Genesise 23:1-20
-
Loso lwa ga Sara le kwa a fitlhetsweng teng (1-20)
23 Mme Sara o ne a na le dingwaga di le 127 fa a ne a swa.+
2 Ka jalo, Sara o ne a swela kwa Kiriathe-areba+ e leng Heberone,+ mo lefatsheng la Kanana+ mme Aborahame o ne a simolola go hutsafalela Sara le go mo lelela.
3 Morago ga moo, Aborahame o ne a tswa fa pele ga mosadi wa gagwe yo o suleng mme a raya bomorwa Hethe+ a re:
4 “Ke motswakwa mme ke agile le lona.+ Nnayang lefelo mo gare ga lona le e tla nnang la go fitlhela gore ke ntshe moswi wa me mme ke mo fitlhe.”
5 Foo bomorwa Hethe ba ne ba araba Aborahame ba re:
6 “Re reetse morena wa me. O kgosana e e tlhophilweng ke Modimo* mo gare ga rona.+ O ka fitlha moswi wa gago mo lefelong la rona la go fitlhela le le a gaisang otlhe. Ga go na ope wa rona yo o tla ganang ka lefelo la gagwe la go fitlhela gore o se ka wa fitlha moswi wa gago.”
7 Ka jalo, Aborahame o ne a ema mme a ikoba fa pele ga batho ba lefatshe leo, bomorwa Hethe,+
8 mme a ba raya a re: “Fa e le gore lo dumela gore ke ntshe moswi wa me mme ke mo fitlhe, ntheetsang mme lo rotloetse Eferone morwa Sohare
9 gore a nthekisetse logaga lwa gagwe lwa Makapela; lo kwa ntlheng ya tshimo ya gagwe. A a lo nthekisetse fa pele ga lona ka madi a selefera a a lekaneng go reka tshimo+ gore ke nne le lefelo la go fitlhela.”+
10 Jaanong Eferone o ne a ntse mo gare ga bomorwa Hethe. Ka jalo, Eferone wa Mohite o ne a araba Aborahame bomorwa Hethe ba reeditse le botlhe ba ba neng ba tsena ka kgoro ya motse wa gagwe,+ a re:
11 “Nnyaa morena wa me! Ntheetse. Ke go naya tshimo le logaga lo lo mo go yone. Ke go e naya fa pele ga bomorwa batho ba gaetsho. Fitlha moswi wa gago.”
12 Foo Aborahame o ne a ikoba fa pele ga batho ba lefatshe leo
13 mme a bua le Eferone batho ba mo reeditse, a re: “Tsweetswee ntheetse! Ke tla go naya madi a selefera a a lekaneng go reka tshimo. A tseye mo go nna gore ke tle ke fitlhe moswi wa me gone.”
14 Foo Eferone o ne a araba Aborahame, a re:
15 “Ntheetse morena wa me. Lefatshe leno le ja dishekele* tsa selefera di le 400, mme gone seo ga se botlhokwa. Ka jalo fitlha moswi wa gago.”
16 Aborahame o ne a reetsa Eferone, mme a kalela Eferone madi a selefera a a neng a buile ka one bomorwa Hethe ba reeditse, dishekele* tsa selefera di le 400 go ya ka selekanyabokete se se neng se amogelwa ke bagwebi.+
17 Ka jalo, ba ne ba tlhomamisa gore tshimo ya ga Eferone e e kwa Makapela e e neng e le fa pele ga Mamere, tshimo le logaga lo lo mo go yone le ditlhare tsotlhe tse di mo melelwaneng ya tshimo eo, e ne e le
18 lefelo le Aborahame a le rekileng bomorwa Hethe ba le teng, fa pele ga botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe.
19 Morago ga moo, Aborahame o ne a fitlha Sara mosadi wa gagwe mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela fa pele ga Mamere e leng Heberone, mo lefatsheng la Kanana.
20 Ka gone, bomorwa Hethe ba ne ba naya Aborahame tshimo le logaga lo lo neng lo le mo go yone gore e nne lefelo la gagwe la go fitlhela.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “O kgosana e kgolo.”
^ Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
^ Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.