Genesise 45:1-28

  • Josefa o ikitsise bomorwarraagwe (1-15)

  • Bomorwarraagwe Josefa ba ya go tsaya Jakobe (16-28)

45  Josefa o ne a sa tlhole a kgona go itshwara fa pele ga batlhokomedi botlhe ba gagwe.+ Foo o ne a goa a re: “Ntshang mongwe le mongwe fa go nna!” Ka jalo, ga go ope yo o neng a sala le Josefa fa a ikitsise bomorwarraagwe.+  Mme o ne a simolola go lelela kwa godimo mo e leng gore Baegepeto ba ne ba mo utlwa le ba ba mo ntlong ya ga Faro ba ne ba mo utlwa.  La bofelo Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Ke nna Josefa. A rre o sa ntse a tshela?” Mme bomorwarraagwe ba ne ba sa kgone go mo araba gotlhelele ka gonne ba ne ba mo gakgamaletse.  Ka jalo, Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Tsweetswee nkatamelang.” Mme ba ne ba mo atamela. Go tswa foo, o ne a re: “Ke nna Josefa morwarraalona, yo lo neng lwa mo rekisa mme a tlisiwa mo Egepeto.+  Mme jaanong lo se ka lwa hutsafala e bile lo se ka lwa galefelana ka go bo lo nthekisitse ke bo ke tla kwano; ka gonne Modimo o nthometse kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo.+  Ono ke ngwaga wa bobedi wa leuba mo lefatsheng,+ mme go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tse go tla bong go sa lemiwe e bile go sa robiwe mo go tsone.  Ka gone, Modimo o nthometse kwa pele ga lona gore ke boloke ditlogolwana* tsa lona+ mo lefatsheng le gore lo tswelele lo tshela ka gonne lo golotswe ka tsela e gakgamatsang.  Ka jalo, ga se lona lo neng lwa nthomela fano, Modimo wa boammaaruri ke ene a nthometseng kwano gore a ntlhome go nna mogakolodi yo mogolo* wa ga Faro le mookamedi wa ntlo yotlhe ya gagwe le molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.+  “Boelang kwa go rre ka bonako mme lo mo reye lo re, ‘Josefa morwao o buile jaana: “Modimo o ntlhomile gore ke nne morena mo Egepeto yotlhe.+ Tla kwa go nna. O se ka wa diega.+ 10  O tla nna mo nageng ya Goshene+ kwa o tla bong o le gaufi le nna gone: wena, bomorwao, barwa ba bomorwao, matsomane a gago, metlhape ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone. 11  Ke tla go tlamela ka dijo o le koo, ka gonne go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tsa leuba.+ Go seng jalo, wena le ba ba mo ntlong ya gago lo tla humanega e bile sengwe le sengwe se o nang le sone se tla nyelela.”’ 12  Jaanong lona le nnake Benjamine, lo kgona go iponela ka matlho a lona gore ke nna yono yo ke buang le lona.+ 13  Ka jalo, lo bolelele rre ka kgalalelo yotlhe e ke nang le yone mo Egepeto le sengwe le sengwe se lo se boneng. Jaanong itlhaganeleng lo tlise rre fano.” 14  Foo o ne a tlamparela* Benjamine mme a lela, Benjamine le ene o ne a lela a beile mabogo a gagwe mo molaleng wa ga Josefa.+ 15  Mme o ne a suna bomorwarraagwe botlhe a bo a lelela mo melaleng ya bone, morago ga moo bomorwarraagwe ba ne ba bua le ene. 16  Dikgang tseno di ne tsa goroga kwa ntlong ya ga Faro: “Bomorwarraagwe Josefa ba tlile!” Mme seno se ne sa itumedisa Faro le batlhanka ba gagwe. 17  Ka jalo, Faro o ne a raya Josefa a re: “Raya bomorwarrago o re, ‘Pegang dijo mo ditonking* tsa lona mme lo tsamaye lo ye kwa lefatsheng la Kanana, 18  lo ye go tsaya rraalona le ba matlo a lona mme lo tle kwano mo go nna. Ke tla lo naya dilo tse di molemo tsa lefatshe la Egepeto, mme lo tla ja* karolo e e humileng* thata ya lefatshe.’+ 19  Gape ke go laela gore o ba reye o re:+ ‘Tsayang dikara+ mo lefatsheng la Egepeto lo ye go pega bana ba lona le basadi ba lona lo bo lo pege rraalona mo go nngwe ya tsone mme lo tle kwano.+ 20  Lo se ka lwa tshwenyega ka dithoto tsa lona+ ka gonne karolo e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng la Egepeto ke ya lona.’” 21  Bomorwa Iseraele ba ne ba dira jalo, mme Josefa a ba naya dikara jaaka Faro a ne a mo laetse a bo a ba naya mefago ya loeto. 22  O ne a naya mongwe le mongwe wa bone seaparo se a tla se aparang fa a apola se a se apereng, mme Benjamine ene a mo naya dishekele tsa selefera di le 300 le diaparo di le tlhano.+ 23  Mme o ne a romelela rraagwe dilo tse di latelang: ditonki di le lesome di rwele dilo tse di molemo tsa Egepeto le ditonki tse dinamagadi di le lesome di rwele dijo tsa ditlhaka le senkgwe le mefago ya ga rraagwe ya loeto. 24  Ka jalo, o ne a naya bomorwarraagwe tsela, mme fa ba tsamaya o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa galefelana mo tseleng.”+ 25  Ba ne ba tswa mo Egepeto mme ba ya kwa lefatsheng la Kanana kwa go Jakobe rraabone. 26  Foo ba ne ba mmegela ba re: “Josefa o sa ntse a tshela e bile ke molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto!”+ Mme o ne a garoga pelo ka gonne o ne a sa ba dumele.+ 27  E rile ba mmolelela mafoko otlhe a Josefa a neng a a buile le bone e bile a bona dikara tse Josefa a neng a di rometse go tla go mo tsaya, Jakobe rraabone o ne a simolola go itumela.* 28  Iseraele o ne a goa a re: “Go lekane! Morwaake Josefa o sa ntse a tshela! Ke tshwanetse go ya go mmona pele ke swa!”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “masalela.”
Seheb., “go nna rre.”
Seheb., “a wela mo molaleng wa ga.”
Seheb., “mo diphologolong tse di rwalang merwalo.”
Kgotsa “lo tla tshela ka.”
Kgotsa “nonneng.”
Seheb., “moya wa ga rraabone e bong Jakobe o ne wa rula.”