Isaia 51:1-23
51 “Ntheetseng lona ba lo latelelang tshiamo,Lona ba lo batlang nna Jehofa.
Lebang kwa lefikeng le lo gabilweng go tswa mo go lone,Le kwa kwaring e lo epolotsweng mo go yone.
2 Lebang kwa go Aborahame rraalonaLe kwa go Sara+ yo o neng a lo tshola.*
Gonne Aborahame o ne a le esi fela fa ke ne ke mmitsa,+Mme ke ne ka mo segofatsa ka bo ka mo ntsifatsa.+
3 Gonne Jehofa o tla gomotsa Siona.+
O tla tlisa kgomotso mo maropeng otlhe a gagwe,+Mme o tla dira gore naga ya gagwe e tshwane le Edene+E bile o tla dira gore sekaka sa gagwe se tshwane le tshingwana ya ga Jehofa.+
Mo go ene go tla fitlhelwa boitumelo le boipelo,Go ntshiwa ga ditebogo le pina e e monate.+
4 Ntlhwaeleng tsebe, lona batho ba me,Lo bo lo ntheetse, lona setšhaba sa me.+
Gonne molao o tla tswa mo go nna,+E bile ke tla tlhoma tshiamiso ya me gore e nne jaaka lesedi mo merafeng.+
5 Tshiamo ya me e a atamela.+
Poloko ya me e tla tswa,+E bile mabogo a me a tla atlhola merafe.+
Ditlhaketlhake di tla solofela mo go nna,+Mme di tla letela lebogo* la me.
6 Tsholeletsang matlho a lona kwa magodimong,Lo bo lo lebe lefatshe kwa tlase.
Gonne magodimo a tla phatlalala ka dikarolwana jaaka mosi;Lefatshe le tla onala jaaka seaparo,E bile banni ba lone ba tla swa jaaka mentsana.
Mme poloko ya me yone e tla nna ka bosakhutleng,+Le tshiamo ya me ga e kitla e fela.*+
7 Ntheetseng, lona ba lo itseng tshiamo,Lona batho ba molao* wa me o leng mo dipelong tsa lona.+
Lo se ka lwa boifa fa batho ba lo sotla,E bile lo se ka lwa boifa ka gonne ba lo kgoba.
8 Gonne motoutwane* o tla ba ja jaaka seaparo;Motoutwane* wa diaparo o tla ba kometsa jaaka boboa.+
Le fa go ntse jalo, tshiamo ya me e tla nna ka bosakhutleng,Le poloko ya me e tla nna mo dikokomaneng tsotlhe.”+
9 Tsoga! Tsoga! Apara nonofo,Wena lebogo la ga Jehofa!+
Tsoga jaaka mo malatsing a bogologolo, jaaka mo dikokomaneng tse di fetileng.
A ga se wena yo o neng wa thubaganya Rahabe,*+Yo o neng wa tlhaba setshedi se setona sa lewatle?+
10 A ga se wena yo o neng wa kgadisa lewatle, e leng metsi a a boteng thata?+
Yo o neng wa bula tsela mo botennyeng jwa lewatle gore batho ba ba rekolotsweng ba kgabaganye?+
11 Batho ba ga Jehofa ba ba rekolotsweng ba tla boa.+
Ba tla tla mo Siona ba goa ka boitumelo,+Ba tla itumela ka bosakhutleng.*+
Ba tla nna le boitumelo le boipelo,Mme khutsafalo le selelo di tla tshaba.+
12 “Nna, ke nna yo o lo gomotsang.+
Goreng lo tshwanetse go boifa motho yo o tlileng go swa+Le morwa motho yo o tlileng go swaba jaaka bojang jo botala?
13 Goreng o lebala Jehofa, Modiri wa gago,+Ene yo o phuthololang magodimo+ a bo a thaya motheo wa lefatshe?
Letsatsi lotlhe o ne o nna o boifa bogale jwa mogateledi*Jaaka e kete o ne a ipaakanyeditse go go senya.
Mme jaanong, bo kae bogale jwa mogateledi?
14 Mo bogautshwaneng, yo o inamang a le mo dikeetaneng o tla gololwa;+Ga a kitla a swa a bo a tsena mo khuting,E bile ga a kitla a tshwarwa ke tlala.
15 Mme nna ke Jehofa, Modimo wa gago,Yo o fuduang lewatle a bo a dira gore makhubu a lone a fuduege,+Leina la me ke Jehofa wa masomosomo.+
16 Ke tla tsenya mafoko a me mo molomong wa gago,Mme ke tla go sireletsa ka seatla sa me,+Gore ke jale magodimo ke bo ke theye motheo wa lefatshe+E bile ke tla raya Siona ke re, ‘Lo batho ba me.’+
17 Tsoga! Tsoga! Ema, wena Jerusalema,+Wena yo o noleng senwelo sa bogale jwa ga Jehofa se se tswang mo seatleng sa gagwe.
O ne wa nwa phafana;O minolositse senwelo se se dirang gore o thetheekele.+
18 Ga go na ope wa barwa botlhe ba o ba tshotseng yo o neng a le koo gore a go kaele,E bile ga go na ope wa barwa botlhe ba o ba godisitseng yo o neng a go tshwara ka seatla.
19 O tla diragalelwa ke dilo tseno tse pedi.
Ke mang yo o tla go utlwelang botlhoko?
O tla senngwa, o tla kgakgabadiwa e bile o tla tlelwa ke tlala le tšhaka.+
Ke mang yo o tla go gomotsang?+
20 Bomorwao ba idibetse.+
Ba rapama mo khoneng nngwe le nngwe ya mmila*Jaaka dinku tsa naga mo letloweng.
Ba tletse bogale jwa ga Jehofa, kgalemelo ya Modimo wa gago.”
21 Jaanong reetsa seno tsweetswee,Wena mosadi yo o bogisitsweng le yo o tagilweng, le fa gone o sa tagiwa ke beine.
22 Seno ke se Morena wa gago, e bong Jehofa a se buang, Modimo wa gago yo o lwelang batho ba gagwe:
“Ke tla tsaya senwelo se se dirang gore o thetheekele mo seatleng sa gago.+
Phafana, senwelo sa bogale jwa me;Ga o kitla o tlhola o se nwa gape.+
23 Mme ke tla se tsenya mo seatleng sa ba ba go bogisang,+Ba ba neng ba go raya ba re, ‘Inama gore re tle re tsamaye mo godimo ga gago!’
Ka jalo, o ne wa dira gore mokwatla wa gago o nne jaaka lefatshe,Jaaka mmila gore ba tsamaye mo go one.”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “yo o neng a lo belega ka ditlhabi tsa pelegi.”
^ Kgotsa “maatla.”
^ Kgotsa “ga e kitla e tšhwetlakanngwa.”
^ Kgotsa “taelo.”
^ Kgotsa “mmoto.”
^ Kgotsa gongwe “Seboko.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “Boitumelo bo tla nna mo tlhogong ya bone.”
^ Kgotsa “yo o go pitlaganyang.”
^ Seheb., “kwa mebila yotlhe e simologang gone.”