Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

  A2

Dilo Tse di Fetotsweng mo Baebeleng Eno

Ka 1950, go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Seesemane, mme ka 1961 go ne ga gatisiwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e feletse. Fa e sa le ka nako eo, batho ba le bantsi ba solegetswe molemo ke go bala Baebele eno e e utlwalang sentle e bile e ranoletswe mo dipuong di feta 180 go tswa mo mekwalong ya bogologolo.

Go setse go fetile dingwaga di feta 50 e ntse e le teng, mme puo yone e a fetoga. Seno se ne sa dira gore Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e dire diphetogo mo Baebeleng eno gore e kgone go ama batho ba ba e balang gompieno. Jaanong go fetotswe mafoko mangwe le tsela e a rulaganngwang ka yone go akantswe ka dilo tse di latelang:

  • Puo e e buiwang gompieno. Ka sekai, lefoko “kgokafalo” le ranotswe e le “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo”; “boitshwaro jo bo repileng” e le “boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale”; mme “mediro ya ditlhapelo” e le “meletlo ya botlhapelwa.”—Bagalatia 5:19-21.

    Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng pele ga eno, dipolelwana dingwe tsa Sehebera di ranotswe jaaka di ntse mme seo se ne se dira gore go nne thata gore mmadi a tlhaloganye gore go buiwa ka eng. Mo thanolong eno e e tlhabolotsweng dipolelwana tseo di ranotswe go ya ka se go buiwang ka sone. Ka sekai, mo go 1 Samuele 25:22 go ne go dirisitswe polelwana ya Sehebera e e sotlang banna e e reng “ba ba tlhapologelang mo loboteng,” mme gone jaanong go dirisitswe lefoko “monna” go tlhalosa gore go buiwa ka eng.

  • Mafoko a Baebele a tokafaditswe. Mangwe a mafoko a a dirisitsweng mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng pele ga eno, gantsi a ne a tlhoka go tlhalosiwa gore a tlhaloganngwe sentle. Ka sekai, Baebele e dirisa lefoko la Sehebera “Sheole” le lefoko la Segerika “Hadese” fa e bua ka lebitla. Batho ba bantsi ga ba itse mafoko ano, e bile lefoko “Hadese” le dirisiwa mo ditlhamaneng tsa Segerika mme le na le bokao bo sele. Ka ntlha ya mabaka ano, mafoko ao a mabedi a emiseditswe ka lefoko “Lebitla,” e leng  se tota Bakwadi ba Baebele ba neng ba bua ka sone. Gone jaanong lefoko “Sheole” le lefoko “Hadese” a tsentswe kwa dintlheng tse di kwa tlase mo Baebeleng.—Pesalema 16:10; Ditiro 2:27.

    Lefoko le lengwe le le tlogetsweng mo Baebeleng jaaka le ntse ke “diphilo” fa go buiwa ka karolo ya mmele wa motho. Le fa go ntse jalo, mo go Pesalema 7:9, 26:2 le Tshenolo 2:23, le dirisitswe go tshwantshetsa sengwe. Mme mo ditemaneng tseo le ranotswe e le “maikutlo a a kwa tengteng” kgotsa “dikakanyo tse di kwa tengteng” go tlhalosa se tota go buiwang ka sone, mme go bo go tsenngwa ntlha e e kwa tlase go bontsha gore ka dipuo tsa ntlhantlha go ne go twe diphilo.

    Mafoko a mangwe a a ranotsweng go ikaegile ka gore go ne go buiwa ka eng ke “nonneng,” “nama” le “lonaka.” (Genesise 45:18; Moreri 5:6; Jobe 16:15) Mangwe a mafoko ano a tlhalosiwa mo “Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng.”

    Mo Baebeleng eno ga go dirisiwe lefoko “sefapaano” kgotsa “go bapola” jaaka Dibaebele tse dingwe tsa Setswana tse di ranotseng Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di dirile. Go na le moo, e dirisa mafoko a a jaaka ‘kota ya tlhokofatso’ kgotsa “kokotela mo koteng,” go tlhalosa se lefoko la Segerika e leng stauros le se kayang ka Segerika e leng kota e e tlhamaletseng kgotsa pale.—Mathaio 10:38; Luke 24:20.

