Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A3

Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele

Mokwadi wa Baebele ke ene yo o e sireleditseng. Ke ene a dirileng gore mafoko ano a kwalwe:

“Lefoko la Modimo wa rona le nna ka bosakhutleng.”Isaia 40:8.

Tota le fa gompieno re se na mekwalo ya Baebele ya ntlhantlha ya Dikwalo Tsa Sehebera le Searamaika * le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mafoko ao a boammaaruri. Jaanong re tla itse jang gore se se leng mo Baebeleng gompieno ke se se neng se le mo mekwalong ya ntlhantlha?

LEFOKO LA MODIMO LE A KWALOLOLWA

Gompieno re na le Dikwalo Tsa Sehebera ka gonne Modimo o ne a laetse gore batho ba kwalolole mekwalo eo ya bogologolo. * Ka sekai, Jehofa o ne a laela dikgosi tsa Iseraele gore di ikwalololele Molao. (Duteronome 17:18) Gape Modimo o ne a laetse Balefi gore ba tlhokomele Molao le gore ba o rute batho. (Duteronome 31:26; Nehemia 8:7) Fa Bajuda ba sena go isiwa botshwarwa kwa Babelona, go ne ga simolola go nna le setlhopha sa bakwalolodi kgotsa bakwadi (Basoferime). (Dintlha tse di kwa tlase mo go Esera 7:6) Fa nako e ntse e tsamaya, bakwadi bao ba ne ba dira dikhopi di le dintsi tsa dibuka di le 39 tsa Dikwalo Tsa Sehebera.

Go ne ga feta dingwaga di le makgolo bakwadi ba kwalolola dibuka tseo ka kelotlhoko. Magareng ga dingwaga tsa bo500 le tsa bo1500, setlhopha sa bakwadi ba Bajuda se se bidiwang Bamasora le sone se ne sa kwalolola dibuka tseo. Codex ya Leningrad ke mokwalo wa seatla wa bogologolo o o kwalolotsweng ka ngwaga wa 1008/1009 C.E. Le fa go ntse jalo, ka bo1950 go ne ga bonwa dikapetla le mekwalo ya seatla ya Baebele e ka nna 220 mo Memenong ya Lewatle le le Suleng. Mekwalo eo ya seatla, e nnile teng dingwaga di feta sekete pele ga Codex ya Leningrad. Fa go bapisiwa Memeno ya Lewatle le le Suleng le Codex ya Leningrad, re lemoga ntlha  eno ya botlhokwa: Le fa Memeno ya Lewatle le le Suleng e dirisitse mafoko a sele, seo ga se a fetola molaetsa wa Baebele.

Mme go tweng ka dibuka di le 27 tsa Dikwalo Tsa Segerika Tsa Bokeresete? Dibuka tseo di kwadilwe ke bangwe ba baaposetoloi ba ga Jesu Keresete mmogo le barutwa ba bangwe ba le mmalwa. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kwalolola dibuka tseo fela jaaka bakwadi ba Bajuda ba ne ba tlwaetse go dira. (Bakolosa 4:16) Le fa Mmusimogolo Diocletian wa kwa Roma le ba bangwe ba ne ba leka go fedisa dibuka tsotlhe tsa bogologolo tsa Bakeresete, ga ba a ka ba atlega ka gonne go sa ntse go na le dikapetla le mekwalo ya bogologolo e le mentsi.

Dibuka tsa Bakeresete tsa bogologolo di ne tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe. Dibaebele tsa ntlha di ne tsa ranolelwa mo dipuong dingwe tsa bogologolo tse di jaaka Se-Armenia, Se-Coptic, Se-Ethiopia, Se-Georgia, Selatine le Sesiria.

GO DIRISITSWE MEKWALO EFE YA SEHEBERA LE SEGERIKA FA GO RANOLWA BAEBELE ENO?

Mekwalo ya Baebele ya seatla ya bogologolo e e kwalolotsweng ga e a dirisa mafoko a a tshwanang. Jaanong re tla itse jang gore mekwalo ya bogologolo e ne e kwadilwe jang?

