Genesise 16:1-16

  • Hagare le Ishemaele (1-16)

16  Jaanong mosadi wa ga Aberame e bong Sarai, o ne a se na bana,+ mme Sarai o ne a na le lelata la Moegepeto yo leina la gagwe e neng e le Hagare.+ 2  Ka jalo, Sarai o ne a raya Aberame a re: “Tsweetswee, ntheetse! Jehofa o nthibetse gore ke se ka ka tshola bana. Tsweetswee, tlhakanela dikobo le lelata la me. Gongwe nka nna le bana ka ene.”+ Ka jalo, Aberame o ne a reetsa se Sarai a neng a se bua. 3  Fa Aberame a sena go nna dingwaga di le lesome mo lefatsheng la Kanana, mosadi wa gagwe e bong Sarai o ne a tsaya lelata la gagwe la Moegepeto e bong Hagare a bo a mo naya Aberame gore e nne mosadi wa gagwe. 4  Ka jalo, Aberame o ne a tlhakanela dikobo le Hagare mme a ima. E rile Hagare a lemoga gore o imile, o ne a simolola go nyatsa Sarai mong wa gagwe. 5  Foo Sarai o ne a raya Aberame a re: “Ke molato wa gago go bo ke utlwisitswe botlhoko thata jaana. Ke nna ke neng ka baya lelata la me mo diatleng tsa gago,* mme fa le lemoga gore le imile, le ne la simolola go nnyatsa. E kete Jehofa a ka atlhola fa gare ga me le wena.” 6  Ka jalo, Aberame o ne a raya Sarai a re: “Bona! Lelata la gago le mo taolong ya gago. Dira ka lone se o bonang se siame.” Foo Sarai o ne a dira gore le tlhabiwe ke ditlhong mme la tswa fa go ene la sia. 7  Moragonyana moengele wa ga Jehofa o ne a fitlhela Hagare fa motsweding wa metsi kwa nageng, motswedi o o mo tseleng e e yang Shure.+ 8  Mme o ne a mo raya a re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae mme o ya kae?” O ne a araba a re: “Ke tshabile Sarai mong wa me.” 9  Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Boela kwa go mong wa gago mme o dire se a reng o se dire.” 10  Gape moengele wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi thata, mo lo se kitlang lo balega ka ntlha ya bontsintsi jwa lone.”+ 11  Moengele wa ga Jehofa o ne a oketsa jaana: “O moimana, mme o tla belega ngwana wa mosimane mme o mmitse Ishemaele,* ka gonne Jehofa o bone* pogisego ya gago. 12  O tla tshwana le tonki ya naga.* O tla lwa le mongwe le mongwe e bile mongwe le mongwe o tla lwa le ene, mme o tla nna go bapa le bomorwarraagwe botlhe.”* 13  Foo Hagare o ne a bitsa leina la ga Jehofa, mme a mo raya a re: “O Modimo yo o bonang sengwe le sengwe,”*+ ka gonne Hagare o ne a re: “A go riana ke bone ene yo o mponang?” 14  Ke gone ka moo sediba seo se neng sa bidiwa Beere-lahai-roi.* (Se fa gare ga Kadeshe le Berede.) 15  Ka jalo, Hagare o ne a tsholela Aberame ngwana wa mosimane mme Aberame a bitsa morwawe, yo Hagare a mo tshotseng, a re Ishemaele.+ 16  Aberame o ne a na le dingwaga di le 86 fa Hagare a mo tsholela Ishemaele.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “mo sehubeng sa gago.”
Mo go kayang “Modimo o a Utlwa.”
Seheb., “utlwile.”
Bangwe ba akanya gore go tewa pitse ya naga. Gongwe ba bua seno ka ntlha ya tsela e e tshelang ka yone.
Kgotsa gongwe “mme ga a kitla a agisana le ope wa bomorwarraagwe.”
Kgotsa “yo o mponang.”
Mo go kayang “Sediba Sa yo O Tshelang yo o Mponang.”