Isaia 43:1-28

  • Jehofa o phutha batho ba gagwe gape (1-7)

  • Ga go medimo epe e e ka emelanang le Modimo (8-13)

    • “Lo basupi ba me” (10, 12)

  • Ba gololwa go tswa kwa Babelona (14-21)

  • “A re sekisane” (22-28)

43  Jaanong seno ke se Jehofa a se buang,Mmopi wa gago wena Jakobe, Ene yo o go dirileng wena Iseraele:+ “O se ka wa boifa ka gonne ke go rekolotse.+ Ke go biditse ka leina la gago. O wa me.  2  Fa o ralala metsi, ke tla bo ke na le wena,+E bile fa o ralala dinoka, ga di kitla di go gogola.+ Fa o ralala molelo, ga o kitla o sha,E bile kgabo ya molelo ga e kitla e go babola.  3  Gonne ke nna Jehofa, Modimo wa gago,Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele, Mmoloki wa gago. Ke ntshitse Egepeto gore e nne thekololo ya gago,Ke ntshitse Ethiopia le Seba gore ke go rekolole.  4  Gonne o ne wa nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me,+O ne o tlotlega, e bile ke ne ka go rata.+ Ka jalo, ke tla ntsha batho le ditšhabaGore ke boloke botshelo jwa gago.  5  O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena.+ Ke tla busa ditlogolwana* tsa gago go tswa kwa botlhabaE bile ke tla go phutha go tswa kwa bophirima.+  6  Ke tla raya bokone ke re, ‘Ba ntshe!’+ Ke tla raya le borwa ke re, ‘O se ka wa gana ka bone. Busa bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe,+  7  Mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me+Le yo ke mmopileng gore ke galalediwe,Yo ke mmopileng le yo ke mo dirileng.’+  8  Busang batho ba ba foufetseng le fa gone ba na le matlho,Le ba ba sa utlweng le fa gone ba na le ditsebe.+  9  A ditšhaba tsotlhe di phuthegele mo lefelong le le lengwe,E bile a merafe e kokoanngwe.+ Ke medimo efe ya tsone* e e ka bolelang seno? Kgotsa a e ka dira gore re utlwe dilo tse di tla diragalang mo nakong e e tlang?+ A e tlise basupi ba yone gore e itshupe e se na molato,Kgotsa a basupi bano ba utlwe mme ba re, ‘Ke boammaaruri!’”+ 10  Jehofa a re: “Lo basupi ba me,+Motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng,+Gore lo itse lo bo lo dumele mo go nna,*Le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke le ene Yoo.+ Ga go a dirwa Modimo ope pele ga me,E bile ga go a nna le ope morago ga me.+ 11  Nna, ke nna Jehofa,+ mme kwantle ga me ga go na mmoloki.”+ 12  Jehofa a re: “Fa go ne go se na modimo ope o sele mo gare ga lona,Ke nna yo o neng a bua, yo o neng a boloka le yo o neng a itsise.+ Ka jalo, lo basupi ba me, mme ke nna Modimo.+ 13  Gape, ke ntse ke le ene Yoo ka metlha;+Mme ga go na ope yo o ka phamolang sepe fela mo seatleng sa me.+ Fa ke dira sengwe, ke mang yo o ka nthibelang?”+ 14  Seno ke se Jehofa a se buang, Morekolodi+ wa lona, Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele:+ “Ka ntlha ya lona, ke tla romela masole kwa Babelona ke bo ke diga mephakalego yotlhe ya dikgoro tsa yone,+Mme Bakaladia ba tla lela selelo sa khutsafalo ba le mo dikepeng tsa bone.+ 15  Ke nna Jehofa, Modimo yo o Boitshepo+ wa lona, Mmopi wa Iseraele,+ Kgosi ya lona.”+ 16  Seno ke se Jehofa a se buang,Ene yo o dirang tsela go ralala lewatleLe tselana go ralala metsi a a bilogang,+ 17  Yo o bolotsang kara ya ntwa le pitse,+Masole mmogo le batlhabani ba ba maatla a re: “Ba tla rapama mme ga ba kitla ba tsoga.+ Ruri ba tla nyelediwa jaaka go timiwa mogala wa lobone o o tukang.” 18  “Lo se ka lwa gakologelwa dilo tsa bogologolo,E bile lo se ka lwa nnela go akanya ka dilo tse di fetileng. 19  Ke dira sengwe se sesha;+Tota le jaanong se a tlhaga. A ga lo se lemoge? Ke tla dira tsela go ralala naga,+Le dinoka go ralala sekaka.+ 20  Sebatana se tla ntlotla,Le bophokoje le bontšhe,Ka gonne ke tla ntsha metsi mo nageng,Le dinoka mo dikakeng,+Gore batho ba me, ba ke ba tlhophileng,+ ba nwe, 21  Batho ba ke ba bopileng gore e nne ba meGore ba tle ba bolele pako ya me.+ 22  Mme wena Jakobe, ga o a ka wa mpitsa,+Ka gonne ke go lapisitse, wena Iseraele.+ 23  Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditlhabelo tse di fisiwang di feletseE bile ga o a nkgalaletsa ka ditlhabelo tsa gago. Ga ke a go pateletsa gore o ntlisetse mpho,E bile ga ke a go lapisa ka go batla gore o ntlisetse borekhu jo bo nkgang monate.*+ 24  Ga o a nthekela ntšhe e e botshe* ka madi a gago,E bile ga o a nkgotsofatsa ka mafura a ditlhabelo tsa gago.+ Go na le moo, o nkimeditse ka maleo a gagoE bile o ntapisitse ka melato ya gago.+ 25  Nna, ke nna Yo ke tlosang melato ya gago*+ ka ntlha ya leina la me,+E bile ga nkitla ke gakologelwa maleo a gago.+ 26  Nkgakolole; a re sekisane;Tlhalosa kgang ya gago go supa gore ga o na molato. 27  Rragomogolo wa ntlha o leofile,E bile babueledi* ba gago ba ntlhanogetse.+ 28  Ka jalo, ke tla dira gore dikgosana tsa lefelo le le boitshepo di se ka tsa nna boitshepo,E bile ke tla fedisa JakobeKe bo ke dira gore Iseraele a kgobiwe ka mafoko.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “losika.”
^ Seheb., “Ke mang mo gare ga bone.”
^ Kgotsa “lo bo lo ntshepe.”
^ Seheb., “o ntlisetse lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Lotlhaka lo lo nkgang monate.
^ Kgotsa “ditiro tsa gago tsa botlhanogi.”
^ Gongwe go tewa barutisi ba Molao.