POTSO 19
Dibuka Tsa Baebele di Bua ka Eng?
DIKWALO TSA SEHEBERA (“TESETAMENTE E KGOLOGOLO”)
DIBUKA TSA NTLHA TSA BAEBELE (DIBUKA TSE 5):
Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Dipalo, Duteronome
Go tloga ka nako ya popo go fitlha ka nako ya fa setšhaba sa Iseraele wa bogologolo se tlhomiwa
DIBUKA TSE DI BUANG KA HISITORI (DIBUKA TSE 12):
Joshua, Baatlhodi, Ruthe
Nako ya fa Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le ditiragalo tse di tlang morago ga moo
1 le 2 Samuele, 1 le 2 Dikgosi, 1 le 2 Ditiragalo
Hisitori ya setšhaba sa Iseraele go fitlha ka nako ya fa Jerusalema e senngwa
Esera, Nehemia, Esethere
Hisitori ya Bajuda fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona
DIBUKA TSA MABOKO (DIBUKA TSE 5):
Jobe, Dipesalema, Diane, Moreri, Sefela sa Difela
Mafoko le dipina tse di tlhabang botlhale
DIBUKA TSA BOPOROFETI (DIBUKA TSE 17):
Isaia, Jeremia, Dikhutsafalo, Esekiele, Daniele, Hosea, Joele, Amose, Obadia, Jona, Mika, Nahume, Habakuke, Sefania, Hagai, Sekarea, Malaki
Boporofeti kgotsa dipolelelopele tse di amanang le batho ba Modimo
DIKWALO TSA BOKERESETE TSA SEGERIKA (“TESETAMENTE E NTŠHA”)
DIEFANGELE (DIBUKA TSE 4):
Mathaio, Mareko, Luke, Johane
Hisitori ya botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe
DITIRO TSA BAAPOSETOLOI (BUKA E LE 1):
Hisitori ya kafa phuthego ya Bokeresete e simologileng ka gone le tiro ya borongwa
MAKWALO (DIBUKA TSE 21):
Baroma, 1 le 2 Bakorintha, Bagalatia, Baefeso, Bafilipi, Bakolosa, 1 le 2 Bathesalonika
Makwalo a a kwaletsweng diphuthego tsa Bokeresete
1 le 2 Timotheo, Tito, Filemone
Makwalo a a kwaletsweng Bakeresete bano
Bahebera, Jakobe, 1 le 2 Petere, 1, 2 le 3 Johane, Jude
Makwalo a mangwe a a kwaletsweng Bakeresete
TSHENOLO (BUKA E LE 1):
Diponatshegelo tse di neilweng moaposetoloi Johane tsa dilo tse di neng di tla direga