Fetela kwa tshedimosetsong

Segopotso sa Loso Lwa ga Jesu

Sontaga, March 24, 2024

Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa ba gopola loso lwa ga Jesu fela jaaka a ile a laela a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Luke 22:19.

Re go laletsa gore o nne gone kwa tiragalong eno.

Dipotso Tse Gantsi Batho ba Ipotsang Tsone

Thulaganyo eno e tsaya lobaka lo lo kae?

E tla tsaya mo e ka nnang ura.

E tla tshwarelwa kae?

Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mme ba tla go bolelela dintlha ka botlalo.

A ke tlhoka go duela gore ke nne gone kwa tiragalong eno?

Nnyaa.

A go ntshiwa koleke?

Nnyaa. Basupi ba ga Jehofa ga ba ke ba tsaya dikoleke kwa dikokoanong tsa bone.

Ke tshwanetse go tla ke apere jang?

Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba sa apare ka tsela nngwe e e kgethegileng, ba leka go latela kgakololo ya Baebele ya gore ba apare diaparo tse di rulagantsweng sentle le tse di tlotlegang. (1 Timotheo 2:9) Ga o tlhoke go apara diaparo tse di turang.

Go tla bo go dirwa eng kwa Segopotsong?

Fa thulaganyo e simologa go a opelwa, go tswa foo modiredi wa Basupi ba ga Jehofa a bo a rapela, mme go konelwa ka tsela e e tshwanang. Mo puong ya Segopotso, go buiwa thata ka botlhokwa jwa loso lwa ga Jesu le gore re ka solegelwa molemo jang ke se Modimo le Keresete ba re diretseng sone.

Fa o batla go bona dintlha tse di oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Selalelo ka Tsela e e Farologaneng le ya Madumedi a Mangwe?