POTSO 17
Baebele e ka Thusa Lelapa la Gago Jang?
BANNA/BORRE
“Ka tsela e e tshwanang, banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, ka gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o fepa a bo a o tlhokomela . . . Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata.”
“Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona mme tswelelang lo ba godisa ka go ba otlhaya le go ba kaela ka tsela e Jehofa a batlang ka yone.”
BASADI
“Mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.”
“Lona basadi ba ba nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e leng se Morena a batlang gore lo se dire.”
BANA
“Bana, utlwang batsadi ba lona go dumalana le thato ya Morena, ka gonne seno se siame. Taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso e a re, ‘Tlotla rrago le mmago gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele lobaka lo loleele mo lefatsheng.’”
“Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe ka gonne Morena o itumelela seno thata.”