batho ba ba kopaneng mmogo go tla go dira sengwe. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, lefoko leno le bua ka setšhaba sa Iseraele. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika le bua ka diphuthego tsa Bakeresete mme gantsi le bua ka diphuthego ka kakaretso.—1Dk 8:22; Dit 9:31; Bar 16:5.

  • Phutso.

    Go tshosetsa kgotsa go itsise ka bosula jo bo tla diragalelang motho kgotsa sengwe. Ga go tshwane le go tlhapatsa kgotsa go phatloga ka bogale. Gantsi phutso ke go itsise ka bosula, mme fa e dirwa ke Modimo kgotsa ke motho yo o nang le taolo, e a bo e porofeta ka sengwe kgotsa e na le diphelelo tse di botlhoko.—Ge 12:3; Dip 22:12; Bag 3:10.

  • Pilara.

    Ke kota e e tlhamaletseng e e tshegeditseng kago. Dipilara dingwe di ne di tlhomiwa gore batho ba gopole ditiragalo tsa botlhokwa tsa nako e e fetileng. Go ne ga dirisiwa dipilara mo tempeleng le mo dikagong  tsa segosi tse Solomone a neng a di aga. Baheitane ba ne ba tlhoma dipilara tse di boitshepo tse di amanang le kobamelo ya bone ya maaka, mme ka dinako tse dingwe Baiseraele le bone ba ne ba dira jalo. (Baa 16:29; 1Dk 7:21; 14:23)—Bona TLHOGO YA PILARA.

  • Pilara e e boitshepo.

    Ke pilara e e tlhamaletseng, gantsi e dirilwe ka leje, mme go bonala e ne e le setshwantsho sa serwe sa bonna sa ga Baale kgotsa medimo e mengwe ya maaka.—Ek 23:24.

  • Pime.

    Ke selekanyabokete e bile ke tlhwatlhwa e Bafilisitia ba neng ba e duedisa batho fa ba lootsa didirisiwa tsa bone. Dilekanyabokete tsa leje tse baithutamarope ba di fitlhetseng kwa Iseraele di na le ditlhaka tsa Sehebera tse di emelang “pime.” Bokete jwa tsone e ka nna digerama di le 7,8, tse di ka lekanang le dikarolo tse pedi mo dikarolong tse tharo tsa shekele.—1Sa 13:20, 21.

  • Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng.

    Ke mafoko a a tlhagelelang mo godimo ga Pesalema 120-134. Le fa gone go na le dikgopolo tse di farologaneng ka bokao jwa mafoko ano, batho ba le bantsi ba dumela gore dipesalema tseno tse 15 di ne di opelwa ke Baiseraele ba ba itumetseng fa ba ne ba ‘tlhatlogela’ kwa Jerusalema, e e neng e le kwa godimo ga dithaba tsa Juda. Ba ne ba ya koo go ya go itumelela meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga.

  • Pina ya khutsafalo.

    Ke pina e e ka tswang e na le mafoko kgotsa e se na one e e tlhamilweng ka ntlha ya kutlobotlhoko e motho a leng mo go yone ka gonne a tlhokafaletswe.—2Sa 1:17; Ps 7:Maf.

  • Pitlagano e kgolo.

    Lefoko la Segerika la “pitlagano” le kaya kgopolo ya go tshwenyega kgotsa go boga ka ntlha ya kgatelelo e e bakwang ke maemo mangwe a a rileng. Jesu o ne a bua ka “pitlagano e kgolo” e e iseng e tsamaye e nne teng, e e neng e tla tlela Jerusalema mme segolobogolo e e neng e tla tlela batho botlhe mo nakong e e tlang ‘fa a tla a na le kgalalelo.’ (Mat 24:21, 29-31) Paulo o ne a tlhalosa pitlagano eno e le kgato e e siameng e Modimo a tla e tsayang go otlhaya “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo” tse di buang ka Jesu Keresete. Tshenolo kgaolo 19 e tlhalosa Jesu a eteletse masomosomo a kwa legodimong a a tlhaselang “sebatana le dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone.” (2Bt 1:6-8; Tsh 19:11-21) “Boidiidi jo bogolo jwa batho” bo tla falola pitlagano eo. (Tsh 7:9, 14)—Bona ARAMAGEDONA.

  • Porneia.

    Bona BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG JWA TLHAKANELODIKOBO.

  • Psy·khe′.

    Bona NE′PHESH.

  • Purime.

    Ke moletlo wa ngwaga le ngwaga o o neng o ketekiwa ka di 14 le di 15 tsa kgwedi ya Adare. O ne o ketekiwa e le go gopola nako ya fa Bajuda ba ne ba sirelediwa gore ba sa ka ba bolawa mo motlheng wa ga Kgosigadi Esethere. Lefoko leno le e seng la Sehebera pu·rim′ le kaya “bola.” Moletlo wa Purime kgotsa Moletlo wa Bola o ne wa bidiwa jalo ka ntlha ya se Hamane a ileng a se dira fa a ne a latlhela Pure (Bola) a batla go tlhomamisa letsatsi le a neng a tla diragatsa leano la gagwe la go nyeletsa Bajuda.—Est 3:7; 9:26.

R

  • Rahabe.