A re re ka sekai, morutabana o kopa bana ba le 100 gore ba kwalolole kgaolo nngwe mo bukeng nngwe. Tota le fa kgaolo e ba neng ba e kwalololwa e ka latlhega, fa go bapisiwa dikhopi tsele tse 100 go sa ntse go ka lemogiwa gore go ne go kwadilwe eng mo mekwalong eo ya ntlhantlha. Le fa bana bao ba ka dira diphoso, ga ba kitla ba dira diphoso tse di tshwanang. Ka tsela e e tshwanang, fa baithuti ba Baebele ba bapisa dikapetla le dibuka di le dintsi tsa bogologolo tsa Baebele tse di kwalolotsweng tse ba nang le tsone, ba ka kgona go bona diphoso tse bakwalolodi ba di dirileng ba bo ba lemoga gore mekwalo ya ntlhantlha e ne e ntse jang.

“Ga go na buka epe ya bogologolo e e kwalolotsweng ka tsela e e opang kgomo lonaka jaaka eno”

Re ka itse jang gore dintlha tse di neng di le mo mekwalong ya Baebele ya bogologolo di kwalolotswe sentle? Moithuti mongwe wa Baebele yo o bidiwang William H. Green o tlhalosa jaana ka Dikwalo Tsa Sehebera: “Tota re ka re ga go na buka epe ya bogologolo e e kwalolotsweng ka tsela e e opang kgomo lonaka jaaka eno.” Moithuti mongwe wa Baebele e bong F. F. Bruce o ne a kwala jaana ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kgotsa ka Tesetamente e Ntšha: “Go na le bosupi jo bontsi jo bo tshegetsang se se mo mekwalong ya Tesetamente e Ntšha go na le jo bo tshegetsang mekwalo e mentsi ya bakwadi ba bogologolo mme ga go na ope yo o kileng a  belaela gore e boammaaruri.” Gape o ne a re: “Fa e le gore Tesetamente e Ntšha e ne e le buka e nngwe fela, batho ba le bantsi ba ne ba tla dumela gore e boammaaruri.”

Kgaolo 40 ya buka ya Isaia e e mo Memenong ya Lewatle le le Suleng (ya ngwaga wa 125 go fitlha ka wa 100 B.C.E.)

Fa e bapisiwa le mekwalo ya seatla ya Sehebera e e kwadilweng dingwaga di le sekete moragonyana, go ne ga fitlhelwa e na le diphoso tse di sa reng sepe mme bontsi jwa tsone e le tsa tsela e mafoko a peletiwang ka yone

Kgaolo 40 ya buka ya Isaia e e mo Codex ya Aleppo, e leng mokwalo wa seatla wa Sehebera o o botlhokwa thata wa Bamasora o o kwadilweng mo e ka nnang ka ngwaga wa 930 C.E.

Mekwalo ya Sehebera: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Sehebera ka Seesemane (1953-1960) e ranotswe go tswa mo go Biblia Hebraica ya ga Rudolf Kittel. Fa e sa le ka nako eo, mekwalo ya Sehebera e ne ya tlhabololwa mo Biblia Hebraica Stuttgartensia le mo Biblia Hebraica Quinta, ka ntlha ya dipatlisiso tse di dirilweng mo Memenong ya Lewatle le le Suleng le mo mekwalong e mengwe ya seatla ya bogologolo. Dibuka tseno di dirisitse Codex ya Leningrad mme di ne di tla di tsenya le dintlha tse di kwa tlase mo go neng go na le mafoko a a sa tshwaneng le a a leng mo mekwalong e mengwe e e jaaka dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa Baebele tsa Sesamarea, Memeno ya Lewatle le le Suleng, Septuagint ya Segerika, Dithanolo Tsa Searamaika, Vulgate ya Selatine le Peshitta ya Sesiria. Fa go ne go tlhabololwa Baebele eno ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, go ne ga lebiwa Biblia Hebraica Stuttgartensia le Biblia Hebraica Quinta.

