Isaia 5:1-30

  • Pina e e buang ka tshimo ya ga Jehofa ya morara (1-7)

  • Masetlapelo a a tlelang tshimo ya ga Jehofa ya morara (8-24)

  • Modimo o galefela batho ba gagwe (25-30)

5  Tsweetswee mma ke opelele moratiwa wa me,Ke opele pina e e ka ga moratiwa wa me le tshimo ya gagwe ya morara.*+ Moratiwa wa me o ne a na le tshimo ya morara mo thoteng e e nang le mmu o o ungwang.   O ne a e epa a bo a ntsha maje mo go yone. O ne a jala morara o mohibidu o o e gaisang yotlhe mo go yone,A aga tora mo gare ga yone,A bo a epa segatisetso sa beine mo go yone.+ Go tswa foo, o ne a nna a solofetse gore e tlhagise morara o o monate,Mme e ne ya tlhagisa morara o o botlha fela.+   “Jaanong, lona banni ba Jerusalema le lona batho ba Juda,Tsweetswee atlholang fa gare ga me le tshimo ya me ya morara.+   Nkabo ke dirile eng gape mo tshimong ya me ya morara,Se ke iseng ke se dire?+ Goreng e ne ya tlhagisa morara o o botlha fela,Fa nna ke ne ke solofetse gore e tlhagise morara o o monate?   Tsweetswee, mma jaanong ke lo boleleleSe ke tla se dirang mo tshimong ya me ya morara: Ke tla tlosa legora la yone,Mme e tla fisiwa.+ Ke tla thuba lobota lwa yone lwa maje,Mme e tla gatakwa.   Ke tla dira gore e kgakgabale;+Ga e kitla e pomiwa kgotsa e tlhagolwa. E tla tlhoga ditlhatshana tsa mmitlwa le mefero,+E bile ke tla laela maru gore a se ka a e nesetsa pula.+   Gonne tshimo ya morara ya ga Jehofa wa masomosomo ke setšhaba sa Iseraele;+Batho ba Juda ke dijalo tse a neng a di rata thata. O ne a nna a solofetse gore batho ba tla busa ka tshiamo,+Mme ga ba a ka ba dira se se mo molaong;O ne a nna a solofetse gore batho ba tla dira se se siameng,Mme o ne a utlwa selelo sa batho ba ba sa tshwarweng sentle.”+   Ruri go tla atlholwa ba ba tsayang matlo a mantsi,+Le ba ba tsayang masimo a mantsi+Go fitlha go sa tlhole go na le sepe se se saletseng opeBa bo ba nna ba le bosi mo lefatsheng.   Ke utlwile Jehofa wa masomosomo a ikana a re,Matlo a le mantsi, le fa a le magolo e bile a le mantle,A tla nna matlotla a a tshosang,A se na banni.+ 10  Gonne tshimo ya morara e kgolo e tla tlhagisa selekanyo sa dilitara di le 22* fela tsa beineLe selekanyo sa dikilogerama di le 160* sa peo ya korong se tla tlhagisa dikilogerama di le 16*+ fela tsa korong. 11  Ruri go latlhega batho ba ba tsogang go sa le phakela gore ba nwe bojalwa,+Ba ba nnang go fitlha go nna lefifi mo ba felelang ba tagwa ke beine. 12  Kwa meletlong ya bone go na le harepa le seletswa sa megala,Moropana, fulutu le beine;Mme ga ba ele tlhoko tiro ya ga Jehofa,E bile ga ba bone tiro ya diatla tsa gagwe. 13  Ka jalo, batho ba me ba tla ya botshwarwaKa gonne ga ba nkitse;+Batlotlegi ba bone ba tla bolawa ke tlala,+Le batho botlhe ba bone ba tla phaphalala ka ntlha ya lenyora. 14  Ka jalo, Lebitla* le ikokeditseE bile le butse molomo wa lone thata go feta selekanyo;+Mme ba bantlentle* ba gagwe, boidiidi jwa gagwe jo bo modumo le ba ba tlhapetsweng ke boitumeloRuri ba tla fologela mo go lone. 15  Mme motho o tla ikoba,Motho o tla kokobediwa,Le motho wa matlho a a mabela o tla kokobediwa. 16  Jehofa wa masomosomo o tla tlotlomadiwa ka ntlha ya katlholo* e a tla e ntshang;Modimo wa boammaaruri, Modimo yo o Boitshepo,+ o tla bontsha gore o boitshepo ka go dira tshiamo.