Isaia 17:1-14

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Damaseko (1-11)

  • Jehofa o tla kgalemela ditšhaba (12-14)

17  Molaetsa wa go atlholwa ga Damaseko:+ “Damaseko ga e kitla e tlhola e nna motse,Mme e tla fetoga mokoa wa marope.+   Metse ya Aroere+ e tla tlogelwa;E tla fetoga mafelo a matsomane a bothang mo go oneGo se na ope yo o a tshosang.   Metse e e sireletsegileng e tla nyelela kwa Eferaime,+Le bogosi bo tla nyelela kwa Damaseko;+Mme kgalalelo ya ba ba setseng ba SiriaE tla nyelela fela jaaka kgalalelo ya bomorwa Iseraele,” go bua Jehofa wa masomosomo.   “Mo letsatsing leo, kgalalelo ya ga Jakobe e tla fokotsega,E bile mmele wa gagwe o o itekanetseng* o tla bopama.   Iseraele o tla nna jaaka dijo tse dinnye tsa ditlhaka tse di setseng,Tse motho a di phuthang morago ga thoboMo masimong a a iseng a robiwe mo Mokgatšheng* wa Refaime.+   Go tla sala fela se se phuthiwang,Jaaka fa go tlhotlhoriwa setlhare sa motlhware: Go tla sala fela metlhware e e buduleng e le mebedi kgotsa e le meraro mo kaleng e e kwa godimo thata,Go tla sala fela e le menê kgotsa e le metlhano mo dikaleng tsa sone tse di ungwang,”+ go bua Jehofa Modimo wa Iseraele.  Mo letsatsing leo motho o tla leba kwa Modiring wa gagwe, e bile o tla tlhoma matlho a gagwe kwa Modimong yo o Boitshepo wa Iseraele.  Ga a kitla a leba kwa dibesong,+ tse e leng tiro ya diatla tsa gagwe;+ e bile ga a kitla a tlhoma matlho a gagwe kwa go se a se dirileng ka menwana ya gagwe, e ka tswa e le dikota tse di boitshepo* kgotsa ditlhomo tsa maswalo.   Mo letsatsing leo, metse ya gagwe ya phemelo e tla nna jaaka lefelo le le tlhokomologilweng mo sekgweng,+Jaaka kala e e neng e latlhilwe fa pele ga Baiseraele;Le tla fetoga naga e e kgakgabetseng. 10  Gonne o lebetse Modimo+ yo o go bolokang;Ga o a ka wa gakologelwa Lefika+ le e leng kago ya gago ya phemelo. Ke gone ka moo o jalang dijalo tse dintle*E bile o di tlhoma ka letlhogela la motswakwa.* 11  Motshegare o agelela dijalo tsa gago ka kelotlhoko,Mo mosong o dira gore peo ya gago e tlhoge,Mme thobo ya gago e tla nyelela mo letsatsing la fa o lwala thata e bile o le mo ditlhabing tse di sa foleng.+ 12  Reetsang! Go na le khuduego ya ditšhaba tse dintsi,Tse di fuduegang jaaka mawatle. Go utlwala pheretlhego ya merafe,E modumo wa yone o tshwanang le go suma ga metsi a a maatla. 13  Ditšhaba di tla dira modumo o o tshwanang le go suma ga metsi a mantsi. O tla di kgalema, mme di tla tshabela kgakalaDi phepheulega jaaka mmoko o o tswang mo dithabeng o phepheulwa ke phefo,Jaaka mofero o o itshokeletsang o tsewa ke phefo ya matsubutsubu. 14  Maitseboa go nna le masetlapelo. Pele ga go nna moso, baba ga ba tlhole ba le teng. Eno ke kabelo ya ba ba tsayang dithoto tsa rona,E bile ke karolo ya ba ba re gapelang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “mafura a nama ya gagwe.”
Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “tse di kgatlhang.”
Kgotsa “modimo o sele.”