Genesise 33:1-20

  • Jakobe o kopana le Esau (1-16)

  • Jakobe o ya kwa Shekema (17-20)

33  Jaanong Jakobe o ne a tsholetsa matlho mme a bona Esau a tla le banna ba le 400.+ Ka jalo, o ne a kgaoganya bana a ba naya Lea, Ragele le malata a mabedi.+  O ne a baya malata le bana ba one kwa pele,+ go bo go latela Lea le bana ba gagwe+ mme a baya Ragele+ le Josefa kwa morago ga bone.  Go tswa foo, o ne a ya kwa pele ga bone mme a ikobela fa fatshe makgetlo a le supa fa a ntse a atamela kwa go morwarraagwe.  Mme Esau o ne a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a mo suna mme ba thubega ka selelo.  Fa a tsholetsa matlho mme a bona basadi le bana, o ne a re: “Ke bomang bano ba ba nang le wena?” mme Jakobe o ne a re: “Ke bana ba Modimo a segofaditseng motlhanka wa gago ka bone.”+  Foo malata a ne a atamela le bana ba one mme ba ikoba,  Lea le ene a atamela le bana ba gagwe, ba ikoba. Go tswa foo, Josefa o ne a atamela le Ragele, le bone ba ikoba.+  Esau o ne a re: “Mophato ono otlhe wa batsamai o ke kopaneng le one o kaya eng?”+ O ne a mo araba a re: “Gore morena wa me a nkamogele.”+  Foo Esau o ne a re: “Ke na le dithoto tse dintsi thata morwarra.+ A tseo di tswelele e le tsa gago.” 10  Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a mo raya a re: “Nnyaa, tsweetswee. Fa e le gore o nkamogetse, o tshwanetse go tsaya mpho e ke go e nayang ka gonne ke e tlisitse gore ke tle ke bone sefatlhego sa gago. Mme ke bone sefatlhego sa gago jaaka e kete ke bone sefatlhego sa Modimo ka gonne o nkamogetse ka boitumelo.+ 11  Tsweetswee, tsaya mpho e e neng ya tlisiwa kwa go wena, e ka yone ke go eleletsang tse di molemo+ ka gonne Modimo o ntshegofaditse e bile ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang.”+ Mme o ne a nna a mo emelela go fitlha a e tsaya. 12  Moragonyana Esau o ne a mo raya a re: “A re bolole re tsamaye, mme mma ke tsamaye kwa pele ga gago.” 13  Mme ene o ne a mo raya a re: “Morena wa me o a lemoga gore bana ba sa ntse ba le bannye+ e bile ke tlhokometse dinku le dikgomo tse di anyisang. Fa di ka tsamaisiwa ka bonako mo letsatsing le le lengwe, letsomane lotlhe le tla swa. 14  Tsweetswee, a morena wa me a tsamaele kwa pele ga motlhanka wa gagwe, mme nna ke tla tswelela ka loeto ke iketlile go ya ka mosepele wa diruiwa le wa bana go fitlha ke goroga kwa go morena wa me kwa Seire.”+ 15  Foo Esau o ne a re: “Tsweetswee, mma ke tlogele bangwe ba batho ba me le wena.” Foo ene o ne a re: “Goreng o tshwanetse go dira jalo? Ke tlhoka fela gore morena wa me a nkamogele.” 16  Ka jalo, mo letsatsing leo Esau o ne a boela morago a ya Seire. 17  Mme Jakobe o ne a ya kwa Sukothe,+ mme a ikagela ntlo a bo a agela motlhape wa gagwe mafelo a a sireletsegileng gone. Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Sukothe.* 18  Fa Jakobe a ne a tswa kwa Padana-arama,+ o ne a goroga a sireletsegile kwa motseng wa Shekema,+ mo lefatsheng la Kanana,+ mme a kampa gaufi le motse oo. 19  Mme o ne a reka karolo ya naga mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema, ka madi a selefera a le 100. O ne a tlhoma tente ya gagwe mo karolong eo.+ 20  O ne a aga sebeso gone mme a se bitsa Modimo, Modimo wa Iseraele.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Diobo; Mafelo a a Sireletsegileng.”