Timotheo wa Ntlha 3:1-16

  • Dilo tse di lebelelwang fa go tlhomiwa balebedi (1-7)

  • Dilo tse di lebelelwang fa go tlhomiwa batlhanka ba bodiredi (8-13)

  • Sephiri se se boitshepo sa go ineela mo Modimong (14-16)

3  Fa monna a kgaratlhela go nna molebedi,+ o eletsa go dira tiro e e molemo.  Ka jalo, molebedi ga a tshwanela go nna le se a ka tshwaiwang phoso ka sone, a nne le mosadi a le mongwe, a nne le mekgwa e mentle, a akanyetse dilo sentle,*+ a dire dilo ka thulaganyo, a amogele baeng,+ a itse go ruta,+  e se letagwa,+ a sa rate ntwa,* a se tlhogoethata,+ a se manganga,+ a sa rate madi,+  e le monna yo o okamelang* ba lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba reetsang e bile ba itshwere sentle+  (gonne fa monna a sa itse go okamela* ba lelapa la gagwe, o tla tlhokomela phuthego ya Modimo jang?),  e se monna yo o sa tswang go sokologa+ gore a se ka a ikgogomosa mme a atlholwa ka katlholo e Diabolo a atlhotsweng ka yone.  Mo godimo ga moo, o tshwanetse go buiwa bontle ke batho ba ba kwa ntle,*+ gore a se ka a kgobiwa* ke batho a bo a wela mo seraing sa ga Diabolo.  Batlhanka ba bodiredi le bone ba tshwanetse go tsaya dilo masisi, ba se temepedi,* ba sa ineelele mo bojalweng, ba sa ipatlele madi le dithoto ka bopelotshetlha,+  ba ngangatletse sephiri se se boitshepo sa tumelo ka segakolodi se se phepa.+ 10  Gape, a ba lekwe pele gore a ba a tshwanelega; go tswa foo e ka nna ya nna badiredi, e re ka ba se na se ba ka latofadiwang ka sone.+ 11  Basadi le bone ba tshwanetse go dira dilo ba tlhoafetse, ba sa senye batho maina,+ ba na le mekgwa e mentle, ba ikanyega mo dilong tsotlhe.+ 12  A motlhanka mongwe le mongwe wa bodiredi a nne le mosadi a le mongwe, a okamele bana ba gagwe le ba lelapa la ga gagwe sentle. 13  Gonne banna ba ba direlang ka tsela e e siameng ba buiwa bontle e bile ga go na sepe se ba ka tshwaiwang phoso ka sone fa ba bua ka tumelo e ba nang le yone mo go Keresete Jesu. 14  Ke go kwalela dilo tseno le fa ke solofela go tla kwa go wena mo bogautshwaneng, 15  gore fa nka diega o bo o itse kafa o tshwanetseng go itshwara ka gone mo lelapeng la Modimo,+ e leng phuthego ya Modimo yo o tshelang, pilara le motheo wa boammaaruri. 16  Eleruri, sephiri se se boitshepo sa go ineela mo Modimong se segolo: ‘Jesu o ne a nna motho,+ Modimo o ne a mmolela a siame fa a ne a mo direla mmele wa kwa legodimong gape,+ mme o ne a ya kwa baengeleng,+ ga rerwa ka ene mo ditšhabeng tse dingwe,+ lefatshe la dumela mo go ene, a amogelwa kwa legodimong+ a bo a galalediwa.’

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a dire ditshwetso tse di botlhale.”
Kgotsa “go itaya.”
Kgotsa “tlhokomelang.”
Kgotsa “tlhokomela.”
Kgotsa “tlontlololwa.”
Kgotsa “batho ba e seng maloko a phuthego ya Bokeresete.”
Kgotsa “ba sa dirise mafoko a a tsietsang.”