Isaia 29:1-24

  • Masetlapelo a wela Ariele (1-16)

    • Modimo ga a batle go galalediwa ka molomo fela (13)

  • Bosusu ba tla utlwa le difofu di tla bona (17-24)

29  “Ruri Ariele,* Ariele, motse o Dafide a neng a kampa mo go one o tla atlholwa!+ Tswelelang ngwaga le ngwaga;A modikologo wa meletlo+ o tswelele.  2  Le fa go ntse jalo, ke tla tlisetsa Ariele masetlapelo,+Mme go tla nna le khutsafalo le selelo se segolo,+E bile mo go nna, o tla nna jaaka leiso la sebeso sa Modimo.+  3  Ke tla kampa mo matlhakoreng otlhe gore ke tle ke lwe le wena,E bile ke tla aga legora go go dikologaKe bo ke aga dithako gore ke go tlhasele.+  4  O tla kokobediwa;O tla bua go tswa mo mmung,Mme se o se buang se tla felela mo loroleng. Lentswe la gago le tla tswa mo mmung+Jaaka lentswe la motho yo o dirisanang le badimo,E bile mafoko a gago a tla tswirinya a tswa mo loroleng.  5  Baba ba gago* ba bantsintsi ba tla nna jaaka lorole lo lo boleta,+Bagateledi ba bantsintsi ba tla nna fela jaaka mmoko o o fofang.+ Mme seo se tla direga ka ponyo ya leitlho, ka tshoganyetso.+  6  Jehofa wa masomosomo o tla go gololaKa tumo ya maru, thoromo ya lefatshe le modumo o mogolo,Ka phefo ya matsubutsubu, setsuatsue le dikgabo tsa molelo o o lailang.”+  7  Foo batho ba bantsintsi ba ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanang le Ariele,+Botlhe ba ba lwang le ene,Dikara tsa ntwa tse e keteng ditora tse di mo tlhaselang,Le botlhe ba ba mo tlisetsang masetlapelo,Ba tla nna jaaka toro, e leng ponatshegelo ya bosigo.  8  Ruri go tla nna fela jaaka fa motho yo o tshwerweng ke tlala a lora a ja,Mme a bo a tsoga a tshwerwe ke tlala,*E bile go tla nna jaaka fa motho yo o tshwerweng ke lenyora a lora a nwa,Mme a bo a tsoga a lapile e bile a tshwerwe ke lenyora.* Batho ba bantsintsi ba ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanang le Thaba ya Siona,Le bone ba tla diragalelwa ke sone seo.+  9  Akabalang lo bo lo gakgamale;+Iphoufatseng mme lo foufale.+ Ba tagilwe, mme ga ba a tagiwa ke beine;Ba a thetheekela, mme ga ba a nwa bojalwa. 10  Gonne Jehofa o dirile gore lo robale boroko jo bogolo;+O tswetse matlho a lona, lona baporofeti,+E bile o khurumeditse ditlhogo tsa lona, lona ba lo bonang diponatshegelo.+ 11  Mo go lona, ponatshegelo nngwe le nngwe e nna jaaka mafoko a a mo bukeng e e kanetsweng.+ Fa ba e naya motho yo o itseng go bala, ba re: “Tsweetswee, balela seno kwa godimo,” ene o tla re: “Ga ke kgone, ka gonne e kanetswe.” 12  Mme fa ba tsaya buka eo ba e naya mongwe yo o sa itseng go bala, ba re: “Tsweetswee, bala seno,” o tla a re: “Ga ke itse go bala gotlhelele.” 13  Jehofa a re: “Batho bano ba atamela kwa go nna ka melomo ya bone fela,E bile ba ntlotla ka melomo ya bone fela,+Mme dipelo tsa bone di kgakala le nna;E bile go mpoifa ga bone go theilwe mo ditaelong tsa batho tse ba di rutilweng.+ 14  Ka jalo, ke nna Yo ke tla dirang dilo tse di gakgamatsang gape ka batho bano,+Ke tla dira dikgakgamatso ka go latelana;Mme botlhale jwa batho ba bone ba ba botlhale bo tla nyelela,E bile tlhaloganyo ya batho ba bone ba ba botlhale e tla fitlhiwa.”+ 15  Ruri ba ba tsayang matsapa a magolo go fitlhela Jehofa dithulaganyo* tsa bone, ba tla tlelwa ke masetlapelo.+ Ba direla ditiro tsa bone mo lefifing,Ba ntse ba re: “Ke mang yo o re bonang? Ke mang yo o itseng se re se dirang?”+ 16  Ruri lo sokamisa dilo!* A mmopi wa letsopa a ka tshwantshiwa le letsopa?+ A selo se se dirilweng se ka raya modiri wa sone sa re: “Ga a ntira”?+ E bile a selo se se bopilweng se ka bua jaana ka mmopi wa sone: “Ga a tlhaloganye sepe”?+ 17  Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, Lebanona e tla fetolwa tshingwana ya maungo,+Mme tshingwana eo ya maungo e tla tshwana fela le sekgwa.+ 18  Mo letsatsing leo, bosusu ba tla utlwa mafoko a a mo bukeng,Mme difofu di tla tswa mo letobong le mo lefifing di bo di bona.+ 19  Ba ba pelonolo ba tla itumela thata ka ntlha ya ga Jehofa,Le bahumanegi ba tla itumela ka ntlha ya Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+ 20  Mogateledi o tla bo a sa tlhole a le gone,Moikgantshi o tla fedisiwa,Le botlhe ba ba nnang ba ipaakanyeditse go gobatsa ba tla senngwa,+ 21  Ba ba buang maaka gore ba bangwe ba felele ba le molato,Ba ba beelang mofemedi* dirai kwa kgorong ya motse,+Le ba ba ganang go direla mosiami tshiamiso ka ntlha ya dikganetsano tse di sa utlwaleng.+ 22  Ka jalo, seno ke se Jehofa, yo o neng a golola Aborahame,+ a se bolelelang ditlogolwana tsa ga Jakobe: “Jakobe ga a kitla a tlhola a tlhabiwa ke ditlhong,E bile sefatlhego sa gagwe ga se kitla se tlhola se nna sesetlha.*+ 23  Gonne fa a bona bana ba gagwe,Ba e leng tiro ya diatla tsa me, ba na le ene,+Ba tla baka leina la me;Ruri ba tla baka Modimo yo o Boitshepo wa ga Jakobe,E bile ba tla tlotla Modimo wa Iseraele.+ 24  Ba ba duleng mo tseleng ba tla ithuta go tlhaloganya,Le ba ba ngongoregang ba tla amogela thuto.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Gongwe go kaya “Leiso la Sebeso sa Modimo,” go lebega go tewa Jerusalema.
^ Seheb., “Batswakwa.”
^ Kgotsa “a le lolea.”
^ Kgotsa “a omeletse.”
^ Kgotsa “maikaelelo.”
^ Kgotsa “Eleruri lo sokame!”
^ Seheb., “yo o kgalemelang.”
^ Go tewa ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong le go swabisiwa.