Isaia 21:1-17

  • Molaetsa wa go atlholwa ga naga ya lewatle (1-10)

    • Ke nna ke lebeletse mo toreng ya go lebelela (8)

    • “Babelona o ole!” (9)

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Duma le sekaka (11-17)

    • “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?” (11)

21  Molaetsa wa go atlholwa ga naga e e tshwanang le lewatle:*+ Masetlapelo a tswa kwa nageng, a tswa kwa nageng e e boifisang,A tla jaaka diphefo tsa matsubutsubu tse di phepheulang kwa borwa.+  2  Ke boleletswe ponatshegelo eno e e boifisang: Leferefere le dira boferefere,Le mosenyi o a senya. Tlhatloga, wena Elama! Tlhasela, wena Media!+ Ke tla fedisa kutlobotlhoko yotlhe e a e baketseng batho.+  3  Ke gone ka moo ke leng mo khutsafalong e kgolo.*+ Ke tshwerwe ke ditlhabiTse di tshwanang le tsa mosadi yo o belegang. Ke ngomogile pelo thata mo ke sa kgoneng go utlwa;Ke fuduegile thata mo ke sa kgoneng go bona.  4  Pelo ya me e iteela ka bonako; ke roromisiwa ke letshogo. Lotlatlana lo ke sa bolong go eletsa gore lo tle, lo dira gore ke tshoge.  5  Rulaganyang tafole mme lo beye ditulo sentle! Jang lo bo lo nwe!+ Emang lona dikgosana mme lo tlotse* thebe!  6  Gonne seno ke se Jehofa a se mpoleletseng: “Tsamaya, o tlhome molebeledi mme o mo laele gore a bege se a se bonang.”  7  Mme o ne a bona kara ya ntwa e gogwa ke setlhopha sa dipitse,Kara ya ntwa e gogwa ke ditonki,Kara ya ntwa e gogwa ke dikamela. O ne a di leba ka kelotlhoko, ka kelotlhoko tota.  8  Foo o ne a goa jaaka tau a re: “Jehofa, ke nna ke eme mo toreng ya go lebelela motshegare,E bile ke eme mo lefelong le ke nnang mo go lone fa ke disa bosigo bongwe le bongwe.+  9  Bonang se se tlang: Banna ba palame kara ya ntwa e e gogwang ke setlhopha sa dipitse!”+ Go tswa foo, o ne a goa a re: “O ole! Babelona o ole!+ Ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tsa medimo ya gagwe o di thubagantse fa fatshe!”+ 10  Lona batho ba me ba lo ntseng lo phothiwa,Thobo* ya seboana sa me,+Ke lo begetse se ke se utlwileng mo go Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele. 11  Molaetsa wa go atlholwa ga Duma:* Mongwe o mpitsa a le kwa Seire+ a re: “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng? Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?” 12  Molebeledi o ne a re: “Bosigo bo tloga bo sa, mme go tla nna bosigo gape. Fa lo batla go botsa, botsang. Tlang gape!” 13  Molaetsa wa go atlholwa ga sekaka: Lo tla lala gaufi le ditlhare dingwe mo sekakeng,Lona ditlhopha tsa batsamai ba kwa Dedane.+ 14  Tlang ka metsi lo ye go kgatlhantsha yo o nyorilweng,Lona banni ba lefatshe la Tema,+Mme motho yo o tshabang lo mo tlisetse senkgwe. 15  Gonne ba tshabile ditšhaka, ba tshabile tšhaka e e somotsweng,Ba tshabile bora jo bo obilweng e bile ba tshabile ntwa e e setlhogo. 16  Gonne seno ke se Jehofa a neng a se mpolelela: “Mo ngwageng o le mongwe fela, jaaka dingwaga tsa modiri yo o thapilweng,* kgalalelo yotlhe ya Kedare+ e tla khutla. 17  Banna ba ba tsholang bora mo batlhabaning ba Kedare, ba tla sala ba le mmalwa, ka gonne ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buileng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Go lebega go tewa kgaolo ya Babelonia wa bogologolo.
^ Seheb., “dinôka tsa me di tletseng ditlhabi.”
^ Kgotsa “lo tshase leokwane mo.”
^ Seheb., “Morwa.”
^ Mo go kayang “Tidimalo.”
^ Kgotsa “tse di badilweng ka kelotlhoko fela jaaka modiri yo o thapilweng a dira”; go tewa mo ngwageng o le mongwe o o feletseng.