Isaia 41:1-29

  • Mofenyi yo o tswang kwa botlhabatsatsi (1-7)

  • Iseraele o tlhophiwa gore a nne motlhanka wa Modimo (8-20)

    • “Aborahame tsala ya me” (8)

  • Medimo e mengwe ga e na mosola (21-29)

41  “Ntheetseng lo didimetse,* lona ditlhaketlhake;A ditšhaba di nne le maatla gape. A di atamele; go tswa foo di bue.+ A re kopaneng re tle tshekong.  2  Ke mang yo o tlhotlheleditseng mongwe go tswa kwa botlhabatsatsi,+A mmiletsa fa dinaong tsa Gagwe* ka tshiamo,Gore a mo neye ditšhabaLe gore a mo thuse go fenya dikgosi?+ Ke mang yo o dirang gore di nne jaaka lerole fa pele ga tšhaka ya gagwe,Jaaka lotlhaka lo lo kgokgweediwang ke phefo fa pele ga bora jwa gagwe?  3  O a ba latelela, a feta a sa kgorelediwe ke sepeMo ditselaneng tse dinao tsa gagwe di iseng di tsamaye mo go tsone.  4  Ke mang yo o dirileng seno,A bitsa dikokomana go tswa kwa tshimologong? Nna Jehofa, ke nna Wa Ntlha;+Le mo go ba bofelo ga ke a fetoga.”+  5  Ditlhaketlhake di bone se a se dirileng mme di tshogile. Dikhutlo tsa lefatshe di ne tsa simolola go roroma. Di a atamela di bo di tla.  6  Mongwe le mongwe o thusa tsala ya gagweE bile o raya morwarraagwe a re: “Nonofa.”  7  Ka jalo, mmetli o nonotsha mothudi wa tshipi;+Yo o papetlang ka hamore*O nonotsha yo o kokotelelang mo lentswetshiping. O bua jaana ka tiro ya go lomaganya: “E siame.” Go tswa foo, o kokotela setshwantsho seo ka dipekere gore se se ka sa wa.  8  “Mme wena Iseraele, o motlhanka wa me,+Wena Jakobe, o motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng,+Setlogolwana* sa ga Aborahame tsala ya me,+  9  Wena, yo ke neng ka go tsaya kwa dikhutlong tsa lefatshe,+Le wena yo ke neng ka go bitsa go tswa kwa dikarolong tsa lone tse di kgakalakgakala. Ke ne ka go raya ka re, ‘O motlhanka wa me;+Ke go tlhophile; ga ke a go gana.+ 10  O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena.+ O se ka wa tlhobaela, ka gonne ke Modimo wa gago.+ Ke tla go nonotsha, ke tla go thusa,+Ruri ke tla go ngangatlela thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.’ 11  Botlhe ba ba go galefelang ba tla tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tla kokobediwa.+ Ba ba lwang le wena ba tla dirwa ba e seng ba sepe e bile ba tla nyelela.+ 12  O tla batla batho ba ba lwang le wena, mme ga o kitla o ba bona;Batho ba ba tlhabanang le wena ba tla nna jaaka sengwe se se iseng se nne teng, ba tla fetoga lefelafela.+ 13  Gonne nna Jehofa, Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja,Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Ke tla go thusa.’+ 14  O se ka wa boifa, wena Jakobe yo e leng seboko,*+Lona banna ba Iseraele, ke tla lo thusa,” go bua Jehofa, Morekolodi wa gago,+ Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele. 15  “Ke go dirile selei se se phothang,+Sedirisiwa se sesha se se phothang sa meno a a magalemabedi. O tla gataka dithaba o bo o di thubaganyaE bile o tla dira gore dithota di nne jaaka mmoko. 16  O tla di olosa,Mme di tla tsewa ke phefo;Phefo ya matsubutsubu e tla di phatlalatsa. O tla itumela ka ntlha ya ga Jehofa,+E bile o tla ipelafatsa ka ntlha ya Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.”+ 17  “Batlhoki le bahumanegi ba batla metsi, mme ga a yo. Maleme a bone a omile ka ntlha ya lenyora.+ Nna Jehofa, ke tla ba araba.+ Nna Modimo wa Iseraele, ga nkitla ke ba latlha.+ 18  Ke tla dira gore dinoka di elele mo dithoteng tse di sa tlhogang sepe+Le metswedi e elele mo mabaleng.+ Ke tla dira gore naga e fetoge mogobe wa metsi o o tletseng lotlhakaLe lefatshe le le se nang metsi le fetoge metswedi ya metsi.+ 19  Ke tla jala setlhare sa mosedara,Sa mokala, sa moretela le sa phaene mo sekakeng.+ Ke tla jala setlhare sa mofira,Mmogo le setlharesetuba le mokuperese mo lebaleng le le sekaka,+ 20  Gore batho botlhe ba tle ba bone ba bo ba itseMme ba ele tlhoko ba bo ba tlhaloganyeGore seatla sa ga Jehofa se dirile seno,Le gore Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele o bopile seno.”+ 21  Jehofa a re, “Tlisang kgang ya lona.” Kgosi ya ga Jakobe ya re, “Ntshang mabaka a lona. 22  Ntshang bosupi mme lo re bolelele dilo tse di tlileng go direga. Re boleleleng dilo tsa nako e e fetileng,*Gore re tle re akanyetse kwa teng ka tsone* mme re itse diphelelo tsa tsone. Kgotsa re itsiseng dilo tse di tlang.+ 23  Re boleleleng se se tla diregang mo nakong e e tlang,Gore re tle re itse gore lo medimo.+ Dirang sengwe, se ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula,Gore re tle re gakgamale fa re se bona.+ 24  Ga lo na mosola,E bile se lo se fitlheletseng ke lefela.+ Ope fela yo o lo tlhophang o makgapha.+ 25  Ke biditse mongwe go tswa kwa bokone, mme o tla tla,+Mongwe yo o tswang kwa botlhabatsatsi*+ yo o tla bitsang leina la me. O tla gataka babusi* jaaka e kete o gataka letsopa,+Jaaka mmopi wa letsopa yo o gatakang letsopa le le bongola. 26  Ke mang yo o boletseng seno go tswa kwa tshimologong, gore re tle re itse,Kgotsa go tswa kwa dinakong tse di fetileng, gore re ka re, ‘O nepile’?+ Eleruri, ga go na ope yo o itsisitseng seno. Ga go na ope yo o boletseng seno. Ga go na ope yo o utlwileng sepe go tswa mo go lona.”+ 27  Ke ne ka nna wa ntlha go raya Siona ke re: “Bona! Ke bano!”+ Mme ke tla romela mongwe yo o tshotseng dikgang tse di molemo kwa Jerusalema.+ 28  Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna ke lebile, mme go ne go se na ope;Go ne go se na ope mo gare ga bone yo o ka ba gakololang. Ke ne ka nna ka ba botsa mme go ne go se na ope yo o arabang. 29  Botlhe ga ba na mosola. Ga ba kgone go fitlhelela sepe. Ditshwantsho* tsa bone tse di bopilweng ke phefo fela e bile ke lefela.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Didimalang fa pele ga me.”
Go tewa gore a Mo direle.
Kgotsa “hamole.”
Seheb., “Losika.”
Go tewa yo o sa kgoneng go itshireletsa le yo o bokoa.
Seheb., “tsa ntlha.”
Kgotsa “re tlhome pelo ya rona.”
Kgotsa “yo o tswang kwa botlhaba.”
Kgotsa “balaodi.”
Kgotsa “Difikantswe.”