    Ke lefoko le le dirisitsweng ka tsela ya tshwantshetso mo dibukeng tsa Jobe, Pesalema le Isaia (ga go buiwe ka Rahabe yo o umakiwang mo bukeng ya Joshua). Mo bukeng ya Jobe, se go buiwang ka sone mo temaneng se thusa motho go lemoga gore Rahabe ke setshedi se setona sa lewatle; mo ditemaneng tse dingwe setshedi seno se dirisiwa go tshwantshetsa Egepeto.—Job 9:13; Ps 87:4; Isa 30:7; 51:9, 10.

S

  • Sabata.

    Lefoko leno le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “go ikhutsa; go kgaotsa.” Ke letsatsi la bosupa mo bekeng ya Bajuda (Labotlhano maitseboa go fitlha ka Matlhatso maitseboa). Malatsi mangwe a meletlo mo ngwageng, go akaretsa le ngwaga wa bosupa le wa bo50, a ne a bidiwa bosabata. Ka letsatsi la Sabata, go ne go sa tshwanela go dirwa tiro epe ntle le tiro e baperesiti ba neng ba e dira mo lefelong le le boitshepo. Ka dingwaga tsa Sabata, lefatshe le ne le sa tshwanela go lemiwa e bile Bahebera ba ne ba sa tshwanela go pateletsa Bahebera ba bangwe go ba duela fa e le gore ba a ba kolota. Mo Molaong wa ga Moshe, dithibelo tsa Sabata di ne di le tekatekano, mme ka bonya ka bonya baeteledipele ba bodumedi ba ile ba itsenyetsa melawana e mengwe, mo e leng gore ka nako ya ga Jesu go ne go le thata gore batho ba ikobele molao wa Sabata.—Ek 20:8; Lef 25:4; Luk 13:14-16; Bak 2:16.

  • Samarea.

    E ne e le motsemogolo wa bogosi jo bo kwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa  Iseraele ka dingwaga di le 200, e bile e le leina la naga yotlhe ya bone. Motse oo o ne o agilwe mo thabeng e e bidiwang ka leina leo. Ka nako ya ga Jesu, Samarea e ne e le leina la kgaolo e e neng e le fa gare ga Galalea le Judea. Gantsi Jesu o ne a sa rere mo kgaolong eo, mme ka dinako tse dingwe o ne a feta mo go yone a bo a bua le baagi ba yone. Petere o ne a dirisa selotlolo sa bobedi sa Bogosi sa tshwantshetso fa Basamarea ba ne ba amogela moya o boitshepo. (1Dk 16:24; Joh 4:7; Dit 8:14)—Bona Dintlha B10.

  • Sanehederine.

    Ke kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda e e neng e le kwa Jerusalema. Ka nako ya ga Jesu, e ne e na le maloko a le 71 a a akaretsang moperesiti yo mogolo le batho ba ba kileng ba nna baperesiti ba bagolo, ba malapa a baperesiti ba bagolo, bagolwane, ditlhogo tsa lotso le tsa malapa le bakwadi.—Mar 15:1; Dit 5:34; 23:1, 6.

  • Satane.

    Ke mmaba yo mogolo wa Modimo e bong Diabolo. Leina “Satane” le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Moganetsi.”—Job 1:6; Mat 4:10; Tsh 12:9.

  • Sea.

    Ke sedirisiwa se se lekanyang dilo tse di sa eleleng. Go ya ka selekanyo sa bata se se lekanyang dilo tse di elelang, sea e ka lekana le dilitara di le 7,33. (2Dk 7:1)—Bona Dintlha B14.

  • Seane.

    Ke mafoko a a botlhale kgotsa polelwana e e rutang kgotsa e e tlhalosang boammaaruri bongwe jwa botlhokwa. Diane tsa Baebele di ka kwalwa e le polelo kgotsa thamalakane e e kgatlhang. Seane se tlhalosa boammaaruri se dirisa mafoko a a bontshang maikutlo, gantsi e le ka tsela ya tshwantshiso. Dipolelwana dingwe di fetoga mafoko a a tlwaelegileng a go sotla kgotsa go nyatsa batho ba ba rileng.—Mor 12:9; 2Pe 2:22.

  • Searamaika.

    Ke puo e e tshwanang le Sehebera e bile e dirisa dialefabete tse di tshwanang le tsa Sehebera. Ke puo e e neng e buiwa ke Baaramaika mme moragonyana e ile ya dirisiwa mo dinageng tse di neng di busiwa ke Baasiria le Bababelona, mme e le puo e e dirisiwa thata mo go tsa kgwebo. Gape e ne e le puo ya semolao ya Peresia. (Esr 4:7) Dintlha dingwe tsa buka ya Esera, Jeremia le Daniele di kwadilwe ka Searamaika.—Esr 4:8–6:18; 7:12-26; Jer 10:11; Dan 2:4b–7:28.

  • Sebediso.

    Sengwe se se neng se tlhakanngwa le bupi fa go dubiwa kgotsa se tsenngwa mo dilong tse di metsi gore di bele. Gantsi se dirisiwa mo Baebeleng go tshwantshetsa boleo le go bola, gape lefoko leno le dirisiwa go bontsha go anama mo go fitlhegileng.—Ek 12:20; Mat 13:33; Bag 5:9.

  • Segatisetso sa beine.

