Timotheo wa Ntlha 6:1-21

  • Batlhanka ba tshwanetse go tlotla beng ba bone (1, 2)

  • Barutisi ba maaka le go rata madi (3-10)

  • Ditaelo tse di newang monna wa Modimo (11-16)

  • Nna mohumi wa ditiro tse di molemo (17-19)

  • Tlhokomela se o se neilweng (20, 21)

6  A batlhanka ba tlotle beng ba bone ka pelo yotlhe,+ gore leina la Modimo le thuto ya gagwe di se ka tsa buiwa maswe.+ 2  Gape a ba ba nang le beng ba ba dumelang ba se ka ba nyatsa beng ba bone ka gonne e le bakaulengwe. Go na le moo, a ba dire ka natla le go feta, ka gonne ba direla badumedimmogo le bakaulengwe ba bone ba ba ba ratang. Nna o ba rute dilo tseno e bile o ba rotloetse go di dira. 3  Fa motho mongwe a ruta thuto nngwe e sele mme a sa dumalane le thuto e e boammaaruri*+ e e tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete, e bile se a se rutang se sa dire gore a ikanyege mo Modimong,+ 4  o a ikgogomosa e bile ga a tlhaloganye sepe.+ O rata go ganetsana le go ngangisana ka mafoko.+ Dilo tseno di dira gore go nne le lefufa, dikgogakgogano, go senya ba bangwe maina,* go belaela ba bangwe, 5  go ngangisana ka dilo tse e seng tsa sepe tse di dirwang ke batho ba ba senyegileng tlhaloganyo+ e bile ba sa tlhole ba tlhaloganya boammaaruri, ba batla go ikanyega mo Modimong fela ka gonne ba batla go boelwa ke sengwe.+ 6  Boammaaruri ke gore fa motho a ikanyega mo Modimong+ e bile a kgotsofalela se a nang le sone,* o tla solegelwa molemo thata. 7  Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng e bile ga re kitla re tswa re tshotse sepe.+ 8  Ka jalo, e re ka re na le dijo le diaparo,* re tla kgotsofalela dilo tseno.+ 9  Le fa go ntse jalo, ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo mathateng,+ e bile ba nna le dikeletso tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di dirang gore batho ba boge ba bo ba swa.+ 10  Gonne go rata madi ke tshimologo ya mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka ntlha ya go rata madi bangwe ba ile ba faposiwa mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.+ 11  Le fa go ntse jalo, wena monna wa Modimo o tshabe dilo tseno. Mme leka go dira se se siameng, o ikanyege mo Modimong, o nne le tumelo, lorato, boitshoko e bile o nne bonolo.+ 12  O lwe ntwa e e molemo ya tumelo; o ngangatlele botshelo jo bo sa khutleng jo o neng wa bo bilediwa wa bo wa bua ka jone fa pele ga basupi ba le bantsi. 13  Ke go naya ditaelo fa pele ga Modimo yo o dirang gore dilo tsotlhe di tshele, le fa pele ga ga Keresete Jesu yo o neng a bua ka tumelo ya gagwe phatlalatsa fa pele ga ga Ponto Pilato+ 14  gore o ikobele ditaelo tseno go se na sepe se o tshwaiwang phoso ka sone kgotsa se o nyadiwang ka sone go fitlha go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete go itsiwe,+ 15  ka dinako tse di tlhomilweng ke Morena yo o Maatla le yo o itumetseng. Ke Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena,+ 16  ene a le esi yo o sa sweng,+ yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa,+ yo go se nang motho ope yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.+ A a nne a tlotliwe a bo a nne le thata ka bosakhutleng. Amen. 17  O laele ba ba humileng gone jaanong* gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba ikanye Modimo yo o re nayang dilo tsotlhe ka botlalo gore re di itumelele,+ mme ba se ka ba ikanya dikhumo tse di sa nneleng ruri.+ 18  Ba bolelele gore ba kgaratlhele go dira molemo, e nne bahumi ba ditiro tse di molemo, ba nne pelotshweu, ba itumelele go abelana,+ 19  mme fa ba dira jalo, ba tla ipolokela dikhumo tse di tswang kwa Modimong. Seno se raya gore ba tla bo ba itirela motheo o o siameng wa bokamoso,+ gore ba kgone go ngangatlela botshelo jwa mmatota.+ 20  Timotheo, o tlhokomele se o se neilweng+ e bile o se ka wa reetsa dipuo tse di tlontlololang Modimo le kitso e e seng yone e e ganetsanang le se se boammaaruri.+ 21  Batho ba bangwe ba ikgantsha ka kitso e e ntseng jalo mme seno se dirile gore ba fapoge mo tumelong. E kete bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo bo ka nna le lona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “e e mosola; e e solegelang molemo.”
^ Kgotsa “go kgoba ba bangwe ka mafoko.”
^ Seger., “a na le thetebalo.”
^ Kgotsa gongwe “mo re nnang gone.” Seger., “se re ipipang ka sone.”
^ Seger., “mo tsamaisong ya jaanong ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.