Genesise 21:1-34
21 Jehofa o ne a gakologelwa Sara fela jaaka a ne a buile, mme Jehofa o ne a direla Sara se a neng a se solofeditse.+
2 Ka jalo, Sara o ne a ima+ a bo a tsholela Aborahame ngwana wa mosimane ka nako e e tlhomilweng e Modimo a neng a e solofeditse Aborahame, yo ka nako eo a neng a tsofetse.+
3 Aborahame o ne a bitsa morwawe yo a sa tswang go mo tsholelwa ke Sara, a re ke Isake.+
4 Fa Isake a na le malatsi a le robedi, Aborahame o ne a mo rupisa fela jaaka Modimo a ne a mo laetse.+
5 Aborahame o ne a na le dingwaga di le 100 fa a ne a tsholelwa morwawe e bong Isake.
6 Foo Sara o ne a re: “Modimo o ntliseditse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang seno o tla tshega le nna.”*
7 O ne a bo a re: “Ke mang yo o neng a ka raya Aborahame a re, ‘Ruri Sara o tla anyisa bana’? Le fa go ntse jalo, ke mo tsholetse morwa mo botsofeng jwa gagwe.”
8 Jaanong ngwana o ne a gola a bo a kgwisiwa, mme Aborahame o ne a dira moletlo o mogolo mo letsatsing le Isake a kgwisitsweng ka lone.
9 Mme Sara o ne a lemoga gore morwa Hagare+ wa Moegepeto, yo a neng a mo tsholetse Aborahame, o ne a sotla Isake.+
10 Ka jalo, Sara o ne a raya Aborahame a re: “Koba lelata leno le morwaalone ka gonne morwa lelata leno ga a ka ke a nna moruaboswa le morwaake Isake!”+
11 Mme se a neng a se bua ka morwa yono se ne se sa itumedise Aborahame gotlhelele.+
12 Foo Modimo o ne a raya Aborahame a re: “O se ka wa utlwisiwa botlhoko ke se Sara a go bolelelang sone ka mosimane le ka lelata la gago. Mo reetse* ka gonne se se tla bidiwang losika lwa gago se tla nna gone ka Isake.+
13 Mme morwa yono wa lelata,+ le ene ke tla dira setšhaba go tswa mo go ene+ ka gonne ke ngwana wa gago.”*
14 Ka jalo, Aborahame o ne a tsoga phakela thata mme a tsaya senkgwe le modutwana* wa metsi a bo a o naya Hagare. O ne a baya dilo tseno mo legetleng la gagwe a bo a mo tsamaisa le mosimane.+ Ka jalo, Hagare o ne a tsamaya mme a kgarakgatshega mo nageng ya Beere-sheba.+
15 La bofelo metsi a a mo modutwaneng a ne a fela, mme o ne a kgoromeletsa mosimane ka fa tlase ga setlhatshana sengwe.
16 Go tswa foo, o ne a tsamaya mme a nna a le esi mo e ka nnang sekgala se motswi o ka hulelwang gone ka gonne o ne a re: “Ga ke batle go bona fa mosimane a swa.” Ka jalo, o ne a nna fa fatshe a le kgakajana mme a goa a lela.
17 Foo Modimo o ne a utlwa lentswe la mosimane,+ mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa magodimong a mo raya a re:+ “Bothata ke eng Hagare? O se ka wa boifa ka gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane kwa a leng gone.
18 Ema, tsholetsa mosimane mme o mo tshware ka seatla ka gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.”+
19 Go tswa foo, Modimo o ne a bula matlho a gagwe mme a bona sediba sa metsi, o ne a ya kwa go sone a tlatsa modutwana ka metsi a bo a nosa mosimane.
20 Mme Modimo o ne a nna le mosimane yoo+ fa a ntse a gola. Mosimane o ne a nna mo nageng mme a nna mohudi wa metswi.
21 O ne a aga mo nageng ya Parana+ mme mmaagwe o ne a mo tseela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.
22 Ka nako eo, Abimeleke a na le Fikole molaodi wa masole a gagwe, o ne a raya Aborahame a re: “Modimo o na le wena mo go sengwe le sengwe se o se dirang.+
23 Jaanong inkanele ka Modimo gore ga o kitla o dirisana ka go sa ikanyege le nna, le bongwanake le ditlogolwana tsa me le gore o tla dirisana le nna le batho ba lefatshe le o ntseng o nna mo go lone ka lorato lo lo sa kgaotseng lo lo tshwanang le lo ke lo go bontshitseng.”+
24 Ka jalo, Aborahame o ne a mo raya a re: “Ke a ikana.”
25 Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a ngongorega mo go Abimeleke ka sediba se batlhanka ba ga Abimeleke ba neng ba se tsere ka dikgoka.+
26 Abimeleke o ne a mo raya a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng seno; ga o a ka wa mpolelela e bile ke ntse ke sa itse sepe ka gone, ke gone ke utlwang gompieno.”
27 Foo Aborahame o ne a tsaya dinku le dikgomo mme a di naya Abimeleke, mme boobabedi ba dira kgolagano.
28 Fa Aborahame a ne a ntsha dikwanyana tse dinamagadi di le supa mo letsomaneng a di beela kwa thoko,
29 Abimeleke o ne a raya Aborahame a re: “Ke ka ntlha yang fa o beetse dikwanyana tse dinamagadi tseno tse supa kwa thoko?”
30 Foo o ne a mo raya a re: “O tshwanetse go amogela dikwanyana tse dinamagadi tseno tse supa go tswa mo seatleng sa me e le bosupi jwa gore ke epile sediba seno.”
31 Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Beere-sheba,*+ ka gonne boobabedi ba ne ba dira maikano gone.
32 Ka jalo, ba ne ba dira kgolagano+ kwa Beere-sheba mme morago ga moo Abimeleke le Fikole molaodi wa masole a gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafilisitia.+
33 Morago ga moo, Aborahame o ne a jala setlhare sa motamariseka kwa Beere-sheba mme o ne a bitsa leina la ga Jehofa gone koo,+ Modimo yo o nnang ka bosakhutleng.+
34 Mme Aborahame o ne a nna* mo lefatsheng la Bafilisitia lobaka lo loleele.*+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “o tla ntshega.”
^ Seheb., “Reetsa lentswe la gagwe.”
^ Seheb., “losika lwa gago.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Gongwe go kaya “Sediba sa Maikano” kgotsa “Sediba sa Tse Supa.”
^ Kgotsa “a aga e le motswakwa.”
^ Seheb., “malatsi a le mantsi.”