Genesise 8:1-22

  • Metsi a morwalela a a fokotsega (1-14)

    • O romela leeba (8-12)

  • Ba tswa mo arakeng (15-19)

  • Tsholofetso ya Modimo malebana le lefatshe (20-22)

8  Modimo o ne a gakologelwa Noa le diphologolo tsotlhe tsa naga le diruiwa tse di neng di na le ene mo arakeng,+ mme Modimo o ne a dira gore phefo e foke mo lefatsheng, mme metsi a ne a simolola go fokotsega. 2  Metsi otlhe a a mo loaping le dikgoro tsotlhe tsa metsi tse di kwa magodimong di ne tsa tswalwa, ka jalo pula e e tswang kwa magodimong e ne ya kgaotsa.*+ 3  Metsi a ne a simolola go fokotsega ka bonya ka bonya mo lefatsheng. Kwa bowelong jwa malatsi a le 150, metsi a ne a fokotsegile. 4  Mo letsatsing la bo17 la kgwedi ya bosupa, araka e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata. 5  Mme metsi a ne a nna a fokotsega ka iketlo go fitlha ka kgwedi ya bolesome. Mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bolesome, ditlhoa tsa dithaba di ne tsa bonala.+ 6  Ka jalo, kwa bokhutlong jwa malatsi a le 40, Noa o ne a bula fensetere+ ya araka e a neng a e dirile 7  a bo a romela legakabe kwa ntle; le ne la nna le fofela kwa ntle le bo le boa, go fitlha metsi a kgala mo lefatsheng. 8  Moragonyana o ne a romela leeba kwa ntle go bona gore a metsi a ne a fokotsegile mo lefatsheng. 9  Leeba ga le a ka la bona mo le ka kotamang* gone, ka jalo le ne la boela kwa go ene mo arakeng ka gonne metsi a ne a sa ntse a khurumeditse lefatshe lotlhe.+ Foo o ne a ntsha seatla a le tsenya mo arakeng. 10  O ne a leta malatsi a mangwe gape a le supa a bo a romela leeba gape gore le ye kwa ntle ga araka. 11  Fa leeba le tla kwa go ene e ne e tloga e nna maitseboa, o ne a bona letlhare la motlhware le le sa tswang go kgetlwa mo molomong wa lone! Ka jalo, Noa o ne a lemoga gore metsi a ne a fokotsegile mo lefatsheng.+ 12  O ne a leta malatsi a mangwe a le supa. Morago ga moo, o ne a romela leeba gape mme la se ka la tlhola le boela kwa go ene. 13  Jaanong mo ngwageng wa bo601,+ mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya ntlha, metsi a ne a kgadile mo lefatsheng; Noa o ne a tlosa karolo nngwe ya borulelo jwa* araka, mme o ne a bona gore lefatshe le ne le oma. 14  Mo letsatsing la bo27 la kgwedi ya bobedi, lefatshe le ne le setse le omile. 15  Jaanong Modimo o ne a raya Noa a re: 16  “Tswa mo arakeng, wena, mosadi wa gago, bomorwao le basadi ba bomorwao.+ 17  O ntshe ditshedi tsotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe,+ ditshedi tse di fofang, diphologolo le diphologolo tsotlhe tse di gagabang, gore di oketsege* mo lefatsheng di bo di ate di nne dintsi mo lefatsheng.”+ 18  Ka jalo Noa o ne a tswa mo arakeng, a na le bomorwawe,+ mosadi wa gagwe le basadi ba bomorwawe. 19  Setshedi sengwe le sengwe, phologolo nngwe le nngwe e e gagabang le setshedi sengwe le sengwe se se fofang, sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng, di ne tsa tswa mo arakeng ka fa losikeng lwa tsone.+ 20  Go tswa foo, Noa o ne a agela Jehofa sebeso+ mme a tsaya dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le dingwe tsa ditshedi tsotlhe tse di fofang+ tse di phepa a bo a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang mo sebesong.+ 21  Mme Jehofa o ne a simolola go dupa lonko lo lo itumedisang.* Ka jalo, Jehofa o ne a bua jaana mo pelong: “Nka se tlhole ke hutsa mmu+ gape ka ntlha ya motho ka gonne dikakanyo le dikeletso tsa pelo ya gagwe di bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele;+ e bile nka se tlhole ke senya sengwe le sengwe se se tshelang jaaka ke dirile.+ 22  Go tloga jaanong, lefatshe le tla nna le na le nako ya go jala le nako ya go roba, e bile le tla nna le na le serame le mogote, selemo le mariga le motshegare le bosigo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “thibelwa.”
Kgotsa “mo le ka bayang pato ya lonao lwa lone.”
Seheb., “a tlosa sekhurumetso sa.”
Kgotsa “tlale.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”