Isaia 64:1-12
64 Fa fela o ka bo o ne o gagogantse magodimo o bo o fologa,Gore dithaba di tle di rorome ka ntlha ya gago,
2 Jaaka fa molelo o tlhosetsa ditlharapana,Le molelo o bedisa metsi,Foo baba ba gago ba ne ba tla itse leina la gago,E bile ditšhaba di ne di tla roroma fa pele ga gago!
3 Fa o ne o dira dilo tse di gakgamatsang tse re neng re sa di solofela,+O ne wa fologa, mme dithaba di ne tsa roroma fa pele ga gago.+
4 Go tswa bogologolong, ga go na ope yo o neng a utlwa kgotsa a tlhwaya tsebe,E bile ga go na leitlho lepe le le boneng Modimo yo mongwe ntle le wena,Ene yo o thusang ba ba nnang ba solofetse mo go ene.*+
5 O kopane le batho ba ba itumelelang go dira se se siameng,+Ba ba go gakologelwang ba bo ba latela ditsela tsa gago.
O ne wa galefa, fa re ne re nna re go leofela,+Re ne ra dira jalo ka lobaka lo loleele.
A jaanong re tshwanetse go bolokwa?
6 Rotlhe fela re ntse jaaka mongwe yo o seng phepa,E bile ditiro tsotlhe tsa rona tsa tshiamo di tshwana le letsela le mosadi a le dirisang fa a le mo kgweding.+
Rotlhe fela re tla omelela jaaka letlhare,E bile melato ya rona e tla re tsubula jaaka phefo.
7 Ga go na ope yo o bitsang leina la gago,Ga go na ope yo o lekang go batla thuso kwa go wena,Gonne o re fitlhetse sefatlhego sa gago,+E bile o dira gore re nyelele* ka ntlha ya* molato wa rona.
8 Mme jaanong, wena Jehofa, o Rraarona.+
Re letsopa, mme wena o Mmopi wa rona wa Letsopa;*+Rotlhe re tiro ya diatla tsa gago.
9 O se ka wa galefa thata, tlhe Jehofa,+E bile o se ka wa gakologelwa molato wa rona ka bosakhutleng.
Tsweetswee re lebe, ka gonne rotlhe re batho ba gago.
10 Metse ya gago e e boitshepo e fetogile naga.
Siona o fetogile naga,Jerusalema o fetogile naga e e se nang banni.+
11 Ntlo* ya rona e e boitshepo le e ntle,Kwa borraaronamogolo ba neng ba go baka gone,E jelwe ka molelo,+E bile dilo tsotlhe tse re neng re di rata di fetogile marope.
12 Ao tlhe Jehofa, a o tla nna o ithibile ka ntlha ya dilo tseno?
A o tla nna o didimetse fela o bo o re letla gore re bogisiwe botlhoko jaana?+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “ba mo letile ka bopelotelele.”
^ Seheb., “gakologe.”
^ Seheb., “ka seatla sa.”
^ Kgotsa “mme ke Wena yo o re dirileng.”
^ Kgotsa “Tempele.”