Isaia 13:1-22

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Babelona (1-22)

    • Letsatsi la ga Jehofa le gaufi! (6)

    • Bameda ba tla fenya Babelona (17)

    • Babelona ga e kitla e nniwa (20)

13  Molaetsa wa go atlholwa ga Babelona+ o Isaia+ morwa Amosi a neng a o bona mo ponatshegelong:  2  “Tsholetsang sesupo*+ mo thabeng e e sa tlhogang sepe. Ba goeletseng, ba bitseng ka seatla,Gore ba tle go tsena mo dikgorong tsa batlotlegi.  3  Ke ntshitse taelo e e yang kwa bathong ba ke ba tlhomileng.*+ Ke biditse batlhabani ba me gore ba bontshe bogale jwa me,Batho ba me ba ke ba itumelelang thata.  4  Reetsang! Boidiidi mo dithabeng;Go utlwala e kete ke modumo wa batho ba bantsi! Reetsang! Pheretlhego ya magosi,Ya ditšhaba tse di phuthegileng mmogo!+ Jehofa wa masomosomo o phutha masole gore a ye ntweng.+  5  Ba tswa kwa nageng e e kgakala,+Ba tswa kwa bofelelong jwa magodimo,Jehofa le dibetsa tsa bogale jwa gagwe,Gore a tle go senya lefatshe lotlhe.+  6  Bokolelang, ka gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi! Le tla tla jaaka tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.+  7  Ke gone ka moo diatla tsotlhe di tla golafalang,Le pelo ya motho mongwe le mongwe e tla nyerolosiwang ke poifo.+  8  Mme batho ba tsenwe ke tsebetsebe.+ Ba tshwerwe ke dikerempe e bile ba mo ditlhabingJaaka mosadi yo o mo ditlhabing tsa pelegi. Ba lebana ba tshogile,Ka difatlhego tse di aparetsweng ke khutsafalo.  9  Bonang! Letsatsi la ga Jehofa le etla,Le setlhogo, le tletse tšhakgalo le bogale jo bo tukang,Le tlile go dira gore lefatshe e nne selo se se tshosang,+E bile le tlile go nyeletsa baleofi mo lefatsheng. 10  Gonne dinaledi tsa magodimo le masomosomo a tsone*+Ga di kitla di ntsha lesedi la tsone;Letsatsi le tla fifala fa le tlhaba,Le ngwedi ga e kitla e phatsimisa lesedi la yone. 11  Ke tla otlhaela baagi ba lefatshe bosula jwa bone,+E bile ke tla otlhaela batho ba ba bosula maleo a bone. Ke tla fedisa boikgogomoso jwa batho ba ba ikgogomosang,E bile ke tla kokobetsa bagateledi ba ba mabela.+ 12  Ke tla dira gore motho a bonwe sewelo go gaisa gauta e e itshekisitsweng,+E bile ke tla dira gore batho ba bonwe sewelo go gaisa gauta ya Ofire.+ 13  Ke gone ka moo ke tla dirang gore magodimo a rorome,E bile lefatshe le tla tshikhinyega le bo le tswa mo lefelong la lone+Ka ntlha ya tšhakgalo ya ga Jehofa wa masomosomo mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang. 14  Fela jaaka tshephe e e tsomiwang le jaaka letsomane le le se nang ope yo o ka le phuthang,Mongwe le mongwe o tla boela kwa bathong ba gagabo;Mongwe le mongwe o tla tshabela kwa nageng ya gagabo.+ 15  Ope fela yo o fitlhelwang o tla phunyelediwa,E bile ope fela yo o tshwarwang o tla bolawa ka tšhaka.+ 16  Bana ba bone ba tla phatlakanngwa ba ntse ba lebile,+Matlo a bone a tla thukuthiwa,Le basadi ba bone ba tla betelelwa. 17  Jaanong ke dira gore Bameda ba ba tlhasele,+Ba ba tsayang selefera e se sepeLe ba ba sa kgatlhiweng ke gauta. 18  Bora jwa bone bo tla thubaganya makawana;+Ga ba kitla ba tlhomogela masea peloE bile ga ba kitla ba utlwela bana botlhoko. 19  Mme wena Babelona, yo o galalelang thata mo magosing,*+Bontle le boikgogomoso jwa Bakaladia,+O tla tshwana le Sodoma le Gomora fa Modimo a ne a di ribegetsa.+ 20  Ga a kitla a tlhola a nniwa,E bile ga a kitla a nna lefelo le go ka agiwang mo go lone mo dikokomaneng tsotlhe.+ Ga go kitla go nna le Moarabia yo o tlhomang tente ya gagwe gone,E bile ga go kitla go nna le badisa ba ba bothisang matsomane a bone gone. 21  Ditshedi tsa mo sekakeng di tla botha gone;Matlo a bone a tla tlala merubisi. Bontšhe ba tla nna gone,+Le dipodi tsa naga* di tla tlolaka gone. 22  Ditshedi tse di bokolelang di tla lela mo ditoreng tsa gagwe,Le bophokoje ba tla lela mo matlong a gagwe a segosi a manobonobo. Nako ya gagwe e gaufi, e bile malatsi a gagwe ga a kitla a lelefadiwa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “kota ya sesupo.”
^ Seheb., “kwa bathong ba me ba ba itshepisitsweng.”
^ Seheb., “le Bokesile ba tsone,” gongwe go tewa lesomosomo la dinaledi la Orione (Orion) le masomosomo a a le dikologileng.
^ Kgotsa “mokgabiso wa magosi.”
^ Kgotsa gongwe “Le madimona a a bopegileng jaaka dipodi.”