    Gantsi e ne e le dikhuti tse pedi tse di neng di epiwa mo lejeng la kalaka, e nngwe e le kwa godimo mme e nngwe e le kwa tlase. Go ne go na le moselenyana o o di kopanyang. Fa go ntse go gatiwa morara mo khuting e e kwa godimo, matute a one a ne a elelela mo khuting e e kwa tlase. Lefoko leno le dirisiwa go tshwantshetsa katlholo ya Modimo.—Isa 5:2; Tsh 19:15.

  • Segerika (Bagerika).

    Puo e e buiwang ke batho ba kwa Gerika. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko leno gape le dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Le kaya batho botlhe ba e seng Bajuda kgotsa ba ba neng ba tshwaeditswe ke puo kgotsa ngwao ya Segerika.—Joe 3:6; Joh 12:20.

  • Sehuba.

    Ke tuelo e e ntshiwang ke Naga kgotsa mmusi a e neela mmusi yo mongwe a bontsha gore o a mo ikobela, gore go nne le kagiso kgotsa tshireletsego. (2Dk 3:4; 18:14-16; 2Dt 17:11) Gape lefoko leno le dirisiwa go kaya makgetho a a ntshiwang ke batho ka bongwe.—Neh 5:4; Bar 13:7.

  • Sekano.

    Ke selo se se dirisiwang go dira letshwao (gantsi mo letsopeng) go bontsha gore selo ke sa gago, gore se boammaaruri kgotsa go dira tumalano. Dikano tsa bogologolo di ne di na le karolo e e thata (leje, lonaka lwa tlou kgotsa logong) e e gabilweng ditlhaka kgotsa mekgabisa. Sekano se dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go kaya sengwe se se beilweng letshwao la gore se boammaaruri, kgotsa la gore ke sa gago kgotsa e le sengwe se se fitlhegileng kgotsa sephiri.—Ek 28:11; Neh 9:38; Tsh 5:1; 9:4.

  • Sekhurumelo sa thuanyo.

    Ke sekhurumelo sa letlole la kgolagano, se moperesiti yo mogolo a neng a kgatšha madi a ditlhabelo tsa boleo fa pele ga sone ka Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo. Lefoko leno ka Sehebera le tswa mo lediring le le kayang “go khurumetsa (boleo)” kgotsa gongwe “go phimola (boleo).” Se ne se dirilwe ka gauta e e thata, mme go ne go kgomareditswe ditšheruba tse pedi mo go sone. Ka dinako tse dingwe se bidiwa fela gotwe ke “sekhurumelo.” (Ek 25:17-22; 1Dt 28:11; Bah 9:5)—Bona Dintlha B5.

  • Selah.

    Ke lefoko le le dirisiwang mo mminong le le fitlhelwang mo bukeng ya Dipesalema le ya Habakuke. Le ka tswa le kaya go ema go  se kae fa motho a opela kgotsa a letsa mmino, ka boikaelelo jwa gore a akanyetse kwa teng kgotsa a gatelele ntlha e a sa tswang go e tlhagisa. Mo Baebeleng ya Segerika ya Septuagint go dirisitswe lefoko di·a′psal·ma, le le tlhalosiwang e le “mmino o o tshamekiwang pele ga thulaganyo.”—Ps 3:4; Hab 3:3.

  • Sephiri se se boitshepo.

    Ke karolo ya boikaelelo jwa Modimo e e simologileng kwa go ene, mme o nna a se bolokile go fitlha ka nako ya gagwe, e bile o se senolela fela batho ba a tlhophang gore ba se itse.—Mar 4:11; Bak 1:26.

  • Sesiro.

    Ke letsela le lentle le le logilweng le kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ditšheruba le le kgaoganyang Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo mo motlaaganeng le mo tempeleng. (Ek 26:31; 2Dt 3:14; Mat 27:51; Bah 9:3)—Bona Dintlha B5.

  • Sesupo.

    Ke sengwe, tiragalo nngwe kgotsa maemo mangwe a a bontshang sengwe sa botlhokwa se se diregang gone jaanong kgotsa se se tla diregang mo nakong e e tlang.—Ge 9:12, 13; 2Dk 20:9; Mat 24:3; Tsh 1:1.

  • Setlhabelo.

    Ke mpho e motho a neng a e ntshetsa Modimo e le sesupo sa gore o a leboga, o amogela gore o molato le gore o batla go boa a nna le kamano e e molemo le ene. Go simologa ka Abele, batho ba ne ba ntsha ditlhabelo tse di farologaneng ka go rata, tota le tsa diphologolo, go fitlha kgolagano ya Molao wa ga Moshe e tlhalosa gore ba tlhoka go dira jalo. Ditlhabelo tsa diphologolo di ne di sa tlhole di tlhokega fa Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo se se itekanetseng. Mme gone Bakeresete ba sa ntse ba tsweletse ka go ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa tshwantshetso.—Ge 4:4; Bah 13:15, 16; 1Jo 4:10.

  • Setlhabelo sa boleo.

    Ke setlhabelo se motho a neng a se ntsha fa a leofile ka phoso ka ntlha ya makoa a gagwe. Go ne go ntshiwa ditlhabelo tsa diphologolo tse di farologaneng tse di jaaka poo kgotsa lephoi, go ikaegile ka maemo a motho yo o neng a ntsha setlhabelo gore a itshwarelwe maleo.—Lef 4:27, 29; Bah 10:8.

