Genesise 24:1-67

  • Isake o batlelwa mosadi (1-58)

  • Rebeka o ya go kgatlhantsha Isake (59-67)

24  Jaanong Aborahame o ne a tsofetse, a na le dingwaga di le dintsi, mme Jehofa o ne a mo segofaditse ka sengwe le sengwe.+  Aborahame o ne a raya motlhanka wa gagwe yo mogolo mo go botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, yo a neng a laola sengwe le sengwe se a nang le sone+ a re: “Tsweetswee, baya seatla sa gago ka fa tlase ga serope sa me,*  mme o ikane ka Jehofa, Modimo wa magodimo le Modimo wa lefatshe, gore ga o kitla o tseela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke nnang mo gare ga bone.+  Go na le moo, o tshwanetse go ya kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me+ mme o batlele Isake morwaake, mosadi teng.”  Le fa go ntse jalo, motlhanka o ne a mo raya a re: “Go tweng fa mosadi yoo a sa batle go tla le nna mo lefatsheng leno? A ke tshwanetse go isa morwao kwa lefatsheng le o neng wa tswa kwa go lone?”+  Foo Aborahame o ne a mo raya a re: “O tlhomamise gore ga o kitla o isa morwaake koo.+  Jehofa Modimo wa magodimo, yo o neng a ntsaya mo lelapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba losika lwa me,+ yo o neng a bua le nna a bo a inkanela,+ a re: ‘Ke tlile go naya losika lwa gago+ lefatshe leno,’+ o tla romela moengele wa gagwe kwa pele ga gago,+ mme ruri wena o tla tseela morwaake mosadi gone.+  Mme fa mosadi yoo a sa batle go tla le wena, o tla bo o gololesegile mo maikanong ano. Mme gone, ga o a tshwanela go isa morwaake koo.”  Foo motlhanka o ne a baya seatla sa gagwe ka fa tlase ga serope sa ga Aborahame mong wa gagwe a bo a ikana gore o tla dira fela jaaka a mo kopile.+ 10  Ka jalo, motlhanka o ne a tsaya dikamela tsa mong wa gagwe di le lesome a bo a tsamaya, o ne a tsaya dilo tsotlhe tse dintle tse mong wa gagwe a mo neileng tsone. Go tswa foo, o ne a tsena mo tseleng a ya Mesopotamia, kwa motseng wa ga Nahore. 11  O ne a khubamisa dikamela fa fatshe fa sedibeng kwa ntle ga motse. E ne e ka nna maitseboa, ka nako ya fa basadi ba ya go ga metsi. 12  Go tswa foo, o ne a re: “Jehofa, Modimo wa ga Aborahame mong wa me, tsweetswee, dira gore ke atlege mo letsatsing leno o bo o bontshe Aborahame mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng. 13  Ke eme fano fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba a tswa ba tla go ga metsi. 14  E kete go ka direga gore lekgarebe le ke le rayang ke re, ‘Tsweetswee, isa nkgo ya gago ya metsi kwa tlase gore ke nwe,’ le bo le araba le re, ‘Tsaya o nwe, e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi,’ e ka nna lone le o le tlhophelang motlhanka wa gago, e bong Isake; mme mma ke itse ka seno gore o bontshitse mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng.” 15  Pele a fetsa go bua, Rebeka, yo e neng e le morwadia Bethuele+ morwa Mileka+ mosadi wa ga Nahore,+ morwarraagwe Aborahame, o ne a tla a beile nkgo ya gagwe ya metsi mo legetleng. 16  Jaanong lekgarebe leno le ne le le lentle thata; go ne go se na monna ope yo o kileng a tlhakanela dikobo le lone. O ne a fologela kwa motsweding mme a tlatsa nkgo ya gagwe ya metsi, morago ga moo a tlhatloga. 17  Ka yone nako eo, motlhanka o ne a siana a ya go mo kgatlhantsha mme a re: “Tsweetswee, ntshiele metsinyana mo nkgong ya gago.” 18  Mme ene a re: “Tsaya o nwe morena wa me.” Foo o ne a folosa nkgo ya gagwe mo legetleng a bo a e tshwara ka diatla fa motlhanka a ntse a nwa. 19  Fa a sena go mo siela, o ne a re: “Ke tla gela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.” 20  Ka jalo, ka bonako fela o ne a tshela metsi a a neng a le mo nkgong ya gagwe mo mokorong o diruiwa di nwelang metsi mo go one mme a taboga a boaboela kwa sedibeng go ya go ga metsi, mme o ne a nna a gela dikamela tsotlhe metsi. 21  Mo nakong eno yotlhe, monna yono o ne a mo tlhomile matlho a didimetse e bile a gakgametse, a ipotsa gore a Jehofa o ne a atlegisitse loeto lwa gagwe kgotsa nnyaa. 