Isaia 8:1-22

  • Go bolelelwa pele gore Asiria e tla tlhasela (1-8)

    • Mahere-shalale-hashe-base (1-4)

  • Lo se ka lwa boifa, “Modimo o na le rona!” (9-17)

  • Isaia le bana ba gagwe ba nna ditshupo (18)

  • Batlisisang mo molaong, e seng mo madimoneng (19-22)

8  Jehofa o ne a nthaya a re: “Tsaya sekwalelo se segolo+ mme o kwale ‘Mahere-shalale-hashe-base’* mo go sone ka pene e e gabang. 2  Mme ke batla gore basupi ba ba ikanyegang, e bong moperesiti Uria+ le Sekarea morwa Jeberekia ba kwale gore ba bone fa se ne se kwala.” 3  Foo ke ne ka tlhakanela dikobo le* moporofeti wa mosadi,* mme o ne a ima a bo a tshola ngwana wa mosimane.+ Morago ga moo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Mmitse Mahere-shalale-hashe-base, 4  ka gonne pele mosimane a itse go bua a re ‘Rre!’ le ‘Mmê!’ dikhumo tsa Damaseko le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa Samarea di tla tsewa di bo di newa kgosi ya Asiria.”+ 5  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  6  “E re ka setšhaba seno se ganne metsi a Shiloa*+ a a elelang ka iketlo,Mme se itumelela Resine le morwa Remalia,+  7  Jehofa o tla romela kgosi ya Asiria+Le masole otlhe a yone gore a tlhasele batho ba gagwe. O tla tla ka bonako jaaka metsi a mantsi a Noka*A a tlatsang melatswana yotlhe ya yone,E bile a penologa mo lotshitshing longwe le longwe lwa yone.  8  A bo a gogola go kgabaganya Juda. O tla tshwana le morwalela o o kgabaganyang o bo o ya go fitlha fa molaleng;+Diphuka tsa gagwe tse di tsharolotsweng di tla tlatsa bophara jwa lefatshe la gago,Wena Imanuele!”*+  9  Ba utlwiseng botlhoko, lona ditšhaba, mme lo tla tšhwetlakanngwa. Reetsang lona lotlhe ba lo tswang kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe! Ipaakanyetseng tlhabano,* mme lo tla tšhwetlakanngwa!+ Ipaakanyetseng tlhabano, mme lo tla tšhwetlakanngwa! 10  Logang leano, mme le tla itaya sefololetse! Buang se lo se ratang, mme ga se kitla se atlega,Gonne Modimo o na le rona!*+ 11  Seno ke se Jehofa a neng a se mpolelela a beile seatla sa gagwe se se nonofileng mo go nna, a ntlhagisa gore ke se ka ka tshela ka tsela e batho bano ba tshelang ka yone: 12  “Se batho bano ba se bitsang leano la boferefere, lo se ka lwa se bitsa leano la boferefere. Lo se ka lwa boifa se ba se boifang;Lo se ka lwa se tshoga. 13  Jehofa wa masomosomo ke Ene yo lo tshwanetseng go mo tsaya a le boitshepo,+Ke Ene yo lo tshwanetseng go mmoifa,E bile ke Ene yo lo tshwanetseng go mo tlotla.”+ 14  O tla nna jaaka lefelo le le boitshepo,Le fa go ntse jalo, o tla nna jaaka leje le le digangLe jaaka lefika le le kgopang+Mo magosing a mabedi a Iseraele,Le jaaka serai le letlowaMo banning ba Jerusalema. 15  Ba le bantsi ba bone ba tla kgopiwa, ba tla wa ba bo ba robega;Ba tla beelwa serai ba bo ba tshwarwa. 16  Tswala momeno o molaetsa o kwaletsweng mo go one;Baya letshwao mo molaong* o na le barutwa ba me. 17  Ke tla nna ke lebeletse* Jehofa,+ yo o fitlhelang ditlogolwana tsa ga Jakobe sefatlhego sa gagwe,+ mme ke tla solofela mo go ene. 18  Nna le bana ba Jehofa a ba nneileng+ re ntse jaaka ditshupo+ le dikgakgamatso mo Iseraele, tse di tswang kwa go Jehofa wa masomosomo, yo o nnang mo Thabeng ya Siona. 19  Mme fa ba ka lo raya ba re: “Botsang ba ba dirisanang le badimo kgotsa ba ba bolelelang ditiragalo pele ba tswirinya e bile ba sebaseba,” a lo tla dira jalo? A setšhaba ga se a tshwanela go botsa Modimo wa sone? A ba tshwanetse go botsa baswi ba boletsa batho ba ba tshelang?+ 20  Go na le moo, ba tshwanetse go batlisisa mo molaong le mo lekwalong le le tlhomamisitsweng gore le boammaaruri. Fa ba sa bue go dumalana le lefoko leno, ga ba na lesedi.*+ 21  Mme mongwe le mongwe o tla ralala naga a le mo matshwenyegong e bile a tshwerwe ke tlala;+ e re ka a tla bo a tshwerwe ke tlala e bile a galefile, o tla hutsa kgosi ya gagwe le Modimo wa gagwe fa a leba kwa godimo. 22  Go tswa foo, o tla leba mo lefatsheng mme o tla bona matshwenyego fela le lefifi le dinako tse di thata, go le letobo e bile go se na lesedi.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gongwe mo go kayang “Go Itlhaganelela go Gapa.”
Seheb., “ka atamela.”
Go tewa mosadi wa ga Isaia.
Shiloa e ne e le mosele wa metsi.
Go tewa Euferatese.
Kgotsa “Ikgatlheng.”
Polelwana “Modimo o na le rona,” ka Sehebera ke Imanuele. Bona Isa 7:14; 8:8.
Kgotsa “taelong.”
Kgotsa “letetse ka tlhoafalo.”
Seheb., “mahube.”