Genesise 4:1-26

  • Kaine le Abele (1-16)

  • Ditlogolwana tsa ga Kaine (17-24)

  • Sethe le Enoshe morwawe (25, 26)

4  Jaanong Adame o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe e bong Efa mme a ima.+ Fa a tshola Kaine+ o ne a re: “Ke tshotse ngwana wa mosimane ka thuso ya ga Jehofa.” 2  Moragonyana o ne a tshola ngwana yo mongwe gape, mme a mmitsa Abele.+ Abele o ne a nna modisa wa letsomane, mme Kaine a nna molemi. 3  Fa nako e ntse e tsamaya, Kaine o ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka mangwe a maungo a a a lemileng. 4  Mme Abele ene o ne a ntsha setlhabelo ka mangwe a maitibolo a letsomane la gagwe,+ go akaretsa le mafura a one. Jehofa o ne a amogela Abele le setlhabelo sa gagwe,+ 5  mme ga a ka a amogela Kaine le setlhabelo sa gagwe. Ka jalo, Kaine o ne a galefa fela thata, mme o ne a se ka a itumela.* 6  Foo Jehofa o ne a raya Kaine a re: “Ke ka ntlha yang fa o galefile e bile o sa itumela? 7  Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o amogelwa?* Mme fa o sa dire molemo, boleo bo iphitlhile fa kgorong e bile bo batla go go laola; a o tla bo fenya?” 8  Morago ga moo, Kaine o ne a raya monnawe e bong Abele a re: “A re ye kwa nageng.” Ka jalo fa ba le kwa nageng, Kaine o ne a tlhasela Abele a bo a mmolaya.+ 9  Moragonyana Jehofa o ne a raya Kaine a re: “Monnao Abele o kae?” mme o ne a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” 10  Foo Modimo o ne a mo raya a re: “O dirile eng? Utlwa! Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.+ 11  Mme jaanong o hutsitswe ka go lelekwa mo mmung o o butseng molomo wa one, gore o monye madi a ga monnao, a seatla sa gago se a tsholotseng.+ 12  Fa o lema, mmu ga o kitla o go tlhogisetsa sepe.* O tla nna mokgarakgatshegi le motshabi mo lefatsheng.” 13  Foo Kaine o ne a raya Jehofa a re: “Kotlhao ya phoso ya me e kgolo thata gore nka e itshokela. 14  Gompieno o nteleka mo lefatsheng,* mme nka se tlhole ke kgona go bona sefatlhego sa gago; e bile ke tla nna mokgarakgatshegi le motshabi mo lefatsheng mme ruri mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.” 15  Ka jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “Ka lebaka leo, ope fela yo o bolayang Kaine o tla otlhaiwa makgetlo a le supa.” Ka jalo, Jehofa o ne a direla* Kaine sesupo* gore ope yo o mmonang a se ka a mmolaya. 16  Go tswa foo, Kaine o ne a tswa fa pele ga ga Jehofa mme o ne a aga mo lefatsheng la Node* go ela kwa botlhaba jwa Edene.+ 17  Morago ga moo, Kaine o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe+ mme a ima a bo a tshola Enoke. Go tswa foo, Kaine o ne a aga motse mme a o bitsa ka leina la ga morwawe e bong Enoke. 18  Moragonyana Enoke o ne a tsholelwa Irade. Mme Irade o ne a nna rraagwe Mehujaele, Mehujaele o ne a nna rraagwe Methushaele, Methushaele o ne a nna rraagwe Lameke. 19  Lameke o ne a nyala basadi ba babedi. Leina la mosadi wa ntlha e ne e le Ada mme leina la mosadi wa bobedi e le Sila. 20  Ada o ne a tshola Jabale. Jabale o ne a nna motho wa ntlha go nna mo dintenteng le go nna le diruiwa. 21  Leina la ga monnawe e ne e le Jubale. E ne ya nna motho wa ntlha go tshameka harepa le phala ya lotlhaka.* 22  Sila le ene o ne a tshola Tubale-kaine, yo o neng a dira didirisiwa tsa mofuta mongwe le mongwe tsa kopore le tsa tshipi. Mme kgaitsadie Tubale-kaine e ne e le Naama. 23  Go tswa foo, Lameke o ne a raya basadi ba gagwe, Ada le Sila, a re: “Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke;Reetsang lefoko la me: Ke bolaile monna ka gonne a ne a nkgobaditse,Ruri ke bolaile lekawana ka gonne le ne le nkiteile. 24  Fa motho yo o bolayang Kaine a tshwanetse go otlhaiwa makgetlo a le 7,+Motho yo o bolayang Lameke ene o tla otlhaiwa makgetlo a le 77.” 25  Adame o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe gape mme o ne a tshola ngwana wa mosimane. Efa o ne a mo naya leina a re Sethe*+ ka gonne o ne a re, “Modimo o ntlhometse ngwana* yo mongwe mo boemong jwa ga Abele, ka gonne Kaine o ne a mmolaya.”+ 26  Sethe le ene o ne a tsholelwa ngwana wa mosimane mme a mo naya leina a re Enoshe.+ Ka nako eo, batho ba ne ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “mme sefatlhego sa gagwe sa wa.”
^ Kgotsa “o godisiwa?”
^ Seheb., “o go busetsa maatla a one.”
^ Seheb., “nteleka go tswa mo sefatlhegong sa lefatshe.”
^ Kgotsa “tlhomela.”
^ Lefoko leno le ka kaya taelo e e neng e tlhagisa batho ba bangwe.
^ Mo go kayang “boemo jwa go nna mofaladi.”
^ Kgotsa “le fulutu.”
^ Mo go kayang “Tlhomiwa; Baya.”
^ Seheb., “losika.”