22  Fa dikamela di sena go nwa, monna yono o ne a tsaya lenyena la nko la gauta la bokete jwa halofo ya shekele* le maseka a mabedi a gauta a bokete jwa dishekele* di le lesome 23  a bo a mo raya a re: “Tsweetswee mpolelela, o morwadia mang? A go na le phaposi e re ka lalang mo go yone kwa ntlong ya ga rrago?” 24  Foo Rebeka o ne a mo raya a re: “Ke morwadia Bethuele+ morwa Mileka, yo Mileka a neng a mo tsholela Nahore.”+ 25  Gape o ne a mo raya a re: “Re na le lotlhaka le furu e ntsi e bile go na le lefelo le lo ka lalang mo go lone.” 26  Foo monna yono o ne a inama, a ikoba fa pele ga ga Jehofa 27  a bo a re: “A Jehofa a bakwe, Modimo wa ga Aborahame mong wa me ka gonne ga a kgaotsa go bontsha mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng e bile ka metlha o diragatsa ditsholofetso tse a di mo solofetsang. Jehofa o ne a nkaela gore ke tle mo ntlong ya bomorwarraagwe mong wa me.” 28  Mme Rebeka o ne a siana a ya go bolelela mmaagwe le ba bangwe dilo tseno. 29  Jaanong Rebeka o ne a na le kgaitsadie yo o neng a bidiwa Labane.+ Ka jalo, Labane o ne a sianela kwa monneng yoo, yo o neng a le kwa ntle kwa motsweding. 30  Fa a bona lenyena la nko le maseka mo diatleng tsa ga kgaitsadie e bile a utlwa mafoko a kgaitsadie e bong Rebeka a neng a a bua a re, “Seno ke se monna yono a se mpoleletseng,” Labane o ne a tla go kgatlhantsha monna yoo, yo o neng a sa ntse a eme fa thoko ga dikamela fa motsweding. 31  Foo o ne a raya monna yono a re: “A re ye, wena yo o segofaditsweng ke Jehofa. Ke ka ntlha yang fa o eme fa ntle fano? Ke baakantse ntlo e bile ke baakantse le lefelo la dikamela.” 32  Foo monna yono o ne a tsena mo ntlong, a* golola dikamela a bo a di naya lotlhaka le furu, mme o ne a tlisa metsi gore a tlhapise dinao tsa gagwe le dinao tsa banna ba ba neng ba na le ene. 33  Le fa go ntse jalo, e rile go bewa dijo fa pele ga gagwe, a re: “Ga nkitla ke ja go fitlha ke go bolelela se ke tshwanetseng go se go bolelela.” Ka jalo, Labane o ne a mo raya a re: “Bua!” 34  Go tswa foo, o ne a re: “Ke motlhanka wa ga Aborahame.+ 35  Mme Jehofa o segofaditse mong wa me fela thata e bile o mo humisitse thata ka go mo naya dinku le dikgomo, selefera le gauta, batlhanka le malata, le dikamela le ditonki.+ 36  Mo godimo ga moo, fa Sara mosadi wa mong wa me a sena go tsofala,+ o ne a tsholela mong wa me ngwana wa mosimane, mme o tla mo naya sengwe le sengwe se a nang le sone.+ 37  Ka jalo, mong wa me o ne a dira gore ke ikane, a re: ‘O se ka wa batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana, ba ke nnang mo lefatsheng la bone.+ 38  Mme o tla ya kwa ntlong ya ga rre le kwa go ba lelapa la gaetsho+ mme o tseele morwaake mosadi gone.’+ 39  Foo ke ne ka raya mong wa me ka re: ‘Go tweng fa mosadi yoo a sa batle go tla le nna?’+ 40  O ne a nthaya a re: ‘Jehofa, yo ke tsamaileng fa pele ga gagwe,+ o tla romela moengele wa gagwe+ gore a nne le wena mme ruri o tla dira gore loeto lwa gago lo atlege, mme o tshwanetse go tseela morwaake mosadi mo go ba lelapa la gaetsho le mo ntlong ya ga rre.+ 41  Fa o ya kwa go ba lelapa la gaetsho ba bo ba sa go mo neye, o tla bo o gololesegile mo maikanong a o a ntiretseng. Seno se tla go golola mo maikanong a gago.’+ 42  “Gompieno fa ke tsena kwa motsweding ke ne ka re: ‘Jehofa, Modimo wa ga Aborahame mong wa me, fa e le gore o tla dira gore loeto lwa me lo atlege, 43  ke nna yono ke eme fa motsweding wa metsi. A go diragale gore lekgarebe+ le le tlang go ga metsi, le ke tla le rayang ke re, “Tsweetswee, ntshiele metsinyana mo nkgong ya gago,” 44  mme lone le ntheye le re, “O ka nwa e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi.” Mosadi yoo a e nne ene yo Jehofa a mo tlhophetseng morwa mong wa me.’+ 45  “Pele ga ke fetsa go bua seno mo pelong, Rebeka o ne a tla a beile nkgo ya gagwe mo legetleng, a fologela kwa motsweding mme a simolola go ga metsi. Foo ke ne ka mo raya ka re: ‘Tsweetswee, ntshiele metsi.’