Isaia 44:1-28

  • Batho ba Modimo ba ba tlhopilweng ba tla segofadiwa (1-5)

  • Ga go na Modimo ope ntle le Jehofa (6-8)

  • Medimo e e betlilweng ga e na mosola (9-20)

  • Jehofa ke Morekolodi wa Iseraele (21-23)

  • Kurose o tla tsosolosa metse (24-28)

44  “Jaanong reetsa, wena Jakobe motlhanka wa me,Le wena Iseraele, yo ke go tlhophileng.+   Seno ke se Jehofa a se buang,Modiri wa gago, Ene yo o go bopileng,+Yo o neng a go thusa fa e sa le o tswa mo popelong:* ‘O se ka wa boifa, wena motlhanka wa me Jakobe,+Le wena Jeshurune,*+ yo ke go tlhophileng.   Gonne ke tla tshelela motho yo o nyorilweng* metsi,+E bile ke tla dira gore melatswana e elele mo nageng e e omeletseng. Ke tla tshololela moya wa me mo losikeng lwa gago+Le ditshegofatso tsa me mo ditlogolwaneng tsa gago.   Mme ba tla tlhoga jaaka e kete ba tlhoga mo bojannyeng jo botala,+Jaaka ditlhare tsa modibonoka tse di fa melatswaneng ya metsi.   Mongwe o tla re: “Nna ke wa ga Jehofa.”+ Yo mongwe o tla ipitsa ka leina la ga Jakobe,Mme yo mongwe ene o tla kwala jaana mo seatleng sa gagwe: “Wa ga Jehofa.” Mme o tla ipitsa ka leina la Iseraele.’   Seno ke se Jehofa a se buang,Kgosi ya Iseraele+ le Morekolodi+ wa gagwe, e bong Jehofa wa masomosomo: ‘Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo.+ Ga go na Modimo ope ntle le nna.+   Ke mang yo o tshwanang le nna?+ A a tlhaeletse mme a bolele a bo a mpontshe bosupi jwa seo.+ Go tloga ka nako ya fa ke ne ke tlhoma batho ba bogologolo,A ba bolele dilo tse di tla tlangLe tse di sa ntseng di tla direga.   Lo se ka lwa boifa,E bile lo se ka lwa aparelwa ke letshogo.+ A ga ke a ka ka bolelela mongwe le mongwe wa lona ka bo ka lo itsise? Lo basupi ba me.+ A go na le Modimo yo mongwe ntle le nna? Nnyaa, ga go na Lefika+ le lengwe; ga ke itse lepe.’”   Botlhe ba ba dirang ditshwantsho tse di betlilweng ga ba na mosola,E bile ditshwantsho tsa bone tse ba di ratang thata ga di kitla di ba tswela mosola.+ Fela jaaka basupi ba tsone, ga di bone sepe e bile ga di itse sepe,+Ka jalo, ba ba di dirileng ba tla tlhabiwa ke ditlhong.+ 10  Ke mang yo o ka dirang bomatla ka go bopa modimo kgotsa ka go dira setshwantsho* se se bopilwengSe se se nang mosola ope?+ 11  Botlhe ba ba itsalanyang le ene ba tla tlhabiwa ke ditlhong.+ Babetli ba teng ke bathonyana fela. A botlhe ba phuthege mme ba eme mo maemong a bone. Ba tla tshoga e bile botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong. 12  Mothudi wa tshipi o tsenya tshipi mo magaleng a dirisa sedirisiwa sa gagwe. O e betsabetsa ka dihamore* a e bopa,A dirisa lebogo la gagwe le le maatla.+ Go tswa foo o tshwarwa ke tlala a bo a felelwa ke nonofo;Ga a nwe metsi e bile o a lapa. 13  Mmetli wa logong o otlolola thapo e e lekanyang, o thalela setshwantsho se a tlileng go se dira ka tšhoko e khibidu. O se gotlha ka sefadi se se gotlhang logong a bo a se thalela ka khampase. O se dira gore se bopege jaaka motho,+Se nne sentle jaaka motho,Gore se nne mo ntlong.*+ 14  Go na le motho yo tiro ya gagwe e leng go rema masedara. O tlhopha setlhare sa mofuta mongwe, e leng setlhare sa moakere,*Mme o se tlogela gore se gole thata mo gare ga ditlhare tsa sekgwa.+ O jala setlhare sa motalafadi, mme pula e a se godisa. 15  Go tswa foo, motho o gotsa molelo ka sone. O tsaya dikgong dingwe tsa setlhare seo gore a ithuthafatse;O gotsa molelo a bo a besa senkgwe. Mme gape o dira modimo ka sone a bo a o obamela. O dira setshwantsho se se betlilweng ka sone a bo a ikoba fa pele ga sone.