Isaia 45:1-25

  • Motlodiwa Kurose o tla gapa Babelona (1-8)

  • Letsopa ga le ka ke la ganetsana le Modiri wa lone (9-13)

  • Ditšhaba di tla itse Iseraele (14-17)

  • Modimo o bopile dilo tsotlhe e bile o diragatsa se a se buang (18-25)

    • Lefatshe le bopetswe gore go nniwe mo go lone (18)

45  Seno ke se nna Jehofa, ke se bolelelang motlodiwa wa me, e bong Kurose,+Yo ke tshwereng seatla sa gagwe sa moja+Gore ke fenye ditšhaba fa pele ga gagwe,+Gore ke tseele dikgosi dibetsa tsa tsone,*Gore ke mmulele ditswalo tse di mefama mebedi,Gore dikgoro di se ka tsa tswalega:  2  “Ke tla tsamaya kwa pele ga gago,+Mme ke tla papiela dithota. Ke tla thubaganya ditswalo tsa kopore,E bile ke tla kgaola mephakalego ya tshipi.+  3  Ke tla go naya matlotlo mo lefifingLe matlotlo a a fitlhilweng mo mafelong a a fitlhegileng,+Gore o tle o itse gore ke nna Jehofa,Modimo wa Iseraele, yo ke go bitsang ka leina la gago.+  4  Ke go bitsa ka leina la gagoKa ntlha ya motlhanka wa me Jakobe le ka ntlha ya Iseraele yo ke mo tlhophileng. Ke go naya leina la tlotlo, le fa gone o ne o sa nkitse.  5  Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Ga go na Modimo ope kwantle ga me.+ Ke tla go nonotsha,* le fa gone o ne o sa nkitse,  6  Gore batho ba tle ba itseGo tswa kwa tlhabong ya letsatsi le go ya kwa phirimong ya loneGore ga go na ope ntle le nna.+ Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.+  7  Ke dira lesedi+ e bile ke bopa lefifi,+Ke dira kagiso+ e bile ke baka masetlapelo;+Nna Jehofa, ke dira dilo tseno tsotlhe.  8  Lona magodimo, nesang pula go tswa kwa godimo;+A maru a tsholole tshiamo. A lefatshe le bulege mme le tlhogise poloko,Gape a le medise tshiamo ka nako e le nngwe.+ Nna Jehofa, ke le bopile.”  9  Ruri go latlhega motho yo o ganetsanang* le Modiri wa gagwe,*Gonne o tshwana fela le kapetla ya sejana sa letsopaE e mo gare ga dikapetla tse dingwe tsa sejana sa letsopa tse di fa fatshe. A letsopa le ka raya Mmopi wa lone* le re: “O bopa eng?”+ Kgotsa a se o se dirang se ka re: “Ga a na diatla”?* 10  Ruri go latlhega motho yo o rayang rre a re: “O nna rraagwe eng?” Le yo o rayang mosadi mongwe a re: “O belega eng?”* 11  Seno ke se Jehofa, Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele,+ Ene yo o mmopileng a se buang: “A o tla mpotsa ka dilo tse di tla diragalangO bo o ntaela se ke tshwanetseng go se dira ka bomorwaake+ le ka ditiro tsa diatla tsa me? 12  Ke ne ka dira lefatshe+ ka bo ka bopa motho mo go lone.+ Ke ne ka tsharolola magodimo ka diatla tsa me,+Mme ke naya masomosomo otlhe a one ditaelo.”+ 13  Jehofa wa masomosomo a re, “Ke dirile gore monna mongwe a ipaakanye ka gonne ke le tshiamo,+Mme ke tla tlhamalatsa ditsela tsotlhe tsa gagwe. Ke ene yo o tla agang motse wa me+A bo a golola batho ba me ba ba kwa botshwarwa+ ntle le tuelo kgotsa pipamolomo epe.”