+ 46  Ka jalo, o ne a folosa nkgo ya gagwe mo legetleng ka bonako a bo a re: ‘Tsaya o nwe,+ e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi.’ Ke ne ka nwa a bo a gela le dikamela metsi. 47  Morago ga moo, ke ne ka mmotsa jaana, ‘O morwadia mang?’ mme o ne a re, ‘Ke morwadia Bethuele morwa Nahore, yo Mileka a neng a mo tsholela Nahore.’ Ka jalo, ke ne ka tsenya lenyena mo nkong ya gagwe ka bo ka mo rwesa maseka mo diatleng.+ 48  Mme ke ne ka inama ka bo ka ikoba fa pele ga ga Jehofa mme ka baka Jehofa, Modimo wa ga Aborahame+ mong wa me, yo a neng a nkaela mo tseleng e e siameng gore ke tle go tsaya morwadia morwarraagwe Aborahame mong wa me gore a nne mosadi wa ga morwawe. 49  Mme jaanong mpoleleleng fa e le gore lo tla bontsha mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng e bile lo tla diragatsa se lo se solofeditseng; mme fa go sa nna jalo, mpoleleleng gore ke tle ke bone gore ke tsaya tsela efe.”*+ 50  Foo Labane le Bethuele ba ne ba araba ba re: “Seno se tswa kwa go Jehofa. Ga re kgone go dumela kgotsa go gana.* 51  Rebeka ke yono fa pele ga gago. Mo tseye o tsamaye, mme a a nne mosadi wa ga morwa mong wa gago, fela jaaka Jehofa a buile.” 52  Fa motlhanka wa ga Aborahame a utlwa mafoko a bone, ka yone nako eo, o ne a obama fa fatshe fa pele ga ga Jehofa. 53  Mme o ne a ntsha dilwana tsa selefera le tsa gauta le diaparo a di naya Rebeka a bo a naya kgaitsadie le mmaagwe dilo tse di tlhwatlhwakgolo. 54  Morago ga moo, ene le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba ja ba bo ba nwa, mme ba lala gone. Fa a tsoga mo mosong, o ne a re: “Nneyeng tsela ke ye kwa go mong wa me.” 55  Foo kgaitsadie le mmaagwe ba ne ba re: “A lekgarebe le nne le rona malatsi a ka nna lesome. Go tswa foo, a ka nna a tsamaya.” 56  Mme o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa nthibela ka gonne Jehofa o dirile gore loeto lwa me lo atlege. Nneyeng tsela, gore ke ye kwa go mong wa me.” 57  Ka jalo, ba ne ba re: “A re bitse lekgarebe mme re utlwe gore lone la reng.” 58  Ba ne ba bitsa Rebeka mme ba mo raya ba re: “A o tla tsamaya le monna yono?” O ne a araba a re: “Ke ikemiseditse go tsamaya.” 59  Ka jalo, ba ne ba letla Rebeka kgaitsadiabone+ le motlhokomedi*+ wa gagwe le motlhanka wa ga Aborahame le banna ba gagwe go tsamaya. 60  Mme ba ne ba segofatsa Rebeka ba mo raya ba re: “Kgaitsadiarona, e kete ditlogolwana tsa gago di ka nna dikete di le dintsi, mme a losika lwa gago lo gape metse* ya ba ba lo tlhoileng.”+ 61  Go tswa foo, Rebeka le batlhokomedi ba gagwe ba basadi ba ne ba ema, ba palama dikamela ba bo ba sala monna yono morago. Ka jalo, motlhanka wa ga Aborahame o ne a tsaya Rebeka a tsamaya. 62  Jaanong Isake o ne a tswa ntlheng ya Beere-lahai-roi+ ka gonne o ne a nna mo lefatsheng la Negebe.+ 63  Mme Isake o ne a dule a tsamayatsamaya mo nageng fa go tloga go nna maitseboa gore a akanyetse kwa teng.+ E rile a tsholetsa matlho, o ne a bona dikamela di tla! 64  Fa Rebeka a tsholetsa matlho, o ne a bona Isake mme ka yone nako eo a photsha mo kameleng. 65  Foo o ne a botsa motlhanka a re: “Monna yole yo o tsamayang mo nageng yo o tlang go re kgatlhantsha ke mang?” Mme motlhanka o ne a mo araba a re: “Ke mong wa me.” Ka jalo, o ne a tsaya letsela la gagwe a ikhurumetsa tlhogo. 66  Mme motlhanka o ne a bolelela Isake dilo tsotlhe tse a neng a di dirile. 67  Morago ga moo, Isake o ne a tlisa Rebeka mo tenteng ya ga Sara mmaagwe.+ Ka jalo, o ne a mo tsaya gore a nne mosadi wa gagwe; Isake o ne a mo rata+ mme a gomotsega ka gonne a ne a swetswe ke mmaagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

E ne e le tsela ya go tlhomamisa gore motho o tla dira se a se ikanetseng.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Gongwe go tewa Labane.
Seheb., “ke tle ke fapogele ka fa seatleng sa moja kgotsa sa molema.”
Kgotsa “Ga re kgone go go bolelela bosula kgotsa molemo.”
Go tewa mmelegi wa gagwe yo jaanong e leng motlhokomedi wa gagwe.
Seheb., “kgoro.”