  • Setlhabelo sa go abelana.

    Ke setlhabelo se se neng se ntshediwa Jehofa go dira gore motho a nne le kagiso le ene. Setlhabelo seno se ne se jewa ke motho yo o neng a ntsha setlhabelo, ba lelapa la gagwe, moperesiti yo o neng a eteletse pele mmogo le baperesiti ba ba neng ba direla ka nako eo. Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o amogela monko o o nkgang monate wa mafura a a fisiwang. Madi le one a ne a newa Jehofa ka gonne a emela botshelo. Go ne go ntse jaaka e kete baperesiti le baobamedi ba Modimo ba ba neng ba ntsha setlhabelo ba ne ba ja le Jehofa, mme seno se bontsha gore ba ne ba na le kamano e e siameng le ene.—Lef 7:29, 32; Dut 27:7.

  • Setlhabelo sa go leboga.

    Ke setlhabelo se se neng se ntshiwa ka boikaelelo jwa go baka Modimo ka ntlha ya dilo tse a tlamelang batho ka tsone le ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. Nama ya phologolo e e neng e ntshiwa le senkgwe se se nang le sebediso le se se se nang sebediso di ne di jewa. Nama eo e ne e tshwanetse go jewa mo go lone letsatsi leo.—2Dt 29:31.

  • Setlhabelo sa maikano.

    Ke setlhabelo se motho a neng a se ntsha ka go rata fa a dira maikano mangwe.—Lef 23:38; 1Sa 1:21.

  • Setlhabelo sa molato.

    Ke setlhabelo se motho a neng a se ntsha fa a dirile maleo. Se ne se farologana go se kae le ditlhabelo tse dingwe tsa boleo ka gonne modiraphoso yo o ikwatlhayang o ne a se ntshetsa gore a boe a nne le ditshwanelo tsa kgolagano tse a neng a na le tsone pele, tse di neng tsa mo latlhegela ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng. Gape se ne se tlhofofatsa kotlhao e a neng a tshwanetse go e amogela.—Lef 7:37; 19:22; Isa 53:10.

  • Setlhabelo sa senô.

    E ne e le setlhabelo sa beine se se neng se tshelwa mo sebesong e bile se ne se ntshiwa le ditlhabelo tse dingwe gape. Paulo o ile a dirisa mafoko ano ka tsela ya tshwantshetso go bontsha gore o ne a eletsa go thusa Bakeresete ba bangwe.—Dip 15:5, 7; Baf 2:17.

  • Setlhabelo se se fisiwang.

    Ke setlhabelo sa phologolo e e feletseng, se se neng se ntshediwa Modimo ka go fisiwa mo sebesong; ga go na karolo epe ya phologolo (poo, phelefu, phoko, leeba kgotsa lephoi le lennye) e moobamedi a neng a e itseela.—Ek 29:18; Lef 6:9.

  • Setlhabelo se se fokwang.

    Ke setlhabelo se mo go sone moperesiti a neng a baya diatla tsa gagwe ka fa tlase ga diatla tsa moobamedi yo o neng a tshwere setlhabelo se a tlileng go se ntsha a bo a di fokisetsa kwa morago le kwa pele; kgotsa moperesiti ke ene a neng a fokisa setlhabelo seo. Tiro eno e ne e bontsha gore ditlhabelo tseo di isiwa kwa go Jehofa.—Lef 7:30.

  •  Setlhabo.

    Ke thobane e telele e e nang le motswi wa tshipi, e e neng e dirisiwa ke balemi go kurusa phologolo. Setlhabo se tshwantshiwa le mafoko a motho yo o botlhale a a tlhotlheletsang moreetsi go ikobela kgakololo. Polelwana “go ragakaka ditlhabo” e tserwe mo go se se neng se direga fa poo e e bodiba e sa batle go reetsa fa e tlhabiwa ka setlhabo, go na le moo e ragaraga e bo e feleletsa e ikgobaditse.—Dit 26:14; Baa 3:31.

  • Setlhare sa botshelo.

    Ke setlhare se se neng se le kwa tshingwaneng ya Edene. Baebele ga e bontshe gore se ne se na le maungo a a nayang botshelo; Go na le moo, se ne se tshwantshetsa gore Modimo o tla naya batho ba ba neng ba tla ja mo go sone botshelo jo bo sa khutleng.—Ge 2:9; 3:22.

  • Setlhare sa kitso ya molemo le bosula.

    Ke setlhare se se neng se le mo tshingwaneng ya Edene se Modimo a neng a se dirisa go tshwantshetsa gore o na le tshwanelo ya go tlhomela batho melao ya se se “siameng” le se se sa “siamang.”—Ge 2:9, 17.

  • Setulo sa katlholo.

    Gantsi e ne e le serala se se kwa ntle se se tsholetsegileng, se se nang le ditepisi. Balaodi ba ne ba nna mo go sone fa ba bua le batho kgotsa ba itsise ditshwetso tse ba di dirileng. Mafoko a a reng “setulo sa katlholo sa Modimo” le “setulo sa katlholo sa ga Keresete” a bontsha gore Jehofa o tlile go atlhola batho.—Bar 14:10; 2Bk 5:10; Joh 19:13.

  • Seuse.

