Isaia 26:1-21

  • Pina e e buang ka go ikanya Modimo le go bolokwa (1-21)

    • Jah Jehofa ke Lefika le le nnetseng ruri (4)

    • Banni ba lefatshe ba ithuta kaga tshiamo (9)

    • “Baswi ba gago ba tla tshela” (19)

    • Tsenang mo diphaposing tse di kwa teng lo iphitlhe (20)

26  Mo letsatsing leo go tla opelwa pina eno+ mo lefatsheng la Juda:+ “Re na le motse o o nonofileng.+ Modimo o dira gore dipota tsa one le dithako tsa one tsa phemelo e nne poloko.+   Bulang dikgoro+ gore setšhaba se se siameng se tsene,Setšhaba se se ikanyegang.   O tla sireletsa ba ba ikaegang ka wena;*O tla dira gore ba tswelele ba na le kagiso,+Ka gonne ba a go ikanya.+   Ikanyeng Jehofa ka bosakhutleng,+Gonne Jah* Jehofa ke Lefika+ le le nnetseng ruri.   Gonne o kokobeditse ba ba nnang kwa godimo thata, kwa motseng o o tsholetsegileng. O o isa kwa tlase,O o isa kwa tlase mo lefatsheng;O o latlhela fa fatshe mo loroleng.   Lonao lo tla o gataka,E leng dinao tsa ba ba bogisiwang, dikgato tsa batho ba maemo a a kwa tlase.”   Tselana ya mosiami e tlhamaletse. E re ka o tlhamaletse,O tla rethefatsa tsela ya basiami.   Jehofa, fa re ntse re latela tselana ya dikatlholo tsa gago,Re solofela mo go wena. Leina la gago le botlhokwa thata mo go rona e bile re eletsa go bona le gopolwa.*   Fa go le bosigo, ke go tlhologelelwa ka pelo ya me yotlhe,Ruri moya wa me o nna o go batla;+Gonne fa o atlhola lefatshe,Banni ba lefatshe ba ithuta ka ga tshiamo.+ 10  Tota le fa motho yo o bosula a utlwelwa botlhoko,Ga a kitla a ithuta tshiamo.+ Tota le mo lefatsheng la tshiamo o tla dira se se bosula,+Mme ga a kitla a bona bogolo jwa ga Jehofa.+ 11  Jehofa, seatla sa gago se tsholetsegile, mme ga ba se bone.+ Ba tla bona gore o sireletsa batho ba gago ka lorato ba bo ba tlhabiwa ke ditlhong. Ruri molelo o tla laila baba ba gago. 12  Wena Jehofa, o tla re naya kagiso,+Ka gonne sengwe le sengwe se re se dirilengKe wena o re thusitseng go se dira. 13  Wena Jehofa, Modimo wa rona, babusi ba bangwe ntle le wena ba a re laola,+Le fa go ntse jalo, re bitsa leina la gago fela.+ 14  Ba sule; ga ba kitla ba tshela. Ga ba na maatla, ga ba kitla ba tsoga.+ Gonne o ne wa itepatepanya le boneGore o ba nyeletse mo ba ka se tlholeng ba gopolwa. 15  O okeditse setšhaba, wena Jehofa,O okeditse setšhaba;O ikgalaleditse.+ O atolositse melelwane yotlhe ya lefatshe thata.+ 16  Wena Jehofa, ba ne ba leba kwa go wena fa ba le mo matshwenyegong;Ba ne ba rapela kwa tlase ka tlhoafalo fa o ne o ba otlhaya.+ 17  Fela jaaka mosadi yo o moimana yo o tlogang a belegaA nna le ditlhabi tsa pelegi e bile a goa ka ntlha ya ditlhabi,Le rona re ne ra nna jalo ka ntlha ya gago, wena Jehofa. 18  Re ne ra ima, ra nna le ditlhabi tsa pelegi,Mme go ne ga nna jaaka e kete re belege phefo. Ga re a tlisetsa lefatshe poloko,E bile ga go na ope yo o tshotsweng gore a nne mo lefatsheng leno. 19  “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa me di tla tsoga.+ Tsogang mme lo goe ka boitumelo,Lona ba ba nnang mo loroleng!+ Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa mo mosong,*E bile lefatshe le tla letla gore ba ba suleng ba boe ba tshele.* 20  Tsamayang batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng,Lo bo lo tswala dikgoro fa lo sena go tsena.+ Iphitlheng ka nakwanaGo fitlha tšhakgalo* e fetile.+ 21  Gonne Jehofa o tswa kwa lefelong la gagwe,O tla go sekisetsa banni ba lefatshe molato wa bone,Mme lefatshe le tla senola madi a a tshololetsweng mo go loneE bile ga le kitla le tlhola le fitlha ba ba bolailweng ba ba mo go lone.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “ba megopolo ya bone e sa tshikinyegeng.”
“Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Go tewa gore batho ba gopole Modimo le leina la gagwe, ba le itsise ba bangwe.
Kgotsa gongwe “monyo wa ditlhatshana (merogo).”
Kgotsa “le tla belega ba ba suleng.”
Kgotsa “katlholo.”