Isaia 23:1-18

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Ture (1-18)

23  Molaetsa wa go atlholwa ga Ture:+ Bokolelang, lona dikepe tsa Tareshishe!+ Gonne lefelo le dikepe di emang mo go lone le sentswe; ga go ka ke ga tsenwa mo go lone. Seno se senotswe go tswa kwa lefatsheng la Kitime.+  2  Didimalang, lona batho ba ba agileng fa losing lwa lewatle. Bagwebi ba Sidona+ ba ba kgabaganyang lewatle ba tletse mo go wena.  3  Korong* ya Shihore* e ne e tsamaisiwa mo metsing a mantsi,+E leng thobo ya Nile, e e mo tlisetsang lotseno,E e tlisang poelo ya ditšhaba.+  4  Tlhajwa ke ditlhong, wena Sidona, wena kago e e thata ya lewatle,Ka gonne lewatle le rile: “Ga ke ise nke ke nne le ditlhabi tsa pelegi, e bile ga ke ise nke ke belege,Le gone ga ke ise nke ke godise basimane kgotsa basetsana.”*+  5  Batho ba tla tshoga ka ntlha ya pego e e amanang le Ture+Fela jaaka fa ba ne ba utlwa pego e e amanang le Egepeto.+  6  Kgabaganyetsang kwa Tareshishe! Bokolelang, lona batho ba ba agileng fa losing lwa lewatle!  7  A ono ke motse wa lona o o neng o itumetse go tswa bogologolong, go tloga tshimologong ya one? Dinao tsa one di ne di tle di o ise kwa dinageng tse di kgakala gore o ye go nna gone.  8  Ke mang yo o dirileng tshwetso eno ya gore Ture e diragalelwe ke seno,E leng motse o o tlhomang dikgosi,O bagwebi ba one e neng e le dikgosana,O barekisi ba one ba neng ba tlotliwa mo lefatsheng lotlhe?+  9  Jehofa wa masomosomo o dirile tshwetso eno,Gore a fedise boikgogomoso jwa Ture ka ntlha ya bontle jotlhe jwa yone,Gore a tlontlolole botlhe ba ba neng ba tlotliwa go ralala lefatshe.+ 10  Wena morwadia Tareshishe, kgabaganya lefatshe la gago jaaka Noka ya Nile. Ga go tlhole go na le lefelo le dikepe di direlwang mo go lone.*+ 11  Jehofa o otlolotse seatla sa gagwe mo godimo ga lewatle;O tshikintse magosi. O laetse gore dikago tse di thata tsa Fonikia di fedisiwe.+ 12  Mme a re: “Ga o kitla o tlhola o itumela,+Wena yo o gateletsweng, morwadia Sidona wa kgarebane. Kgabaganyetsa kwa Kitime.+ Tota le gone koo ga o kitla o bona boikhutso.” 13  Bonang lefatshe la Bakaladia!+ Bakaladia ke bone ba ba neng ba dira gore diphologolo tsa naga di nne mo go ene, e seng Baasiria.+ Ke bone ba neng ba dira gore a nne lefelo la batho ba ba ratang go etela kwa sekakeng. Ba emisitse dikara tsa ntwa tse e keteng ditora go dikologa motse;Ba thukuthile ditora tsa one tse di sireletsegileng,+Ba o dirile marope. 14  Bokolelang, lona dikepe tsa Tareshishe,Gonne kago ya lona e e thata e sentswe.+ 15  Mo letsatsing leo, Ture o tla lebalwa ka dingwaga di le 70,+ e leng lobaka lwa botshelo* jwa kgosi e le nngwe. Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 70, Ture o tla diragalelwa ke se se tlhalosiwang mo pineng eno ya mogwebakammele: 16  “Tsaya harepa, o dikologe motse, wena mogwebakammele yo o lebetsweng. Letsa harepa ya gago ka botswerere;Opela dipina tse dintsiGore ba tle ba go gopole.” 17  Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 70, Jehofa o tla gakologelwa Ture, mme Ture o tla boela kwa tuelong ya gagwe a bo a gweba ka mmele le magosi otlhe a lefatshe. 18  Le fa go ntse jalo, poelo ya gagwe le tuelo ya gagwe di tla nna sengwe se se boitshepo mo go Jehofa. Ga e kitla e bolokwa kgotsa e beelwa kwa thoko, ka gonne tuelo ya gagwe e tla nna ya batho ba ga Jehofa, gore ba tle ba je ba bo ba kgotsofale le gore ba apare diaparo tse dintle.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Peo.”
Go tewa molapo o o tswang mo Nokeng ya Nile.
Seheb., “makgarebane.”
Kgotsa gongwe “lefelo le dikepe di emang mo go lone.”
Seheb., “malatsi.”