Timotheo wa Ntlha 2:1-15

  • Rapelelang batho ba mefuta yotlhe (1-7)

    • Modimo a le mongwe, motsereganyi a le mongwe (5)

    • Tlhwatlhwa ya gore batho botlhe ba gololwe (6)

  • Ditaelo tse di amanang le banna le basadi (8-15)

    • Apara ka tsela e e tlotlegang (9, 10)

2  Jaanong sa ntlha, ke lo rotloetsa gore lo rapelele batho ba mefuta yotlhe ka go kopa Modimo ka tlhoafalo gore a ba thuse lo bo lo mo leboge. 2  Gape lo rapelele dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo,*+ gore re tle re tswelele re tshela re ritibetse e bile re le mo kagisong re ikanyega mo Modimong e bile re dira dilo tsotlhe ka tlhoafalo.*+ 3  Seno se molemo e bile se a amogelesega mo Mmoloking wa rona, e bong Modimo,+ 4  yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe+ mme ba nne le kitso ya boammaaruri. 5  Gonne go na le Modimo a le mongwe,+ le motsereganyi a le mongwe+ fa gare ga Modimo le batho,+ e bong Keresete Jesu,+ monna 6  yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe go duelela tlhwatlhwa e e neng e tlhokega gore batho botlhe ba gololwe mo boleong,+ mme batho ba tla bua ka seno ka nako e e tshwanetseng. 7  Ke gone ka moo Modimo a neng a ntlhoma gore ke rere ke bo ke nne moaposetoloi+ gore ke rute batho ba ditšhaba tse dingwe+ ka tumelo le ka dithuto tsa boammaaruri. Ga ke ake, ke bua boammaaruri. 8  Ka jalo, ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba ba ikanyegang* ba tswelele ba rapela,+ ba se ka ba galefa+ kgotsa ba ganetsana le ba bangwe.+ 9  Gape ke kgothaletsa basadi gore ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, tse di tlotlegang le tse di akanyeditsweng sentle, e seng ka go loga melogo* e e feteletseng le ka go ikgabisa ka gauta kgotsa diperela kgotsa ka go apara diaparo tse di turang thata,+ 10  mme e nne ka ditiro tse di molemo tse di tshwanelang basadi ba ba ineetseng mo Modimong.+ 11  A mosadi a didimale* mme a ikobe fa a rutiwa.+ 12  Ga ke letle mosadi gore a rute kgotsa gore a laole monna, mme o tshwanetse go didimala.*+ 13  Gonne Adame o ne a bopiwa pele, go tswa foo ga bopiwa Efa.+ 14  Gape Adame ga a ka a tsiediwa, mme go ne ga tsiediwa mosadi+ a bo a nna moleofi. 15  Le fa go ntse jalo, fa mosadi a tshola bana,+ seo se tla mo thibela go dira dilo tse di bosula, fa fela a* tswelela a na le tumelo, a le lorato, a le boitshepo e bile a akanyetsa dilo sentle.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “ba ba nang le taolo.”
^ Kgotsa “ka bomasisi.”
^ Kgotsa “banna ba ba tsholetsang diatla tse di ikanyegang.”
^ Kgotsa “ditaele.”
^ Kgotsa “a ritibale.”
^ Kgotsa “a nne a ritibetse.”
^ Seger., “ba.”
^ Kgotsa “a le botlhale.”