Isaia 19:1-25

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Egepeto (1-15)

  • Egepeto e tla itse Jehofa (16-25)

    • Sebeso sa ga Jehofa kwa Egepeto (19)

19  Molaetsa wa go atlholwa ga Egepeto:+ Jehofa o palame leru le le bonako mme o tla mo Egepeto. Medimo e e se nang mosola ya Egepeto e tla roroma fa pele ga gagwe,+E bile dipelo tsa Egepeto di tla tshoga.  2  “Ke tla tlhotlheletsa Baegepeto gore ba nne kgatlhanong le Baegepeto,Mme ba tla lwantshana,Mongwe le mongwe a lwantsha morwarraagwe le moagelani wa gagwe,Motse o lwantsha motse o mongwe, bogosi bo lwantsha bogosi jo bongwe.  3  Mme Baegepeto ba tla akabala,E bile ke tla tlhakatlhakanya dithulaganyo tsa bone.+ Ba tla leba kwa medimong e e se nang mosola,Kwa batshereanying le kwa bathong ba ba dirisanang le badimo le kwa go ba ba bolelelang ditiragalo pele.+  4  Ke tla tsenya Egepeto mo seatleng sa mmusi yo o gatelelang,E bile ba tla busiwa ke kgosi e e setlhogo,”+ go bua Morena wa boammaaruri, Jehofa wa masomosomo.  5  Metsi a lewatle a tla kgala,Le noka e tla phaphalala e bile e tla kgala.+  6  Mme dinoka di tla nkga sebodu;Mesele ya Noka ya Nile e e kwa Egepeto e tla kgala e bo e phaphalala. Matlhaka le mekhasi di tla bola.+  7  Dimela tse di fa thoko ga Noka ya Nile, kwa molomong wa Noka ya Nile,Le dijalo tsotlhe tse di jadilweng fa thoko ga Nile+ di tla omelela.+ Di tla tsewa ke phefo, mme ga di kitla di tlhola di nna teng.  8  Batshwaraditlhapi ba tla hutsafala,Ba ba tshwarang ditlhapi ka dihuku mo Nile ba tla lela,E bile ba ba tsharololelang matlowa a bone mo metsing ba tla fokotsega.  9  Ba ba dirang letsela ka tlhale ya semela sa leloba*+Le ba ba dirang matsela a masweu, ba tla tlhabiwa ke ditlhong. 10  Balogi ba gagwe ba tla thubagana;Badiri botlhe ba ba thapilweng ba tla hutsafala. 11  Dikgosana tsa Soane+ ke dieleele. Bagakolodi ba ba botlhale thata ba ga Faro, ba naya kgakololo e e sa utlwaleng.+ Lo ka raya Faro jang lo re: “Nna ke setlogolwana sa batho ba ba botlhale,Setlogolwana sa dikgosi tsa bogologolo”? 12  Jaanong ba kae banna ba gago ba ba botlhale?+ A ba go bolelele fa e le gore ba itse se Jehofa wa masomosomo a se sweditseng ka Egepeto. 13  Dikgosana tsa Soane di dirile ka boeleele;Dikgosana tsa Nofe*+ di tsieditswe;Dikgosana tsa ditso tsa gagwe di timeditse Egepeto. 14  Jehofa o dirile gore a tlhakane tlhogo;+Mme ba timeditse Egepeto mo go sepe fela se a se dirang,Fela jaaka motho yo o tagilweng a relela mo matlhatseng a gagwe. 15  Mme Egepeto ga e kitla e nna le tiro epe e e ka e dirang,E ka tswa e le e e ka dirwang ke tlhogo kgotsa mogatla, letlhogela kgotsa mokhasi.* 16  Mo letsatsing leo Egepeto e tla nna jaaka basadi, e roroma e bile e tshoga ka ntlha ya seatla se se tshosang se Jehofa wa masomosomo a se tsholetsang kgatlhanong le yone.+ 17  Mme naga ya Juda e tla dira gore Baegepeto ba tshoge. Ba tla tshoga fa ba utlwa e umakiwa ka ntlha ya tshwetso e Jehofa wa masomosomo a e dirileng kgatlhanong le bone.+ 18  Mo letsatsing leo, go tla nna le metse e le metlhano mo lefatsheng la Egepeto e e buang puo ya kwa Kanana+ e bile e ikana gore e tla ikanyega mo go Jehofa wa masomosomo. Motse o mongwe o tla bidiwa Motse wa go Rutlolola. 19  Mo letsatsing leo, go tla nna le sebeso se se diretsweng Jehofa mo gare ga naga ya Egepeto le pilara e e diretsweng Jehofa fa thoko ga molelwane wa yone. 20  Dilo tseno e tla nna ditshupo mo bathong ba ba mo Egepeto gore ba gopole Jehofa wa masomosomo; gonne ba tla goela kwa go Jehofa ka ntlha ya bagateledi, mme o tla ba romelela mmoloki, yo mogolo, yo o tla ba bolokang. 21  Mme Jehofa o tla dira gore Baegepeto ba mo itse, mme Baegepeto ba tla itse Jehofa mo letsatsing leo, e bile ba tla ntsha ditlhabelo le dimpho mme ba tla direla Jehofa maikano ba bo ba a diragatsa. 22  Jehofa o tla itaya Baegepeto,+ a ba itaya a bo a ba fodisa; mme ba tla boela kwa go Jehofa, mme o tla reetsa dikopo tsa bone a bo a ba fodisa. 23  Mo letsatsing leo, go tla nna le tsela e kgolo+ e e tswang kwa Egepeto e ya kwa Asiria. Foo Asiria o tla ya kwa Egepeto, le Egepeto o tla ya kwa Asiria, mme Egepeto le Asiria ba tla direla Modimo mmogo. 24  Mo letsatsing leo Iseraele e tla ikopanya le Egepeto le Asiria,+ e tla nna tshegofatso mo gare ga lefatshe, 25  ka gonne Jehofa wa masomosomo o tla bo a ba segofaditse, a re: “A batho ba me ba Egepeto ba segofale, le tiro ya diatla tsa me e leng Asiria, le boswa jwa me e leng Iseraele.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Semela se se neng se jalwa bogologolo. Tlhale ya sone e ne e dirisediwa go dira letsela le le boleta.
Kgotsa “Memefise.”
Kgotsa gongwe “kala ya mokolane kgotsa lotlhaka.”