Kopa Thuto ya Baebele ya Mahala
A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele kgotsa ka Basupi ba ga Jehofa? Fa go le jalo, kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go etele. Tlatsa foromo e e fa tlase, mme Mosupi wa ga Jehofa yo o nnang mo lefelong la lona o tla ikgolaganya le wena.
Re tla dirisa tshedimosetso e o re fileng yone go dira se o se kopileng fela. Seno se dumalana le Molawana wa rona wa Kafa Tshedimosetso ya Batho e Dirisiwang ka Gone mo Lefatsheng Lotlhe (Global Policy on Use of Personal Data.)
Re Tla Ikgolaganya le Wena
Fa o sena go tlatsa foromo eno, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tla ikgolaganya le wena, mo lobakeng lwa beke kgotsa tse pedi.
Ithute go Tswa mo Baebeleng
Ithute se Baebele e se rutang ka ditlhogo tse di farologaneng, kgotsa botsa gore thuto ya rona ya Baebele ya mahala e tshwarwa jang.
Nako le Lefelo Le le Go Siametseng
Re ka go etela ka tlhamalalo kgotsa ra ikgolaganya le wena ka founo, ka nako e e go siametseng le kwa lefelong le le go siametseng.
Coronavirus (COVID-19): Mo mafelong a le mantsi, Basupi ba ga Jehofa ga ba etele batho kwa matlong a bone. Tsweetswee, fa o tlatsa foromo eno re kopa o tsenye phone number ya gago mme Mosupi yo o nnang mo lefelong la lona o tla go founela.