BAEBELE YA THANOLO YA LEFATSHE LE LESHA (E TLHABOLOTSWE KA 2021)

Ketapele ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Setswana
Ketapele ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/1001061100/univ/wpub/1001061100_univ_sqr_xl.jpg
nwt ts. 39

Ketapele

Modimo o bua le rona a dirisa Baebele e e Boitshepo. Re tshwanetse go e ithuta gore re itse Mokwadi wa yone. (Johane 17:3; 2 Timotheo 3:16) Mo Baebeleng, Jehofa Modimo o re bolelela se a se ikaeletseng ka batho le ka lefatshe.—Genesise 3:15; Tshenolo 21:3, 4.

Ga go ise go ke go nne le buka e e kileng ya fetola matshelo a batho jaaka yone. Baebele e re thusa go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Jehofa tse di jaaka lorato, kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi. E thusa batho go nna le tsholofelo le go itshokela maemo a a thata. Le gompieno e sa ntse e senola dilo tsa lefatshe leno tse di sa dumalaneng le thato ya Modimo.—Pesalema 119:105; Bahebera 4:12; 1 Johane 2:15-17.

Kwa tshimologong Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, Searamaika le Segerika, mme jaanong e ranoletswe mo dipuong di feta 3 000, e feletse kgotsa e le dikarolo dingwe tsa yone. Ga go na buka epe e e ranoletsweng mo dipuong tse dingwe le e e anamisitsweng mo lefatsheng jaaka yone. Seno ga se gakgamatse ka gonne boporofeti jwa Baebele jwa re: “Dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi [molaetsa wa Baebele wa konokono] di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

E re ka re lemoga gore molaetsa wa Baebele o botlhokwa, boikaelelo jwa rona ke gore re nne le Baebele e e dumalanang le se se mo mekwalong ya ntlhantlha, e e utlwalang sentle e bile e balega motlhofo. Ditlhogo tse di kwa morago mo Baebeleng eno tse di reng “Dikaelo Tsa go Ranola Baebele,” “Dilo Tse di Fetotsweng mo Baebeleng Eno” le “Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele” di tlhalosa dilo tse di tokafaditsweng mo Baebeleng eno tse di amanang le puo.

Batho ba ba ratang Jehofa Modimo e bile ba mo obamela ba batla thanolo ya Lefoko la Modimo e e nepileng le e e tlhaloganyesegang motlhofo. (1 Timotheo 2:4) Ka ntlha ya seo, re tlhabolotse Baebele eno ka Setswana, go dumalana le maikaelelo a rona a gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranolelwe mo dipuong tse dintsi kafa go ka kgonegang ka teng. Mmadi yo o rategang, re rapelela gore Baebele eno e go thuse fa o ntse o leka ‘go itse Modimo.’—Ditiro 17:27.

Komiti ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha