Isaia 25:1-12

  • Batho ba Modimo ba a segofadiwa (1-12)

    • Mokete wa ga Jehofa wa beine e e monate (6)

    • Ga go kitla go nna le loso (8)

25  Wena Jehofa, o Modimo wa me. Ke a go tlotlomatsa, ke baka leina la gago,Gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang,+Dilo tse o neng o di ikaeletse* go tswa metlheng ya bogologolo,+O di dirile ka boikanyegi,+ le ka boammaaruri.  2  Gonne o dirile gore motse o fetoge mokoa wa maje,O dirile gore motse o o sireletsegileng o fetoge marope. Tora ya batswakwa ga e tlhole e le motse;Ga e kitla e tlhola e agiwa sesha.  3  Ke gone ka moo setšhaba se se nonofileng se tla go galaletsang;Motse wa ditšhaba tse di gatelelang o tla go boifa.+  4  Gonne o fetogile kago e e thata mo mothong wa maemo a a kwa tlase,Kago e e thata mo mohumaneging fa a le mo matshwenyegong,+Botshabelo fa pula ya matsubutsubu e na,Le moriti fa go le mogote.+ Fa bagateledi ba shakgetse jaaka pula ya matsubutsubu e e itayang lobota,  5  Jaaka mogote mo nageng e e omeletseng,Wena o okobatsa khuduego ya batswakwa. Fela jaaka mogote o o okobadiwang ke moriti wa leru,Pina ya bagateledi le yone e didimadiwa jalo.  6  Mo thabeng eno,+ Jehofa wa masomosomo o tla direla ditšhaba tsotlheMokete wa dijo tsa maemo,+Mokete wa beine e e monate,*Wa dijo tsa maemo tse di nang le nama e ntsi,*Wa beine e e monate, e e tlhotlhilweng.  7  Mo thabeng eno, o tla fedisa* kobo e e khurumeditseng ditšhaba tsotlheLe lesire* le le logagantsweng mo godimo ga merafe yotlhe.  8  Morena Molaodimogolo Jehofa o tla kometsa* loso ka bosakhutleng,+E bile o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.+ O tla tlosa kgobo mo bathong ba gagwe mo lefatsheng lotlhe,Gonne Jehofa ka boene o buile seno.  9  Mo letsatsing leo ba tla re: “Yono ke Modimo wa rona!+ Re solofetse mo go ene,+Mme o tla re boloka.+ Yono ke Jehofa! Re solofetse mo go ene. A re ipeleng re bo re itumelele poloko e e tswang kwa go ene.”+ 10  Gonne seatla sa ga Jehofa se tla nna mo thabeng eno,+Mme Moabe o tla gatakwa mo lefelong la gagwe+Fela jaaka lotlhaka lo gatakelwa mo mokoeng wa motshotelo. 11  Mme Modimo o tla otlololela Moabe diatla tsa gagweFela jaaka fa mongwe yo o thumang a otlolola diatla tsa gagwe fa a thuma,Mme o tla kokobetsa mabela a Moabe+A e itaya a dirisa diatla tsa gagwe ka botswerere. 12  Mme motse o o sireletsegileng, o o nang le dipota tse di o sireletsang,O tla o isa kwa tlase;O tla o latlhela fa fatshe, mo loroleng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “Dikgakololo.”
^ Kgotsa “wa beine e e bolokilweng mo dintsheng.”
^ Kgotsa “Wa dijo tse di tletseng moko.”
^ Seheb., “kometsa.”
^ Seheb., “sebipo.”
^ Kgotsa “fedisa.”