    Ke modimo yo mogolo wa boheitane wa Bagerika. Fa Barenabase a ne a le kwa Lisetera, batho ba ne ba ithaya ba re ke Seuse. Mekwalo ya bogologolo e e gabilweng e e neng ya fitlhelwa gaufi le Lisetera e umaka “baperesiti ba ga Seuse” le “Seuse modimo wa letsatsi.” Sekepe se Paulo a neng a tsamaya ka sone go tswa ka setlhaketlhakeng sa Maleta se ne se na le letshwao le le reng “Bomorwa Seuse,” e bong Castor le Pollux ba e neng e le mawelana.—Dit 14:12; 28:11.

  • Seyantlo.

    Ke tlwaelo e moragonyana e neng ya tsenngwa mo Molaong wa ga Moshe, e mo go yone monna a neng a nyala mosadi wa ga morwarraagwe yo o tlhokafetseng a se na bana ba basimane. E ne e dirwa ka boikaelelo jwa go tsweledisa leina la ga morwarraagwe.—Ge 38:8; Dut 25:5, 6.

  • Shebate.

    Ke leina la kgwedi ya bo11 mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda e bile e le kgwedi ya botlhano mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya January go fitlha mo bogareng jwa kgwedi ya February. (Sek 1:7)—Bona Dintlha B15.

  • Shekele.

    Ke sedirisiwa sa go lekanya bokete le boleng jwa madi. E ne e le bokete jwa digerama di le 11,4. Polelwana “selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,” e ka tswa e ne e dirisiwa go gatelela gore selekanyabokete se tshwanetse go nna se se nepileng kgotsa se tshwanetse go dumalana le selekanyabokete se se bewang mo motlaaganeng. Go ka tswa go ne go na le shekele ya segosi (e e farologanang le shekele e e tlwaelegileng) kgotsa selekanyabokete se se bewang kwa ntlong ya segosi.—Ek 30:13.

  • Sheminithe.

    Ke lefoko la mmino le le kayang “robedi,” le le ka tswang le kaya nnoto e e kwa tlase mo mminong. Mo diletsweng, le ka tswa le kaya diletswa tse di ntshang modumo wa beisi. Mo dipineng, le ka tswa le kaya molodi o o kwa tlase o o lediwang fa go ntse go opelwa o bo o latelwa.—1Dt 15:21; Ps 6:Maf.

  • Sheole.

    Ke lefoko la Sehebera le tsamaisanang le lefoko la Segerika “Hadese.” Fa le ranotswe e le “Lebitla” (le le simololang ka tlhaka e tona), le kaya gore motho o sule.—Ge 37:35; Ps 16:10; Dit 2:31 (dintlh.).

  • Sifane.

    Ke leina la kgwedi ya boraro mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda e bile e le kgwedi ya borobongwe mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya May go fitlha mo bogareng jwa kgwedi ya June. (Est 8:9)—Bona Dintlha B15.

  • Sife.

    Ke leina la kwa tshimologong la kgwedi ya bobedi mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda e bile e le kgwedi ya borobedi mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya April go fitlha mo bogareng jwa kgwedi ya May. E bidiwa Iyyar mo Talmud ya Bajuda le mo dibukeng tse dingwe tse di neng tsa kwalwa fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. (1Dk 6:37)—Bona Dintlha B15.

  • Sinagoge.

    Ke lefoko le le kayang “go kopanya mmogo; phuthego,” mme mo ditemaneng di le dintsi le kaya kago kgotsa lefelo le Bajuda  ba neng ba kopanela mo go lone go tla go bala Dikwalo, go ithuta, go rera le go rapela. Ka nako ya ga Jesu, motse mongwe le mongwe kwa Iseraele o ne o na le sinagoge mme metse e megolo e ne e na le disinagoge di feta e le nngwe.—Luk 4:16; Dit 13:14, 15.

  • Siona; Thaba ya Siona.

    Ke leina la motse o o sireletsegileng wa Bajebuse o o bidiwang Jebuse o o neng o le kwa borwabotlhaba jwa thota ya Jerusalema. Fa Dafide a sena go o gapa, o ne a aga ntlo ya gagwe ya segosi teng mme o ne wa bidiwa “Motse wa ga Dafide.” (2Sa 5:7, 9) Siona e ne ya nna thaba e e boitshepo segolobogolo mo go Jehofa fa Dafide a sena go fudusetsa Letlole teng. Moragonyana leina leno le na la akaretsa lefelo la tempele le le mo Thabeng ya Moria, mme ka dinako tse dingwe le ne le dirisiwa go bitsa motse otlhe wa Jerusalema. Gantsi le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.—Ps 2:6; 1Pe 2:6; Tsh 14:1.

  • Siria; Basiria.

    Bona ARAME; BAARAMAIKA.

  • Siritisa.

    Ke dikgogometso tse dikgolo tse pedi tse di seng boteng mo lotshitshing lwa Libia, kwa Bokone Jwa Afrika. Batsamayakadikepe ba bogologolo ba ne ba di tshaba ka gonne motlhaba o o gaufi le tsone o ne o nna o fetofetoga fa metsi a lewatle a ntse a atamela lotshitshi thata kgotsa a boela kwa morago. (Dit 27:17)—Bona Dintlha B13.

T

  • Talenta.

