Isaia 14:1-32
14 Gonne Jehofa o tla utlwela Jakobe botlhoko,+ mme o tla tlhopha Baiseraele gape.+ O tla ba baya* mo nageng ya bone,+ mme batswakwa ba tla ikopanya le bone e bile ba tla ikgolaganya le ditlogolwana tsa ga Jakobe.+
2 Mme ditšhaba di tla ba tsaya di bo di ba busetsa kwa lefelong la bone, mme batho ba Iseraele ba tla ba itseela ba ba dira batlhanka le malata+ mo lefatsheng la ga Jehofa; mme batho ba ba neng ba ba dirile batshwarwa ba tla fetoga batshwarwa ba bone, e bile ba tla laola ba ba neng ba ba pateletsa go dira.*
3 Mo letsatsing la fa Jehofa a go golola mo botlhokong le mo khuduegong le mo bokgobeng jo bo boima jo o leng mo go jone,+
4 o tla bua seane* seno ka ga kgosi ya Babelona:
“Ruri yo o pateletsang ba bangwe go dira* o fedisitswe!
Ruri kgatelelo e khutlile!+
5 Jehofa o robile thobane ya ba ba bosula,E leng molamu wa babusi,+
6 Ba ba itayang ditšhaba ba galefile, ba di itaya ba sa kgaotse,+Ba ba fenyang merafe ba shakgetse, ba e bogisa setlhogo ba sa kgaotse.+
7 Jaanong lefatshe lotlhe le ikhuditse, ga le na matshwenyego.
Batho ba goa ba itumetse.+
8 Tota le ditlhare tsa mofira di a go itumelela,Mmogo le masedara a kwa Lebanona.
Tsa re, ‘Fa e sa le o wa,Ga go na moremi ope wa logong yo o re tlhaselang.’
9 Tota le Lebitla* ka fa tlase le fuduegileGore le go kgatlhantshe fa o tla.
Ka ntlha ya gago, le tsosa batho ba ba suleng,Baeteledipele botlhe ba ba gatelelang* ba lefatshe.
Le dira gore dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba di eme mo ditulong tsa tsone tsa bogosi.
10 Botlhe ba a bua mme ba go raya ba re,‘A le wena o nnile bokoa jaaka rona?
A jaanong o tshwana le rona?
11 Boikgogomoso jwa gago bo foloseditswe kwa Lebitleng,*Le modumo wa diletswa tsa gago tsa megala o khutlile.+
Dibokwana di ikadile ka fa tlase ga gago jaaka bolao,Mme diboko ke kobo ya gago.’
12 Ruri o ole kwa legodimong,Wena yo o phatsimang, morwa bosa!
Ruri o kgaotswe mme wa digelwa mo lefatsheng,Wena yo o neng o fenya ditšhaba!+
13 O ne wa bua jaana mo pelong ya gago, ‘Ke tla tlhatlogela kwa magodimong.+
Ke tla tsholeletsa setulo sa me sa bogosi kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo,+E bile ke tla nna fa fatshe mo thabeng e go kopanelwang mo go yone,Kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone.+
14 Ke tla tlhatlogela kwa godimodimo ga maru;Ke tla dira gore ke tshwane le Mogodimodimo.’
15 Le fa go ntse jalo, o tla folosediwa kwa Lebitleng,*Kwa dikarolong tse di kwa tengteng tsa khuti.
16 Ba ba go bonang ba tla go tlhoma matlho;Ba tla go sekaseka ka kelotlhoko ba re,‘A motho yono ke ene yo o neng a tshikinya lefatshe,Yo o neng a roromisa magosi,+
17 Yo o neng a dira gore lefatshe le batho ba nnang mo go lone le nne fela jaaka nagaA bo a ribegetsa metse ya lone,+Yo o neng a gana go letla magolegwa a gagwe go boela gae?’+
18 Dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa ditšhaba,Tota, dikgosi tsotlhe, di fitlhwa ka tsela e e tlotlegang,Nngwe le nngwe mo lebitleng* la yone.
