Isaia 48:1-22

  • Iseraele e a kgalemelwa e bile e a phepafadiwa (1-11)

  • Jehofa o tla senya Babelona (12-16a)

  • Dithuto tsa Modimo di solegela molemo (16b-19)

  • “Tswang mo Babelona!” (20-22)

48  Utlwang seno, lona ditlogolwana tsa ga Jakobe,Lona ba lo ipitsang ka leina la Iseraele+Le ba lo duleng mo metsing a* Juda,Lona ba lo ikanang ka leina la ga Jehofa+Le ba lo goelang kwa Modimong wa Iseraele,Le fa gone e se ka boammaaruri le ka tshiamo.+  2  Gonne ba ipitsa ka leina la motse o o boitshepo,+E bile ba batla gore Modimo wa Iseraele,+Yo leina la gagwe e leng Jehofa wa masomosomo, a ba eme nôkeng.  3  “Dilo tse di fetileng* ke ne ka di lo bolelela bogologolo. Di ne tsa tswa mo molomong wa me,Mme ke ne ka dira gore di itsiwe.+ Ka bonako fela ke ne ka dira sengwe ka se ke se buileng, mme di ne tsa direga.+  4  E re ka ke ne ke itse gore lo tlhogoethata,Gore melala ya lona ke mesifa ya tshipi le diphatla tsa lona ke kopore,+  5  Ke ne ka lo bolelela seno bogologolo. Ke ne ka dira gore lo se utlwe pele ga se diragala,Gore lo se ka lwa re, ‘Modingwana wa rona o dirile seno;Setshwantsho sa rona se se betlilweng le setshwantsho* sa rona se se bopilweng di laetse seno.’  6  Lo utlwile e bile lo bone dilo tseno tsotlhe. A ga lo kitla lo di bolela?+ Go tloga jaanong ke lo itsise dilo tse disha,+Diphiri tse di fitlhilweng ka kelotlhoko tse lo iseng lo di itse.  7  Ke gone di bopiwang gone jaanong, mme e seng bogologolo,Dilo tse lo neng lo ise lo ke lo di utlwe pele ga letsatsi la gompieno,Gore lo se ka lwa re, ‘Re ne re setse re di itse.’  8  Nnyaa, ga lo a utlwa,+ ga lo a ka lwa itse,E bile mo nakong e e fetileng ditsebe tsa lona di ne di sa bulega. Gonne ke a itse gore lo boferefere thata,+E bile lo ntse lo bidiwa modirabosula go tloga fela fa lo tsholwa.+  9  Mme ke tla thiba bogale jwa me ka ntlha ya leina la me;+Ka ntlha ya pako ya me, ke tla ithiba,Mme ga nkitla ke go nyeletsa.+ 10  Ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera.+ Ke letlile gore o boge e le gore ke go phepafatse, fela jaaka tshipi e tsenngwa mo molelong o mogolo gore e nyerologe.+ 11  Ruri ke tla dira seno ka ntlha ya leina me,+Gonne nka letla jang gore leina la me le tlontlololwe?+ Ga nkitla ke letla ope a newa tlotlo e e ntshwanetseng.* 12  Ntheetse wena Jakobe, le wena Iseraele, yo ke go biditseng. Ke ntse ke le ene Yoo.+ Ke nna wa ntlha; gape ke nna wa bofelo.+ 13  Seatla sa me se ne sa thaya motheo wa lefatshe,+E bile seatla sa me sa moja se ne sa phutholola magodimo.+ Fa ke di bitsa, di ema mmogo. 14  Phuthegang lotlhe, mme lo reetse. Ke modingwana ofe mo gare ga medingwana* o o neng wa itsise dilo tseno? Jehofa o mo* ratile.+ O tla dira se a se ratang ka Babelona,+E bile lebogo la gagwe le tla tlhasela Bakaladia.+ 15  Nna ka bonna ke buile, e bile ke mmiditse.+ Ke mo tlisitse, e bile tsela ya gagwe e tla atlega.+ 16  Nkatameleng mme lo utlwe seno. Go tswa fela kwa tshimologong ga ke a ka ka buela mo sephiring.+ Go tloga fela ka nako ya fa go ne go direga ke ne ke le teng.” Mme jaanong Morena Molaodimogolo Jehofa o nthomile, e bile o tsentse moya wa gagwe mo go nna. 17  Seno ke se Jehofa, Morekolodi wa gago, Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele, a se buang:+ “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago,Ene yo o go rutang gore o tshele ka tsela e e tla go tswelang mosola,+Ene yo o go kaelang tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ 18  Fa fela o ka tlhwaela ditaelo tsa me tsebe,+Kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka,+Le tshiamo ya gago e ne e tla nna jaaka makhubu a lewatle.+ 19  Bana* ba gago ba ne ba tla nna bantsi jaaka motlhaba,*Le ditlogolwana tsa gago di ne di tla nna dintsi jaaka matlapana a one.+ Leina la bone le ne le se kitla le kgaolwa kgotsa le nyelediwa fa pele ga me.” 20  Tswang mo Babelona!+ Tshabang lo tswe mo Bakaladieng! Itsiseng seno ka go tlhaba mokgosi wa boitumelo! Se boleleng!+ Dirang gore se itsiwe kwa dikhutlong tsa lefatshe.+ Buang lo re: “Jehofa o rekolotse motlhanka wa gagwe e bong Jakobe.+ 21  Ga ba a ka ba tshwarwa ke lenyora fa a ne a ba tsamaisa mo mafelong a a kgakgabetseng.+ O ne a dira gore metsi a tswe mo lefikeng gore ba nwe;O ne a phatlola lefika mme a dira gore metsi a pomponyege.”+ 22  Jehofa a re, “Batho ba ba bosula ga ba na kagiso.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa gongwe “ba lo leng ditlogolwana tsa.”
^ Seheb., “tsa ntlha.”
^ Kgotsa “sefikantswe.”
^ Kgotsa “Ga ke kgaogane kgalalelo ya me le ope.”
^ Seheb., “Ke mang mo gare ga bone.”
^ Go tewa Kurose.
^ Seheb., “Losika.”
^ Kgotsa “moshawa.”