Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 2

O ka ithuta ka Modimo Jang?

“Buka eno ya Molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, mme o tshwanetse go e balela kwa tlase bosigo le motshegare, gore o ikobele ka kelotlhoko sotlhe se se kwadilweng mo go yone; foo tsela ya gago e tla atlega e bile o tla dira ka botlhale.”

Joshua 1:8

“Mme ba ne ba tswelela ba balela Molao wa Modimo wa boammaaruri kwa godimo go tswa mo bukeng eo, ba o tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle e bile ba dira gore o nne le bokao; ka jalo ba ne ba thusa batho go tlhaloganya se se neng se balwa.”

Nehemia 8:8

“Go itumela motho yo o sa lateleng kgakololo ya batho ba ba bosula . . . , mme o itumedisiwa ke molao wa ga Jehofa, e bile o balela molao wa Gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”

Pesalema 1:1-3

“Filipo o ne a taboga go bapa le yone mme a mo utlwa a balela mekwalo ya ga moporofeti Isaia kwa godimo, mme o ne a mo raya a re: ‘A tota o tlhaloganya se o se balang?’ O ne a re: ‘Tota nka tlhaloganya jang go se na mongwe yo o ntlhalosetsang?’”

Ditiro 8:30, 31

“Le fa re sa kgone go bona Modimo, re ka kgona go mo itse fa re ithuta ka dilo tse a di bopileng. Dilo tseo di bontsha gore o na le maatla a a sa feleng le gore ruri ke Modimo. Batho ba ba itlhokomolosang bosupi jono, ga ba na seipato sa go sa dumele mo go ene.”

Baroma 1:20

“Akanya thata ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore batho botlhe ba bone tsela e o gatelang pele ka yone.”

1 Timotheo 4:15

“A re akanyetsaneng gore re tle re tlhotlheletsane go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo. A re se ka ra tlogela go phuthega mmogo.”

Bahebera 10:24, 25

“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a bo kope mo Modimong mme o tla bo newa, ka gonne Modimo o bo naya botlhe ba ba bo kopang mme o dira jalo ka bopelotshweu e bile a sa ba kgobe.”

Jakobe 1:5