+ 17  Mme dikwanyana di tla fula jaaka e kete di fula mo mafulong a tsone;Batswakwa ba tla ja mo mafelong a a kgakgabetseng a diphologolo tse di fepilweng sentle. 18  Ruri go latlhega ba ba buang maaka! Maaka a bone a goga molato wa boneLe boleo jwa bone jaaka e kete phologolo e e gogang kara ka dikgole; 19  Ba ba reng: “A Modimo a potlakise tiro ya gagwe;A e tle ka bonako gore re tle re e bone. A boikaelelo* jwa Modimo yo o boitshepo wa Iseraele bo diragaleGore re tle re bo itse.”+ 20  Ruri go latlhega ba ba reng molemo ke bosula, le bosula ke molemo,+Ba ba emisetsang lefifi ka lesedi, le lesedi ka lefifi,Ba ba bayang bogalaka mo boemong jwa botshe, le botshe mo boemong jwa bogalaka. 21  Ruri go latlhega ba ba iponang ba le botlhaleLe ba ba tsayang gore ba na le temogo!+ 22  Ruri go latlhega ba ba nwang beine thata,Le batho ba e leng ditswerere tsa go tlhakanya dinôtagi,+ 23  Ba ba gololang modirabosula gore ba newe pipamolomo+Le ba ba sa direleng mosiami tshiamiso.+ 24  Ka jalo, fela jaaka molelo o laila lotlhakaLe bojang jo bo omeletseng bo sha mo molelong,Medi ya bone le yone e tla bola,Le malômô* a bone a tla phatlalala jaaka lorole,Ka gonne ba ganne molao* wa ga Jehofa wa masomosomo,E bile ba nyaditse lefoko la Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+ 25  Ke gone ka moo bogale jwa ga Jehofa bo tukelang batho ba gagwe,Mme o tla ba tsholeletsa seatla sa gagwe a bo a ba kgemetha.+ Dithaba di tla roroma,Le ditopo tsa bone di tla nna jaaka matlakala mo mebileng.+ Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, bogale jwa gagwe ga bo a boela morago,Mme o sa ntse a otlolotse seatla sa gagwe gore a ba kgemethe. 26  O tsholeleditse setšhaba sengwe se se kgakala sesupo;*+O ba leleditse molodi gore ba tle ba tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe;+Mme ba tla ba itlhaganetse thata.+ 27  Ga go na ope mo go bone yo o lapileng kgotsa yo o kgopiwang. Ga go na ope yo o otselang kgotsa yo o robalang. Mabanta a a mo mathekeng a bone ga a a bofologa,E bile dikgole tsa ditlhako* tsa bone ga di a kgaoga. 28  Metswi ya bone yotlhe e bogale,Le mara a bone otlhe a obilwe.* Ditlhakwana tsa dipitse tsa bone di tshwana le leje le le thata,E bile maotwana a dikara tsa bone a tshwana le phefo ya matsubutsubu.+ 29  Go kurutla ga bone go tshwana le ga tau;Ba kurutla jaaka ditawana.*+ Ba tla duma ba bo ba tshwara se ba se tsomangE bile ba tla tsamaya ka sone go se na ope yo o se gololang. 30  Mo letsatsing leo ba tla duma mo godimo ga se ba se tsomangJaaka go suma ga lewatle.+ Ope fela yo o lebang mo lefatsheng, o tla bona lefifi le le tshosang;Tota le lesedi le tla bo le fifetse ka ntlha ya maru.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “sa bata.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa homere.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “se tla tlhagisa ifa.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “batlotlegi.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “tshiamiso.”
Kgotsa “tshwetso; kgakololo.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “kota ya sesupo.”
Seheb., “bompaatšhane.”
Kgotsa “a siametse go hula.”
Kgotsa “ditawana tse di seriri.”