+ 14  Seno ke se Jehofa a se buang: “Poelo* ya kwa Egepeto le dithoto tsa kgwebo* tsa kwa Ethiopia le tsa Baseba, e leng batho ba baleele,Ba tla tla kwa go wena mme e tla nna batho ba gago. Ba tla tsamaya fa morago ga gago ba le mo dikeetaneng. Ba tla tla ba bo ba go ikobela.+ Ba tla go rapela ba re, ‘Ruri Modimo o na le wena,+Mme ga go na ope o sele; ga go na Modimo ope yo mongwe.’” 15  Eleruri o Modimo yo o iphitlhang,Wena Modimo wa Iseraele, Mmoloki.+ 16  Botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tla kokobediwa;Badiri botlhe ba medingwana ba tla tsamaya ba tlontlologile.+ 17  Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla boloka Baiseraele ka poloko ya bosakhutleng.+ Ga lo kitla lo tlhabiwa ke ditlhong kgotsa lo tlontlologa ka bosakhutleng.+ 18  Gonne seno ke se Jehofa a se buang,Mmopi wa magodimo,+ Modimo wa boammaaruri,Ene yo o bopileng lefatshe, Modiri wa lone yo o le diretseng gore le nnele ruri,+Yo o sa le bopelang lefela,* mme a le bopetse gore le nniwe:+ “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. 19  Ga ke a ka ka bua mo lefelong le le fitlhegileng,+ mo nageng e e lefifi;Ga ke a ka ka raya ditlogolwana* tsa ga Jakobe ke re,‘Mpatleng mme maiteko a lona e tla nna a lefela.’ Ke nna Jehofa, yo o buang se se siameng le yo o itsiseng se se boammaaruri.+ 20  Phuthegang mmogo mme lo tle. Atamelang lotlhe, lona bafalodi ba ba tswang mo ditšhabeng.+ Ba ba tsamayang ba tshotse ditshwantsho tse di betlilwengLe ba ba rapelang modimo yo o ka se kang a ba boloka, ga ba itse sepe.+ 21  Buang kgang ya lona lo bo lo ntshe bosupi jo bo tlhomamisang gore e boammaaruri. A ba gakololane mmogo ka kutlwano. Ke mang yo o neng a bolelela pele seno bogologoloA bo a se itsise go tloga mo metlheng e e fetileng? A ga se nna, Jehofa? Ga go na Modimo yo mongwe ntle le nna;Ga go na Modimo yo mongwe yo o siameng le Mmoloki+ kwantle ga me.+ 22  Boelang kwa go nna mme lo bolokwe,+ lona lotlhe ba lo kwa dikhutlong tsa lefatshe,Gonne ke Modimo, mme ga go na ope o sele.+ 23  Ke ikanne ka nna;Lefoko leno le dule mo molomong wa me ka tshiamo,Mme ga le kitla le boa:+ Lengole lengwe le lengwe le tla nkhubamela,Loleme longwe le longwe lo tla ikana gore lo tla ikanyega mo go nna+ 24  Mme lo tla re, ‘Ka metlha Jehofa o dira se se siameng e bile o maatla. Botlhe ba ba mo galefetseng ba tla tla fa pele ga gagwe ba tlhabilwe ke ditlhong. 25  Ditlogolwana* tsotlhe tsa Iseraele di tla bona gore di dirile sentle ka go direla Jehofa+E bile di tla ipelafatsa mo go ene.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “ke bofolole dinôka tsa dikgosi.”
^ Seheb., “go bofa thata.”
^ Kgotsa “ngangisanang.”
^ Kgotsa “le Ene yo o mmopileng.”
^ Kgotsa “Ene yo o le bopileng.”
^ Kgotsa gongwe “Kgotsa a letsopa le ka re: ‘Se o se dirang ga se na melepo’?”
^ Kgotsa “O mo ditlhabing tsa pelegi ka ntlha yang?”
^ Kgotsa gongwe “Badiri.”
^ Kgotsa gongwe “le bagwebi.”
^ Kgotsa gongwe “gore le nne lolea.”
^ Seheb., “losika.”
^ Seheb., “Losika.”