Isaia 16:1-14

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Moabe o a tswelela (1-14)

16  Romelelang mmusi wa lefatshe phelefu,Go tswa kwa Sela go ralala nagaGo ya kwa thabeng ya ga morwadia Siona.  2  Fela jaaka nonyane e e lelekilweng mo sentlhageng sa yone,+Bomorwadia Moabe ba tla nna jalo kwa go kgabaganngwang noka gone kwa Arenone.+  3  “Ntshang kgakololo, diragatsang tshwetso. Dirang gore moriti wa lona wa motshegare o nne jaaka bosigo. Fitlhang ba ba gasameng mme lo se ka lwa tsietsa ba ba tshabang.  4  E kete batho ba me ba ba gasameng ba ka nna mo go wena Moabe. Nna lefelo le ba ka iphitlhang mo go lone ka ntlha ya yo o nyeletsang.+ Mogateledi o tla fedisiwa,Tshenyo e tla khutla,E bile ba ba gatakang ba bangwe ba tla fedisiwa mo lefatsheng.  5  Mme kgosi e e tswang mo losikeng lwa ga Dafide e tla nna mo setulong sa bogosi. E tla ikanyega e bile puso ya gagwe e tla nna e e sireletsegileng e e dirang dilo ka lorato lo lo sa kgaotseng;+E tla atlhola ka tekatekano e bile e tla diragatsa tshiamo ka bonako.”+  6  Re utlwile ka mabela a ga Moabe gore o ikgogomosa thata,+Re utlwile ka boikgodiso jwa gagwe le mabela a gagwe le tšhakgalo ya gagwe;+Le fa go ntse jalo, puo ya gagwe e e se nang mosola e tla fela.  7  Ka jalo, Moabe o tla lelela Moabe;Botlhe fela ba tla bokolela.+ Ba ba iteilweng ba tla hutsafalela dikuku tsa morara* o o swabisitsweng tsa Kire-haresethe.+  8  Gonne masimo a Heshebone+ a swabile,E leng ditlhare tsa morara wa Sibema,+Babusi ba ditšhaba ba gatakile dikala tsa tsone tse dikhibidu;*Ba ne ba ya go fitlha kwa Jasere;+Ba ne ba fetela kwa nageng. Matlhogela a tsone a ne a anama a bo a ya go fitlha kwa lewatleng.  9  Ke gone ka moo ke tla lelelang ditlhare tsa morara wa Sibema jaaka ke lelela Jasere. Ke tla go kolobetsa ka dikeledi tsa me, wena Heshebone le Eleale,+Ka gonne modumo wa go itumelela maungo a gago a selemo le thobo ya gago o khutlile.* 10  Boitumelo le boipelo di tlositswe mo tshingwaneng ya maungo,E bile ga go na dipina tsa boipelo kgotsa modumo wa boitumelo mo masimong a morara.+ Ga go na ope yo o gatang morara mo segatisetsong gore a dire beine. Gonne ke dirile gore modumo wa boitumelo o khutle.+ 11  Ke gone ka moo ke fuduegileng ka ntlha ya Moabe,+Jaaka modumo wa harepa,E bile dikarolo tsa me tse di kwa tengteng di fuduegile ka ntlha ya Kire-haresethe.+ 12  Tota le fa Moabe a itapisa ka go ya go obamela kwa lefelong le le kwa godimo le le boitshepo e bile a ya go rapela kwa tempeleng ya gagwe, ga a kitla a fitlhelela sepe.+ 13  Leno ke lefoko le Jehofa a neng a le bua mo nakong e e fetileng ka ga Moabe. 14  Mme jaanong Jehofa a re: “Mo dingwageng di le tharo fela, jaaka dingwaga tsa modiri yo o thapilweng,* kgalalelo ya Moabe e tla tlontlololwa e bile go tla nna le khuduego e kgolo, mme ba ba tla salang ba tla bo ba le mmalwa fela e bile ba le bokoa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “dikala tsa tsone tse di tletseng morara o mohibidu.”
Kgotsa gongwe “Gonne selelo sa tlhabano se fologetse mo maungong a gago a selemo le mo thobong ya gago.”
Kgotsa “tse di badilweng ka kelotlhoko fela jaaka modiri yo o thapilweng a dira”; go tewa mo dingwageng di le tharo tse di feletseng.