    Ke sedirisiwa se segolo sa Sehebera sa go lekanya bokete le boleng jwa madi. E ne e le bokete jwa dikilogerama di le 34,2. Talenta ya Segerika e ne e le nnye mo go yone, e le bokete jwa dikilogerama di ka nna 20,4. (1Dt 22:14; Mat 18:24)—Bona Dintlha B14.

  • Tamuse.

    (1) Ke leina la modimo yo basadi ba Bahebera ba batlhanogi ba neng ba mo lelela kwa Jerusalema. Go akanngwa gore Tamuse e ne e le kgosi mme fa a sena go swa, o ne a dirwa modimo. Mo mekwalong ya kwa Sumeria, Tamuse o bidiwa Dumuzi mme o tlhalosiwa e le mokapelo wa modimo wa mosadi wa tsalo o o bidiwang Inanna (Ishtar wa kwa Babelona). (Esk 8:14) (2) Ke leina la kgwedi ya bonê mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda e bile e le kgwedi ya bolesome mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya June go fitlha mo bogareng jwa kgwedi ya July.—Bona Dintlha B15.

  • Tatarase.

    Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko leno le kaya boemo jo bo kwa tlasetlase jo bo tshwanang le kgolegelo, jo baengele ba ba seng kutlo ba motlha wa ga Noa ba neng ba latlhelwa mo go jone. Mo go 2 Petere 2:4, go dirisiwa ga lefoko tar·ta·ro′o (go “latlhela mo teng ga Tatarase”) ga go bontshe gore “baengele ba ba ileng ba leofa” ba ne ba latlhelwa mo Tataraseng ya ditlhamane tsa boheitane (e leng kgolegelo kgotsa lefelo le le lefifi le le ka fa tlase ga lefatshe la medimo ya maemo a a kwa tlase). Go na le moo, le bontsha gore Modimo o ne a ba isa kwa tlase, a ba ntsha mo lefelong le ba neng ba nna kwa go lone kwa legodimong le mo ditshiamelong tse ba neng ba na le tsone a bo a tsenya megopolo ya bone mo lefifing le lentshontsho gore ba se ka ba tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe jo bo galalelang. Gape lefifi le bontsha kwa ba tla felelang gone, e leng se Dikwalo di se tlhalosang gore ba tla senngwa gotlhelele mmogo le mmusi wa bone e bong Satane Diabolo. Ka jalo, Tatarase e bontsha gore baengele bao ba batlhanogi ba mo boemong jo bo kwa tlasetlase. Ga e tshwane le “khuti e e kwa tengteng” e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 20:1-3.

  • Tebethe.

    Ke leina la kgwedi ya bolesome mo khalendareng e e boitshepo ya Bajuda e bile e le kgwedi ya bonê mo khalendareng e ba neng ba e dirisa fa ba tloga ba lema. Ba ne ba le dirisa fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. E ne e simologa mo bogareng jwa kgwedi ya December go fitlha mo bogareng jwa kgwedi ya January. Gantsi e bidiwa fela go twe ‘kgwedi ya bolesome.’ (Est 2:16)—Bona Dintlha B15.

  • Tempele.

    Ke kago e e neng e le kwa Jerusalema e Baiseraele ba neng ba e dirisetsa kobamelo mo boemong jwa motlaagana. Tempele ya ntlha e ne e agilwe ke Solomone mme e ne ya senngwa ke Bababelona. Ya bobedi e ne ya agiwa ke Serubabele fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona mme moragonyana e ne ya tsosolosiwa ke Herode yo Mogolo. Mo Dikwalong, gantsi tempele e ne e bidiwa “ntlo ya ga Jehofa.” (Esr 1:3; 6:14, 15; 1Dt 29:1; 2Dt 2:4; Mat 24:1)—Bona Dintlha B8 le B11.

  •  Tente ya bokopanelo.

    Ke leina le le neng le dirisiwa go bitsa tente ya ga Moshe le motlaagana o o boitshepo o kwa tshimologong o neng o tlhomilwe kwa nageng.—Ek 33:7; 39:32.

  • Terafime.

    Ke medimo kgotsa medingwana ya lelapa e gantsi go neng go iwa kwa go yone go batla ditshupo. (Esk 21:21) E mengwe e ne e bopegile jaaka batho e bile e lekana le bone, mme e mengwe e ne e le mennye thata. (Ge 31:34; 1Sa 19:13, 16) Se baithutamarope ba se fitlhetseng kwa Mesopotamia se bontsha gore go nna le ditshwantsho tsa terafime go ne go kaya gore ke mang yo o tla amogelang boswa jwa lelapa. (Seno se ka tswa se tlhalosa lebaka la go bo Ragele a ile a tsaya terafime ya ga rraagwe.) Seno se ka tswa se ne se sa direge kwa Iseraele, le fa gone batho ba ne ba dirisa medingwana ya terafime mo kobamelong ya maaka ka nako ya baatlhodi le dikgosi, mme ke sengwe sa dilo tse Kgosi Josia yo o ikanyegang a ileng a di senya.—Baa 17:5; 2Dk 23:24; Hos 3:4.

  • Terompeta.

