Fetela kwa tshedimosetsong

“Nnang Pelotelele”!

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2023

Re go laletsa gore o nne gone kwa kopanong ya tikologo ya malatsi a le mararo ya ngwaga ono, e e tla bong e tshwerwe ke Basupi ba ga Jehofa

Go tsenwa mahala • Ga go tsewe koleke

Se go Tla Buiwang ka Sone

Labotlhano: Ithute gore go nna pelotelele go ka go thusa jang go fitlhelela mekgele e o ipeetseng yone.

Matlhatso: Go nna pelotelele go ka go thusa jang go tokafatsa tsela e o dirisanang ka yone le ba lelapa le ditsala tsa gago?

Sontaga: Fa o rapela Modimo o mo kopa gore a go thuse, o a bo o solofetse eng? Bona karabo ya potso eno mo puong e e theilweng mo Baebeleng ya setlhogo se se reng, “A Modimo o Tla go Thusa?”

Lebelela dibidio tse di latelang tse di buang ka kopano ya ngwaga ono

Go Direga Eng Kwa Dikopanong Tsa Rona?

Bona gore ke eng se o ka solofelang go se bona kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2023 ya “Nnang Pelotelele”!

Ke eng fa setlhogo sa kopano ya ngwaga ono se le mo nakong?

Se se mo Terameng ya Baebele ya: “Itsise Jehofa Tsela ya Gago”

Amani le ba lelapa la gagwe ba tshwanetse go tshaba gore ba boloke matshelo a bone. A ba tla ikaega ka botlhale jwa bone kgotsa a ba tla kopa Modimo wa bone gore a ba sireletse?