  • Go dirisiwa mafoko a a thusang babadi go tlhaloganya gore go buiwa ka bomang. Ka Sehebera le ka Segerika go dirisiwa mafoko mangwe a a bontshang gore go buiwa ka monna kgotsa ka mosadi, mme ka dinako tse dingwe Segerika ga se tlhalose. Mme gone, fa go ka ranolwa mafoko a Sehebera le Segerika se a dirisitseng jaaka a ntse, go ka nna ga se ka ga itsiwe gore go buiwa ka bomang. Gantsi ka Sehebera le ka Segerika batho ba le bantsi ba bidiwa “banna” mme ka dinako tse dingwe batho bao e a bo e le banna le basadi. Ka sekai, mafoko a a reng “bomorwa Iseraele,” a ka tswa a bua ka bomorwa Jakobe ba le 12, mme gantsi a bua ka setšhaba sotlhe sa Iseraele go akaretsa banna le basadi. (Genesise 46:5; Ekesodo 35:29) Gone jaanong go dirisitswe “Baiseraele” fa go buiwa ka setšhaba sotlhe. Gape mafoko a a jaaka “mosimane yo o se nang rre” a ne a fetolwa go nna “ngwana yo o se nang rre” kgotsa “khutsana” go bontsha gore go ka tswa go buiwa ka mosetsana kgotsa ka mosimane.

    Pele go dirwa diphetogo mo Baebeleng eno, go ile ga rapelwa thata mme diphetogo di ile tsa dirwa ka kelotlhoko go akantswe  ka tiro e e duleng diatla e Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha ya ntlha e ileng ya e dira.

Dilo tse dingwe tse di thusang tse di mo Baebeleng eno:

Baebele eno e na le dintlha tse di kwa tlase. Dintlha tseo tse di kwa tlase ke:

  • “Kgotsa” Ditsela tse dingwe tse mafoko a Sehebera, Searamaika le Segerika a ranotsweng ka tsone mme a kaya selo se se tshwanang.—Genesise 1:2, ntlha e e kwa tlase “metsi a mantsintsi a a boteng”; Joshua 1:8, “balela kwa tlase.”

  • “Kgotsa gongwe” Ditsela tse dingwe tse mafoko a ka ranolwang ka tsone mme gone a na le bokao jo bo farologaneng.—Genesise 21:6, “o tla tshega le nna”; Sekarea 14:21, “Mokanana.”

  • “Seheb., Seara., le Seger.,” Ditsela tse dingwe tse mafoko a Sehebera, Searamaika le Segerika a ranotsweng ka tsone lefoko ka lefoko kgotsa se mafoko mangwe a se kayang ka dipuo tseo.—Genesise 30:22, “a ime”; Ekesodo 32:9, “tlhogoethata.”

  • Ditlhaloso tsa se go buiwang ka sone Ditlhaloso tsa maina (Genesise 3:17, “Adame”; Ekesodo 15:23, “Mara”); dintlha tse di tlhalosang bokete jwa dilo (Genesise 6:15, “dikubita”); fa go dirisitswe maemedi go tlhalosa gore go buiwa ka mang (Genesise 49:25, “O”); dintlha tse di thusang mmadi tse a ka di fitlhelang mo karolong ya Dintlha Tse di Oketsegileng le Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng.—Genesise 37:35, “Lebitleng”; Mathaio 5:22, “Gehena.”

Karolo e e kwa tshimologong ya Baebele eno, e e bidiwang “Se se Mo Lefokong la Modimo,” e na le dithuto tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng. Morago ga buka ya Tshenolo go na le karolo ya “Dibuka Tsa Baebele,” “Kaedi ya Mafoko a Baebele” le “Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng.” Ditlhaloso Tsa Mafoko A a Mo Baebeleng di thusa babadi gore ba tlhaloganye mafoko mangwe a a dirisitsweng mo Baebeleng. Mo karolong ya Dintlha Tse di Oketsegileng A, go na le: “Dikaelo Tsa go Ranola Baebele,” “ Dilo Tse di Fetotsweng mo Baebeleng Eno,” “Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele,” “Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera,” “Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika,” “Tšhate: Baporofeti le Dikgosi Tsa Juda le Tsa Iseraele,” le “Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tsa Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng.” Karolo ya Dintlha Tse di Oketsegileng B, e na le dimmapa, ditšhate le tshedimosetso e nngwe e e ka thusang batho ba ba ithutang Baebele ka tlhoafalo.

 Mo Baebeleng eno, buka nngwe le nngwe e na le karolo e e tlhalosang dintlha tsa kgaolo nngwe le nngwe mmogo le ditemana tse di tsamaisanang le kgaolo eo, go thusa babadi go tlhaloganya gore buka eo yotlhe e bua ka eng. Kholomo e e fa gare mo tsebeng nngwe le nngwe e na le ditemana dingwe tse di neng di le teng mo Baebeleng e e gatisitsweng pele ga eno tse di bontshang gore temana eo e tsamaisana le ditemana dife tse dingwe tsa Baebele.