Mekwalo ya Segerika: Mo dingwageng tse di fa gare ga 1853 le 1881, fa baithuti ba Baebele e bong B. F. Westcott le F.J.A. Hort ba ne ba kwala dibuka tsa Segerika, ba ne ba bapisa mekwalo ya seatla le dikapetla tsa Baebele tse ba neng ba tsaya gore di bontsha sentle gore mekwalo ya ntlhantlha e ne e ntse jang. Mo e ka nnang ka bo1950, Komiti ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne ya dirisa dibuka tseo tsa Segerika fa go ne go ranolwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya ntlha ka Seesemane. Gape go ne ga dirisiwa mekwalo e mengwe ya bogologolo ya papirase e go akanngwang gore ke ya ngwaga wa 125 C.E go ya go 300 C.E. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga bonwa mekwalo e mengwe e mentsi ya papirase. Dibuka tse dingwe tsa Segerika tsa Nestle le Aland le tsa United Bible Societies di na le dipatlisiso tsa bosheng tse di dirilweng ke baithuti ba Baebele. Fa go ne go tlhabololwa Baebele eno, go dirisitswe dipatlisiso dingwe tse di fitlhetsweng mo dibukeng tseo.

Dibuka tseo tsa Segerika di bontsha gore ditemana tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di mo Dibaebeleng tsa bogologolo tse di jaaka King James Version, tota bakwalolodi ba di itsenyeditse e bile di ne di seyo mo mekwalong e e kwadilweng ke bakwadi ba ntlha ba Baebele. Le fa go ntse jalo, ka bo1550, Baebele e ne e setse e diretswe ditemana. Ka jalo fa ditemana tseo tse di itsenyeditsweng di ntshiwa, go ne ga sala go se na mafoko mo go tsone. Ditemana tseo ke Mathaio 17:21; 18:11; 23:14; Mareko 7:16; 9:44, 46; 11:26; 15:28; Luke 17:36; 23:17; Johane 5:4; Ditiro 8:37; 15:34; 24:7; 28:29; le Baroma 16:24. Mo Baebeleng eno e e tlhabolotsweng ditemana tseno di na le ntlha e e kwa tlase.

 Go na le bosupi jo bo bontshang gore konelo e telele e e mo go Mareko 16 (temana 9 go fitlha ka 20), le konelo e khutshwane e e mo go Mareko 16 le mafoko a mangwe a a fitlhelwang mo go Johane 7:53–8:11, a ne a seyo mo mekwalong ya seatla ya ntlhantlha. Ka jalo, mekwalo eo e e seng boammaaruri ga e a tsenngwa mo Baebeleng eno. *

Go dirilwe diphetogo fale le fale ka gonne baithuti ba Baebele ba dumela gore mafoko mangwe a ne a le teng mo mekwalong ya ntlhantlha. Ka sekai, mo mekwalong mengwe ya seatla, Mathaio 7:13 ya re: “Tsenang ka kgoro e tshesane, ka gonne kgoro e e isang kwa tshenyegong e atlhame e bile tsela ya teng e bulegile.” Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng pele ga eno, lefoko la bobedi e leng “kgoro” le le tlhagang mo temaneng eno le ne le seyo. Mme temana eno e ne e re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi.” Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tse di dirilweng ka kelotlhoko mo mekwalong ya seatla di bontshitse gore lefoko leno le ne le le teng mo mekwalong ya ntlhantlha. Ka jalo, gone jaanong le tsentswe mo Baebeleng eno. Mme go na le diphetogo tse dingwe tse di dirilweng tse di tshwanang le tseno. Le fa go ntse jalo, diphetogo tseo ga di kalo e bile ga di fetole molaetsa o o mo Lefokong la Modimo.

Mokwalo wa seatla wa papirase wa 2 Bakorintha 4:13–5:4 o o kwadilweng mo e ka nnang ka ngwaga wa 200 C.E.

^ ser. 5 Re tla di bitsa Dikwalo Tsa Sehebera mo setlhogong seno.

^ ser. 7 Lebaka le lengwe le le neng le dira gore mekwalo ya bogologolo e kwalololwe, ke gonne e ne e kwadilwe mo dilong tse di neng di senyega ka bonako.

^ ser. 18 Fa o batla go bona gore ke ka ntlha ya eng fa ditemana tseno di tsewa di se boammaaruri, o ka bala Baebele ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References, e e gatisitsweng ka 1984.