Isaia 59:1-21

  • Maleo a Baiseraele a ba kgaoganya le Modimo (1-8)

  • Ba ipolela maleo (9-15a)

  • Jehofa o thusa ba ba ikwatlhwayang (15b-21)

59  Bona! Seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane mo se ka se kang sa boloka,+E bile tsebe ya gagwe ga e a thibana* mo e ka se kang ya utlwa.+   Nnyaa, melato ya lona e lo kgaogantse le Modimo wa lona.+ Maleo a lona a dirile gore a lo fitlhele sefatlhego sa gagwe,E bile o gana go lo reetsa.+   Gonne diatla tsa lona di kgotletswe ke madi,+Le menwana ya lona e kgotletswe ke melato. Melomo ya lona e bua maaka+ e bile loleme lwa lona lo ngunanguna se se sa siamang.   Ga go na ope yo o batlang gore go dirwe tshiamo,+E bile ga go na ope yo o yang kgotlatshekelong yo o buang boammaaruri. Ba ikanya selo se e seng sa mmatota*+ e bile ba bua se se se nang mosola. Ba ima matshwenyego ba bo ba tshola se se kotsi.+   Ba thuba* mae a noga e e botlhole,E bile ba loga bobi jwa segokgo gore ba dire letsela.+ Ope fela yo o jang mae a bone o tla swa,E bile lee le le thubagantsweng le ntsha noga e e botlhole.   Letsela le ba le dirang ga le kitla le nna jaaka seaparo,E bile dilo tse ba di dirang ga di kitla di ba thusa.+ Ditiro tsa bone di utlwisa botlhoko,E bile ditiro tsa thubakanyo di mo diatleng tsa bone.+   Dinao tsa bone di sianela go ya go dira bosula,E bile ba itlhaganelela go bolaya batho ba ba se nang molato.+ Dikakanyo tsa bone ke dikakanyo tse di utlwisang botlhoko;Ba nna ba utlwisa batho botlhoko e bile ba ba bogisa.+   Ga ba ise ba itse go dira kagiso le batho ba bangwe,E bile ga go na tshiamiso mo ditselaneng tsa bone.+ Ba sokamisa ditsela tsa bone;Ga go na ope yo o tsamayang mo go tsone yo o tla itseng kagiso.+   Ke gone ka moo tshiamiso e leng kgakala le rona,Le tshiamo e sa fitlheng mo go rona. Re nna re solofetse lesedi, mme bona, go lefifi;Re nna re solofetse phatsimo, mme re nna re tsamaya mo letobong.+ 10  Re apaapa lobota jaaka difofu;Re nna re apaapa jaaka batho ba ba se nang matlho.+ Re kgopiwa motshegare jaaka e kete re tsamaya mo lefifing;Re tshwana fela le baswi mo gare ga batho ba ba nonofileng. 11  Rotlhe fela re nna re kurutla jaaka diberaE bile re nna re kuruetsa ka khutsafalo jaaka maeba. Re solofetse tshiamiso, mme ga e yo;Re solofetse poloko, mme e kgakala thata le rona. 12  Gonne melato ya rona e mentsi fa pele ga gago;+Maleo a rona otlhe a naya bosupi jwa gore re molato.+ Gonne re itse melato ya rona;Re itse diphoso tsa rona sentle.+ 13  Re leofile e bile re ganne Jehofa;Re tlhanogetse Modimo wa rona. Re buile gore re batla go gatelela ba bangwe le go tlhanogela Modimo;+Re akanya ka maaka a re ka a buang, go tswa foo re bo re a bua.+ 14  Tshiamiso e buseditswe morago,+E bile tshiamo e emetse kgakala;+Gonne boammaaruri* bo kgopilwe mo patlelong,Mme se se siameng ga se kgone go tsena. 15  Boammaaruri* bo nyeletse,+E bile ope fela yo o fapogang bosula o tseelwa dilo tsa gagwe. Jehofa o ne a bona seno, mme a se ka a itumela,*Gonne go ne go se na tshiamiso.+ 16  O ne a bona gore ga go na motho ope yo o ka thusang,Mme o ne a akabadiwa ke go bo go se na ope yo o tsereganyang,Ka jalo, lebogo la gagwe le ne la tlisa poloko,*Le tshiamo ya gagwe e ne ya mo tshegetsa. 17  Go tswa foo, o ne a apara tshiamo jaaka seaparo sa phemeloA bo a rwala tlhoro ya phemelo ya poloko* mo tlhogong.+ O ne a apara diaparo tsa pusoloso e le diaparo tsa gagwe+A bo a itshopha ka tlhoafalo jaaka e kete ka seaparo.* 18  Eno ke tuelo e a tla ba duelang ka yone go ya ka se ba se dirileng:+ Baganetsi ba gagwe o tla ba duela ka tšhakgalo, baba ba gagwe o tla ba duela ka go ipusolosetsa mo go bone.+ Mme o tla naya ditlhaketlhake tuelo e e di tshwanetseng. 19  Ba tla boifa leina la ga Jehofa go tswa kwa bophirimatsatsiE bile ba tla boifa kgalalelo ya gagwe go tswa kwa botlhabatsatsi,Gonne o tla tla jaaka noka e e elelang ka bonako,E e kgokgweediwang ke moya wa ga Jehofa. 20  Jehofa a re, “Morekolodi+ o tla tla mo Siona,+O tla tla kwa bathong ba ga Jakobe ba ba tlogelang maleo a bone.”+ 21  “Mme nna, eno ke kgolagano ya me le bone,”+ go bua Jehofa. “Moya wa me o o mo go wena le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago, ga a kitla a ntshiwa mo molomong wa gago, mo melomong ya bana* ba gago kgotsa mo melomong ya ditlogolwana tsa gago* go tloga jaanong le go ya bosakhutleng,” go bua Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ga e boima.”
Kgotsa “Ba ikanya lefela.”
Kgotsa “bula.”
Kgotsa “boikanyegi.”
Kgotsa “Boikanyegi.”
Seheb., “mme go ne go le bosula mo matlhong a gagwe.”
Kgotsa “le ne la mo tlisetsa phenyo.”
Kgotsa “seaparo se se se nang mabogo.”
Kgotsa “phenyo.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “ya losika lwa losika lwa gago.”