Isaia 39:1-8

  • Barongwa ba ba tswang kwa Babelona (1-8)

39  Ka nako eo, kgosi ya Babelona e bong Berodake-baladane morwa Baladane, o ne a romelela Hesekia+ makwalo le mpho ka gonne o ne a utlwile gore o ne a ntse a lwala mme jaanong o fodile.+ 2  Hesekia o ne a amogela* barongwa bao ka boitumelo a bo a ba bontsha ntlo ya gagwe ya matlotlo:+ selefera, gauta, leokwane la balema le leokwane le lengwe le le tlhwatlhwakgolo, dibetsa tsa gagwe tsotlhe le sengwe le sengwe se se neng se le mo mabolokelamatlotlong a gagwe. Go ne go se na sepe se Hesekia a neng a sa se ba bontsha mo ntlong ya gagwe* le mo pusong yotlhe ya gagwe. 3  Morago ga moo, moporofeti Isaia o ne a tla kwa go Kgosi Hesekia mme a mmotsa jaana: “Banna bano ba go reile ba reng, mme ba ne ba tswa kae?” Ka jalo, Hesekia o ne a re: “Ba ne ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala, kwa Babelona.”+ 4  Go tswa foo, o ne a mmotsa jaana: “Ba bone eng mo ntlong ya gago?”* Hesekia o ne a araba a re: “Ba bone sengwe le sengwe se se mo ntlong ya me.* Ga go na sepe se ke sa se ba bontshang mo mabolokelamatlotlong a me.” 5  Jaanong Isaia o ne a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la ga Jehofa wa masomosomo, 6  ‘Metlha e etla, mme sengwe le sengwe se se mo ntlong ya gago* le sotlhe se borragomogolo ba se bolokileng go tla go fitlha mo letsatsing leno se tla isiwa kwa Babelona. Ga go na sepe se se tla tlogelwang,’+ go bua Jehofa.+ 7  ‘E bile bangwe ba bomorwao ba o tla nnang rraabone ba tla tsewa mme ba tla nna badiredibagolo mo ntlong ya segosi ya kgosi ya Babelona.’”+ 8  Foo Hesekia o ne a raya Isaia a re: “Lefoko la ga Jehofa le o le buileng le molemo.” Go tswa foo, gape o ne a re: “Ka gonne go tla nna le kagiso le boiketlo* fa ke sa ntse ke tshela.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “itumelela.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “boammaaruri.”
Seheb., “mo motlheng wa me.”