Genesise 44:1-34
44 Moragonyana o ne a laela monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe, a re: “Tlatsa dikgetsi tsa banna bano ka dijo tse dintsi mo ba ka kgonang go di tsholetsa mme o tsenye madi a mongwe le mongwe wa bone mo kgetsing ya gagwe.*+
2 O tsenye kopi ya me, kopi ya me ya selefera, mo kgetsing ya yo mmotlana le madi a dijo tsa gagwe tsa ditlhaka.” Ka jalo, o ne a dira jaaka Josefa a mo laetse.
3 Mo mosong fa go sena go nna lesedi, banna bano ba ne ba letlelelwa go tsamaya, mme ba ne ba tsaya ditonki tsa bone ba tsamaya.
4 Ba ne ba ise ba tsamaele kgakala le motse fa Josefa a raya monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe a re: “Itlhaganele! Lelekisa banna bale! Fa o ba tshwara o ba reye o re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo diretse mong wa me bosula mme a lo diretse molemo?
5 A kopi eno ga se e mong wa me a nwang ka yone le e a balang ditshupo ka yone ka botswerere? Lo dirile selo se se bosula.’”
6 Ka jalo, o ne a ba tshwara mo tseleng a bo a ba bolelela mafoko ano.
7 Mme ba ne ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa morena wa rona a bua jalo? Re ka se dire jalo.
8 Kana madi a re neng re a fitlhetse mo melomong ya dikgetsi tsa rona re ne ra a busetsa kwa go wena re tswa kwa lefatsheng la Kanana.+ Ka gone, re ka utswa jang selefera kgotsa gauta mo ntlong ya mong wa gago?
9 Fa e ka fitlhelwa mo go mongwe wa rona, a a bolawe, mme le rona rotlhe re tla nna batlhanka ba mong wa gago.”
10 Ka jalo, o ne a re: “A go nne jaaka lo bua: Yo e ka fitlhelwang mo go ene o tla nna motlhanka wa me, mme lona lotlhe lo tla bo lo se na molato.”
11 Fa a rialo, mongwe le mongwe wa bone o ne a folosetsa kgetsi ya gagwe fa fatshe ka bonako a bo a e bula.
12 O ne a batla ka kelotlhoko, a simolola ka kgetsi ya yo mogolo mme a feleletsa ka ya yo mmotlana. La bofelo kopi ya fitlhelwa mo kgetsing ya ga Benjamine.+
13 Foo ba ne ba gagoganya diaparo tsa bone mme mongwe le mongwe wa bone a pega morwalo wa gagwe gape mo tonking ya gagwe mme ba boela kwa motseng.
14 Fa Juda+ le bomorwarraagwe ba tsena mo ntlong ya ga Josefa, o ne a sa ntse a le gone; mme ba ne ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe.+
15 Josefa o ne a ba raya a re: “Goreng lo dirile selo seno? A lo ne lo sa itse gore monna yo o tshwanang le nna o kgona go bala ditshupo ka botswerere?”+
16 Juda o ne a araba a re: “Re tla go raya re reng? Tota re tla bua eng? Mme re ka bontsha jang gore re batho ba ba siameng? Modimo wa boammaaruri o bone molato wa rona.+ Jaanong re batlhanka ba gago, mong wa me, rona le yo kopi e fitlhetsweng mo go ene!”
17 Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a re: “Nnyaa, ga nkitla ke lo dira batlhanka ba me lotlhe! Monna yo kopi e fitlhetsweng mo go ene ke ene yo o tla nnang motlhanka wa me.+ Mme lona ba bangwe, yang kwa go rraalona ka kagiso.”
18 Jaanong Juda o ne a mo atamela a bo a re: “Ke a go kopa mong wa me, tsweetswee mma ke bue le wena, mme o se ka wa nkgalefela ka gonne wena o ntse fela jaaka Faro.+
19 Mong wa me, o ne wa re botsa go re, ‘A lo na le rre kgotsa morwarraalona?’
20 Ka jalo mong wa me, re ne ra go raya ra re, ‘Re na le rre yo o tsofetseng le ngwana yo a mo tsholetsweng a setse a tsofetse, monnaarona.+ Mme mogolowe o sule,+ ka jalo ke ene fela morwa wa ga mmaagwe yo o setseng+ e bile rraagwe o a mo rata.’
21 Morago ga moo, o ne wa re raya wa re, ‘Lo mo tlise kwa go nna gore ke mmone.’+
22 Mme mong wa me, re ne ra go raya ra re, ‘Mosimane yoo ga a kgone go kgaogana le rraagwe. Fa a ka kgaogana le ene, ruri rraagwe o tla swa.’+
23 Go tswa foo, o ne wa re raya wa re, ‘Lo se ka lwa tla mo go nna gape fa lo sa tle le monnaalona.’+
24 “Ka jalo, re ne ra ya kwa go rre mme ra mmolelela mafoko a gago, mong wa me.
25 Moragonyana rraarona o ne a re, ‘Tsamayang lo ye go re rekela dijonyana.’+
26 Re ne ra mo raya ra re, ‘Re ka se kgone go ya. Mme fa monnaarona a na le rona re tla ya, ka gonne ga re ka ke ra boela kwa monneng yole fa re sa tsamaye le ene.’+
27 Foo rre o ne a re raya a re, ‘Lo itse sentle gore mosadi wa me o ne a ntsholela bana ba babedi ba basimane.+
28 Yo mongwe wa bone o ne a ntlogela mme ke ne ka re: “Ruri o tshwanetse a bo a gagogantswe!”+ mme ga ke ise ke mmone go tla go fitlha jaanong.
29 Fa lo ka tsaya le yono mo go nna a bo a tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang, ruri lo tla dira gore ke ye kwa Lebitleng*+ ka meriri e mesweu ke hutsafetse.’+
30 “Jaanong fa nka boela kwa go rre, mosimane a se na le rona, e re ka a* rata mosimane yono thata,
31 fa a bona gore mosimane ga a yo, o tla swa, mme ruri re tla dira gore rraarona a ye kwa Lebitleng* ka meriri e mesweu a hutsafetse.
32 Ke ne ka solofetsa rre gore ke tla tlhokomela mosimane yono, ke ne ka re, ‘Fa nka se mmusetse kwa go wena, ke tla bo ke go leofetse ka bosakhutleng.’+
33 Jaanong tsweetswee, mma go sale nna mo boemong jwa mosimane gore ke nne motlhanka wa gago, gore mosimane a tle a tsamaye le bomogolowe.
34 Ke tla ya jang kwa go rre mosimane a seyo? Nka se kgone go itshokela go bona rre a welwa ke masetlapelo ano!”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “mo molomong wa kgetsi ya gagwe.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “botshelo jwa gagwe bo bofagane le botshelo jwa mosimane.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.