Genesise 3:1-24

  • Motho o a leofa (1-13)

  • Jehofa o atlhola batlhanogi (14-24)

    • Losika lwa mosadi lo bolelelwa pele (15)

    • Ba kobiwa mo Edene (23, 24)

3  Jaanong noga+ e ne e le botlhajana* thata mo diphologolong tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo a di dirileng. Ka jalo, e ne ya raya mosadi ya re: “A tota Modimo o rile lo se ka lwa ja leungo la setlhare sengwe le sengwe se se mo tshingwaneng?”+ 2  Foo mosadi o ne a raya noga a re: “Re ka nna ra ja maungo a ditlhare tse di mo tshingwaneng.+ 3  Mme gone, Modimo o buile jaana ka setlhare se se mo gare ga tshingwana:+ ‘Lo se ka lwa ja leungo la sone e bile lo se ka lwa se kgoma gore lo se ka lwa swa.’” 4  Foo noga e ne ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo kitla lo swa.+ 5  Gonne Modimo o a itse gore mo letsatsing le lo jang leungo la setlhare seo ka lone, matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”+ 6  Kgabagare mosadi o ne a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, tota setlhare seo se ne se kgatlha fa se lebilwe. Ka jalo, o ne a tsaya leungo la sone mme a le ja.+ Morago ga moo, o ne a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.+ 7  Foo matlho a bone boobabedi a ne a bulega mme ba ne ba lemoga gore ga ba a apara. Ka jalo, ba ne ba rokaganya matlhare a difeige ba bo ba itirela se ba ka se aparang mo dinôkeng.+ 8  Moragonyana ba ne ba utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo fa a ntse a tsamaya mo tshingwaneng mo e ka nnang maitseboa,* mme monna le mosadi wa gagwe ba ne ba iphitlhela sefatlhego sa ga Jehofa Modimo mo gare ga ditlhare tsa tshingwana. 9  Jehofa Modimo o ne a nna a bitsa monna a bo a mo raya a re: “O fa kae?” 10  Kgabagare o ne a re: “Ke ne ka utlwa lentswe la gago mo tshingwaneng, mme ka boifa ka gonne ke sa apara, ka jalo ke ne ka iphitlha.” 11  Foo o ne a re: “Ke mang yo o go reileng a re ga o a apara?+ A o jele leungo la setlhare se ke go laetseng gore o se ka wa le ja?”+ 12  Mme monna o ne a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng seo mme ka le ja.” 13  Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a raya mosadi a re: “O dirile eng?” Mosadi o ne a mo araba a re: “Noga e ntsieditse, ka jalo ke ne ka ja.”+ 14  Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a raya noga+ a re: “Ka gonne o dirile seno, o hutsegile mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gopa ka mpa mme o tla ja lorole malatsi otlhe a botshelo jwa gago. 15  Mme ke tla tsenya bobaba*+ fa gare ga gago+ le mosadi+ le fa gare ga losika lwa gago+ le losika lwa gagwe.+ O tla go tšhwetla* tlhogo+ mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”+ 16  O ne a raya mosadi a re: “Ke tla oketsa ditlhabi tsa gago thata fa o imile; o tla tshola bana ka ditlhabi, mme o tla eletsa go nna o na le monna wa gago, mme ene o tla go laola.” 17  Mme o ne a raya Adame* a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago mme wa ja leungo la setlhare se ke neng ka go raya ka re,+ ‘O se ka wa ja leungo la sone,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago.+ O tla bereka ka thata malatsi otlhe a botshelo jwa gago gore o je se se tlhogang mo go one.+ 18  O tla go tlhogisetsa mmitlwa le mefero, mme o tla tshwanelwa ke go ja dimela tsa naga. 19  O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung ka gonne o ntshitswe mo go one.+ O tla boela mo loroleng ka gonne o lorole.”+ 20  Morago ga moo, Adame o ne a bitsa mosadi wa gagwe a re Efa,* ka gonne o ne a tla nna mmê wa batho botlhe ba ba tshelang.+ 21  Mme Jehofa Modimo o ne a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tse ditelele tsa letlalo a bo a ba apesa.+ 22  Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a re: “Motho o tshwana le rona o itse molemo le bosula.+ Jaanong, ke tshwanetse go dira sengwe gore a se ka a kgetla leungo mo setlhareng sa botshelo+ a bo a le ja mme a tshelela ruri.”* 23  Foo Jehofa Modimo o ne a mo koba mo tshingwaneng ya Edene+ gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go one.+ 24  Ka jalo, o ne a kobela motho kwa ntle a bo a baya ditšheruba+ kwa botlhaba jwa tshingwana ya Edene le tšhaka e e tswang kgabo ya molelo, e e neng e dikologa e sa kgaotse gore e dise tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “boferefere; kelotlhoko.”
Kgotsa “ka nako ya fa go foka phefonyana e e tsiditsana.”
Kgotsa “itaya; gobatsa.”
Kgotsa “letlhoo.”
Mo go kayang “Motho wa mo Lefatsheng; Motho.”
Mo go kayang “Yo o Tshelang.”
Kgotsa “a tshela ka bosakhutleng.”