+ 16  O fisa halofo ya dikgong tseo mo molelong;Ka yone halofo eo, o besa nama, o a e ja a bo a kgora. Gape o a ithuthafatsa a bo a re: “Aha! Molelo ke ono o tla nthutafatsa.” 17  Mme o dira modimo ka dikgong tse di setseng, o dira setshwantsho se se betlilweng ka tsone. O ikoba fa pele ga sone a bo a se obamela. O a se rapela a bo a re: “Mpoloke, ka gonne o modimo wa me.”+ 18  Ga ba itse sepe, ga ba tlhaloganye sepe,+Ka gonne matlho a bone a tswalegile e bile ga ba kgone go bona,Le dipelo tsa bone ga di na temogo. 19  Ga go na ope yo o akanyang mo pelong ya gagweKgotsa yo o nang le kitso kgotsa tlhaloganyo ya gore a ipotse a re: “Ke fisitse halofo ya dikgong mo molelong,E bile ke ne ka besa senkgwe le nama mo magaleng a tsone gore ke je. A jaanong ke tshwanetse go dirisa dikgong tse di setseng go dira selo se se makgapha?+ A ke tshwanetse go obamela logong* lwa setlhare?” 20  O ja melora fela. Pelo ya gagwe e e tsietsegileng e mo timeditse. Ga a ka ke a ikgolola, e bile ga a re: “Ke na le selo se se se nang mosola mo seatleng sa moja.” 21  “Gakologelwa dilo tseno, wena Jakobe, le wena Iseraele,Gonne o motlhanka wa me. Ke go bopile e bile o motlhanka wa me.+ Wena Iseraele, ga nkitla ke go lebala.+ 22  Ke tla tlosa melato ya gago jaaka e kete ke e khurumetsa ka leru,+E bile ke tla tlosa maleo a gago jaaka e kete ke a khurumetsa ka leru le le kwenneng. Boela kwa go nna, ka gonne ke tla go rekolola.+ 23  “Goang ka boitumelo, lona magodimo,Gonne Jehofa o tseregantse! Goang ka ntlha ya phenyo, lona dikarolo tse di kwa tengteng tsa lefatshe! Goang ka boitumelo lona dithaba,+Wena sekgwa, le ditlhare tsotlhe tsa gago! Gonne Jehofa o rekolotse Jakobe,E bile o bontsha bontle jwa gagwe mo Iseraele.”+ 24  Seno ke se Jehofa a se buang, Morekolodi+ wa gago,Yo o neng a go bopa fa o ne o le mo popelong: “Ke nna Jehofa, yo o dirileng sengwe le sengwe. Ke ne ka tsharolola magodimo ke le nosi,+E bile ke ne ka phutholola lefatshe.+ Ke mang yo o neng a na le nna? 25  Ke kgoreletsa ditshupo tsa ba ba buang dilo tse di se nang mosola,*E bile ke Nna yo o dirang gore ba ba dirang tiro ya boitseanape ba itshware jaaka dieleele;+Ene yo o tlhakanyang banna ba ba botlhale tlhogoLe yo o fetolang kitso ya bone gore e nne boeleele;+ 26  Ene yo o dirang gore lefoko la motlhanka wa gagwe le diragaleLe yo o diragatsang ka botlalo dipolelelopele tsa barongwa ba gagwe;+Ene yo o buang ka Jerusalema a re, ‘O tla nniwa,’+Le yo o buang ka metse ya Juda a re, ‘E tla agiwa sesha,+E bile ke tla tsosolosa matlotla a gagwe’;+ 27  Ene yo o rayang metsi a a boteng a re, ‘Kgala,E bile ke tla kgadisa dinoka tsa gago tsotlhe’;+ 28  Ene yo o buang ka Kurose+ a re, ‘Ke modisa wa me,E bile o tla diragatsa ka botlalo sotlhe se ke se ikaeletseng’;+Ene yo o buang ka Jerusalema a re, ‘O tla agiwa sesha,’ Le yo o buang ka tempele a re, ‘Motheo wa gago o tla thaiwa.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “fa e sa le o tsholwa.”
Mo go kayang “Yo o Siameng,” sereto sa tlotlo se Iseraele a bidiwang ka sone.
Kgotsa “naga e e omeletseng.”
Kgotsa “sefikantswe.”
Kgotsa “dihamole.”
Kgotsa “mo lefelong la kobamelo.”
Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
Kgotsa “logong lo lo omeletseng.”
Kgotsa “tsa baporofeti ba maaka.”