    Ke seletswa se se dirilweng ka mmetale, se se neng se dirisiwa go tlhaba mokgosi kgotsa se se neng se dirisiwa mo mminong. Mo go Dipalo 10:2, Jehofa o ne a ntsha ditaelo tsa gore go dirwe diterompeta tse pedi ka selefera tse di neng di tla dirisiwa go tlhaba mokgosi fa go bidiwa phuthego, fa batho ba fuduga kgotsa fa ba itsisiwe ka ntwa. Go bonala diterompeta tseno di ne di tlhamaletse, di sa tshwane le “dinaka” tse di obegileng tse di neng di dirilwe ka dinaka tsa diphologolo. Diterompeta tse go sa tlhalosiweng gore di ne di dirilwe jang, le tsone di ne di le teng mo diletsweng tsa mmino kwa tempeleng. Gantsi go lediwa ga diterompeta go ne go tshwantshetsa go itsisiwe ga dikatlholo tsa ga Jehofa kgotsa ditiragalo dingwe tsa botlhokwa tse di tswang kwa Modimong.—2Dt 29:26; Esr 3:10; 1Bk 15:52; Tsh 8:7–11:15.

  • Tetlanyo.

    Mo Dikwalong Tsa Sehebera, tetlanyo ke fa go ntshiwa ditlhabelo tse di neng di dira gore batho ba atamalane le Modimo le go mo obamela. Molao wa ga Moshe o ne o laela gore go ntshiwe ditlhabelo ka Letsatsi la Tetlanyo, e leng letsatsi le le neng le tshwarwa gangwe mo ngwageng. Seno se ne se dira gore batho botlhe mo setšhabeng ba kgone go atamalana le Modimo le fa ba leofile. Ditlhabelo tseno di ne di tshwantshetsa setlhabelo sa ga Jesu se a ileng a se ntshetsa maleo a batho gore ba kgone go atamalana le Jehofa.—Lef 5:10; 23:28; Bak 1:20; Bah 9:12.

  • Thekololo.

    Ke tlhwatlhwa e e duelwang go golola motho mo botshwarong, mo kotlhaong, mo pogisong, mo boleong kgotsa mo maikarabelong mangwe a a rileng. E ne e se ka dinako tsotlhe tlhwatlhwa eo e duelwang ka madi. (Isa 43:3) Thekololo e ne e tlhokega mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, maitibolo otlhe a bana ba basimane le a diphologolo kwa Iseraele e ne e le a ga Jehofa, mme go ne go tshwanetse ga ntshiwa thekololo kgotsa tlhwatlhwa ya go a golola gore a se ka a dirisiwa ka mo go feletseng mo tirelong ya ga Jehofa. (Dip 3:45, 46; 18:15, 16) Fa poo e e kotsi e e sa tlhokomelwang e ne e ka bolaya mongwe, mong wa yone o ne a tshwanetse go ntsha thekololo gore a gololesege mo kotlhaong e a neng a tshwanetse go e amogela ya go bolawa. (Ek 21:29, 30) Le fa go ntse jalo, thekololo ya mmolai wa ka boomo e ne e sa tshwanela go amogelwa. (Dip 35:31) Sa botlhokwa thata, Baebele e bua ka thekololo e Keresete a neng a e ntsha ka loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo gore a golole batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong.—Ps 49:7, 8; Mat 20:28; Bae 1:7.

  • Thota.

    Lefoko la Sehebera “Milo” le kaya “tlatsa.Septuagint e le ranola e le “citadel.” Go bonala e ne e le lefelo kgotsa kago nngwe mo Motseng wa ga Dafide mme ga go itsiwe gore lefelo leno le ne le le kae.—2Sa 5:9; 1Dk 11:27.

  • Tirelo e e boitshepo.

    Ke bodiredi kgotsa tiro e e boitshepo, e e amanang ka tlhamalalo le tsela e motho a obamelang Modimo ka yone.—Bar 12:1; Tsh 7:15.

  • Tishri.

    Bona ETHANIME le Dintlha B15.

  • Tlhogo ya pilara.

    Ke karolo e e kgabisitseng kwa godimo mo pilareng. Go ne go na le dipilara tse pedi fa pele ga tempele ya ga Solomone, e nngwe e ne e bidiwa Jakine mme e nngwe e bidiwa Boase. Dipilara tseno di ne di na le ditlhogo tsa dipilara tse dikgolo. (1Dk 7:16)—Bona Dintlha B8.

  • Tlolaganyo.

    Ke moletlo o Baiseraele ba neng ba o keteka ngwaga le ngwaga ka letsatsi la bo14 la kgwedi ya Abibe (e moragonyana e neng ya bidiwa Nisane), ba gopola nako ya fa ba ne ba gololwa kwa Egepeto. Ba ne ba e keteka ka go tlhaba nku (kgotsa podi) ba bo ba e besa, mme ba ne ba ja nama ya teng le  merogo e e galakang le senkgwe se se se nang sebediso.—Ek 12:27; Joh 6:4; 1Bk 5:7.

  • Tlotsa.

    Lefoko leno ka Sehebera le kaya “go tshasa ka sengwe se se elelang.” Motho kgotsa sengwe o ne a tshasiwa ka leokwane go bontsha gore o ineetse mo tirong nngwe e e kgethegileng. Gape lefoko leno le dirisitswe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo bathong ba ba neng ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong.—Ek 28:41; 1Sa 16:13; 2Bk 1:21.

  • Tsamaiso ya dilo.