19 Mme wena o tla latlhiwa o sa fitlhiwe mo lebitleng,Jaaka letlhogela* le le nyatsegang,O khurumeditswe ke batho ba ba bolailweng ba ba tlhabilweng ka tšhaka,Ba ba fologelang kwa majeng a khuti,Jaaka setoto se se gatakiwang ka dinao.
20 Ga o kitla o fologela kwa go bone kwa lebitleng,Ka gonne o sentse naga ya gago,O bolaile batho ba gago.
Ditlogolwana tsa badirabosula ga di kitla di tlhola di umakiwa gape.
21 Baakanyetsang bomorwawe lefelo la go bolawaKa ntlha ya maleo a borraabonemogolo,Gore ba se ka ba nna maatla ba bo ba gapa lefatsheBa bo ba tlatsa naga ka metse ya bone.”
22 Jehofa wa masomosomo a re, “Ke tla ba tlhasela.”+
Jehofa a re, “Ke tla nyeletsa leina le masalela le ditlogolwana le bana mo Babelona.”+
23 Jehofa wa masomosomo a re, “Ke tla dira gore a nne lefelo le dinoko* di nnang mo go lone e bile ke tla dira gore a nne kgaolo ya metsi a a seretse, mme ke tla mo nyeletsa.”*+
24 Jehofa wa masomosomo o ikanne jaana:
“Fela jaaka ke ikaeletse, go tla nna jalo,E bile fela jaaka ke sweditse, seo ke sone se se tla diragalang.
25 Ke tla thubaganya Moasiria mo lefatsheng la me,E bile ke tla mo gataka mo dithabeng tsa me.+
Jokwe ya gagwe e tla tlosiwa mo go bone,Le morwalo wa gagwe o tla tlosiwa mo legetleng la bone.”+
26 Seno ke se se sweditsweng* se se tla tlelang lefatshe lotlhe,E bile seno ke seatla se se otlololetsweng* ditšhaba tsotlhe.
27 Gonne Jehofa wa masomosomo o dirile tshwetso,Mme ke mang yo o ka e kgoreletsang?+
Seatla sa gagwe se otlologile,Mme ke mang yo o ka se busetsang morago?+
28 Mo ngwageng o Kgosi Ahase a neng a swa ka one,+ go ne ga romelwa molaetsa ono:
29 “O se ka wa itumela, wena Filisitia, ope fela wa gago a se ka a itumela,Fela ka gonne thobane ya yo o go kgemethang e robagantswe.
Gonne mo losikeng lwa noga+ go tla tswa noga e e botlhole,+Mme ngwana wa yone e tla nna noga e e botlhole e e bonako.
30 Fa maitibolo a batho ba maemo a a kwa tlase a ja,Le bahumanegi ba rapama ka pabalesego,Ke tla bolaya losika lwa gago ka leuba,Mme se se setseng sa gago se tla bolawa.+
31 Bokolelang lona batho ba ba mo kgorong! Lelang lona banni ba motse!
Lotlhe lo tla nyema moko!
Gonne go tla masole a a tswang kwa bokone jaaka e kete ke mosi,E bile ga go na bape ba ba tsamayang ka bonya mo mephatong eo.”
32 Ba tla araba barongwa ba setšhaba ba reng?
Ba tla ba araba ba re Jehofa o theile motheo wa Siona,+E bile batho ba gagwe ba maemo a a kwa tlase ba tla tshabela mo go ene.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “O tla ba naya boikhutso.”
^ Kgotsa “baokamedi ba bone.”
^ Kgotsa “kgobo.”
^ Kgotsa “Ruri mookamedi.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “Diphoko tsotlhe.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “mo ntlong.”
^ Kgotsa “kala.”
^ Seheb., “ke tla mo feela ka lofeelo lo lo nyeletsang.”
^ Kgotsa “bonoko.”
^ Seheb., “kgakololo e e gakolotsweng.”
^ Kgotsa “se se ipaakanyeditseng go kgemetha.”