    Ke tsela e lefoko la Segerika ai·on′ le ranolwang ka yone fa le bua ka tsela e dilo di leng ka yone kgotsa ka dikarolo tse di tlhaolang paka kgotsa motlha o o rileng. Baebele e dirisa “tsamaiso ya jaanong ya dilo,” fa e bua ka tsela e dilo di leng ka yone mo lefatsheng ka kakaretso le tsela e batho ba tshelang ka yone. (2Ti 4:10) Fa Modimo a ne a dira kgolagano ya Molao, o ne a tlhoma tsamaiso ya dilo e batho bangwe ba ka e bitsang motlha wa Baiseraele kgotsa wa Bajuda. Fa Jesu Keresete a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo sa thekololo, o ne a dirisiwa ke Modimo go tlhoma tsamaiso ya dilo e e farologaneng, e e neng e akaretsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Seno e ne e le tshimologo ya motlha o mosha, o go diregang dilo tse di neng di boleletswe pele mo kgolaganong ya Molao. Fa mafoko ano a dirisiwa mo bontsing, a kaya ditsamaiso tse di farologaneng, kgotsa maemo a a farologaneng a dilo di leng ka one, tse di ileng tsa nna gone kgotsa tse di tla nnang gone mo nakong e e tlang.—Mat 24:3; Mar 4:19; Bar 12:2; 1Bk 10:11.

  • Tsela.

    Ke lefoko le le dirisitsweng ka tsela ya tshwantshetso mo Dikwalong go kaya ditiro kgotsa boitshwaro jo Jehofa a bo amogelang kgotsa jo a sa bo amogeleng. Batho ba ba ileng ba nna balatedi ba ga Jesu Keresete ba ne ba bidiwa ba “Tsela,” se se bolelang gore botshelo jwa bone bo ne bo ikaegile thata ka tumelo ya bone mo go Jesu Keresete, ba latela sekao sa gagwe.—Dit 19:9.

  • Tshiamo.

    Mo Baebeleng, ke se se siameng go dumalana le molao wa Modimo wa se se siameng le se se sa siamang.—Ge 15:6; Dut 6:25; Dia 11:4; Sfn 2:3; Mat 6:33.

  • Tshupo.

    Gantsi go buiwa ka Melao e e Lesome e e neng e kwaletswe mo dikwalelong tse pedi tsa leje tse di neng tsa newa Moshe.—Ek 31:18.

  • Tsie.

    Ke mefuta ya ditsiakgope tse di tsamayang ka ditlhopha tse dikgolo. Molao wa ga Moshe o ne o letlelela gore di ka jewa ka gonne di le phepa. Ditsiakgope tse di neng di tsamaya ka ditlhopha tse dikgolo tse di neng di ja sengwe le sengwe se se mo tseleng ya tsone e bile di baka tshenyo e kgolo, di ne di tsewa e le petso.—Ek 10:14; Mat 3:4.

  • Tsogo ya baswi.

    Lefoko la Segerika a·na′sta·sis le kaya “go tsoga; go ema.” Mo Baebeleng go umakiwa ditiragalo di le robongwe tsa go tsosiwa ga baswi, go akaretsa le tiragalo ya fa Jehofa Modimo a ne a tsosa Jesu mo baswing. Le fa gone batho ba bangwe ba ile ba tsosiwa ke Elija, Elisha, Jesu, Petere le Paulo, dikgakgamatso tseo di ne di dirwa ka maatla a Modimo. Tsogo ya batho “ba ba siameng le ba ba sa siamang” ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng e botlhokwa thata mo boikaelelong jwa Modimo. (Dit 24:15) Gape Baebele e bua ka tsogo ya batho ba ba tla tsosediwang kwa legodimong, e e bidiwang tsogo “ya ntlha.” Yone e akaretsa bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ka moya.—Baf 3:11; Tsh 20:5, 6; Joh 5:28, 29; 11:25.

  • Tuku e e kgethegileng.

    Ke letsela le le neng le thathelelwa mo tlhogong. Moperesiti yo mogolo o ne a rwala tuku e e kgethegileng ya letsela le le boleta, e e neng e bofeletswe mokgabisa wa gauta fa pele ka mogala o o botala jwa loapi. Kgosi e ne e rwala tuku e e kgethegileng ka fa tlase ga serwalo sa bogosi. Jobe o ne a dirisa lefoko leno ka tsela ya tshwantshetso fa a ne a tshwantsha tshiamiso ya gagwe le tuku e e kgethegileng.—Ek 28:36, 37; Job 29:14; Esk 21:26.

U

  • Urime le Thumime.

    Ke dilo tse di neng di dirisiwa ke moperesiti yo mogolo ka tsela e bola bo neng bo dirisiwa ka yone. Di ne di dirisiwa go bona gore ke eng se Modimo a se batlang fa setšhaba se ne se tlhoka go itse karabo e e tswang kwa go Jehofa ka dikgang tsa botlhokwa. Urime le Thumime di ne di tsenngwa mo kgetsaneng ya sehuba ya katlholo ya moperesiti yo mogolo fa a tsena mo motlaaganeng. Go bonala di ile tsa kgaotsa go dirisiwa fa Bababelona ba senya Jerusalema.—Ek 28:30; Neh 7:65.

Y

  • Yo o boikepo.

    Ke lefoko le le tlhalosang Satane Diabolo, yo o ganetsang Modimo le melao ya gagwe e e siameng.—Mat 6:13; 1Jo 5:19.