Isaia 15:1-9

  • Molaetsa wa go atlholwa ga Moabe (1-9)

15  Molaetsa wa go atlholwa ga Moabe:+ Ara+ wa Moabe o didimaditswe,Ka gonne a sentswe mo bosigong bo le bongwe. Kire+ wa Moabe o didimaditswe,Ka gonne a sentswe mo bosigong bo le bongwe.  2  O tlhatlogetse kwa Ntlong* le kwa Dibone,+Kwa mafelong a a kwa godimo a a boitshepo gore a ye go lela. Moabe o lelela Nebo+ le Medeba.+ Ditlhogo tsotlhe di beotswe lefatla,+ ditedu tsotlhe di kgaotswe.+  3  Ba ikgatlhile ka letsela la kgetsi mo mebileng ya motse. Botlhe ba bokolela ba le mo marulelong a bone le mo dipatlelong tsa bone;Ba fologela kwa tlase ba lela.+  4  Heshebone le Eleale+ ba a goa;Lentswe la bone le utlwiwa go ya go fitlha kwa Jahase.+ Ke gone ka moo masole a Moabe a ntseng a goa. O a roroma.  5  Pelo ya me e lelela Moabe. Batshabi ba gagwe ba tshabetse kwa Soare+ le kwa Egelatha-shelishiya.+ Ba tsamaya ba ntse ba lela fa ba tlhatloga thotana ya Luhithe;Ba tsamaya ba ntse ba lela ka ntlha ya masetlapelo ao, ba le mo tseleng e e yang kwa Horonaime.+  6  Gonne metsi a Nimerime a kgadile;Bojang jo botala bo omeletse,Bojang bo nyeletse mme ga go a sala sepe se setala.  7  Ke gone ka moo ba tsayang se se setseng mo mabolokelong a bone le mo matlotlong a bone;Ba kgabaganya mokgatšha* wa ditlhare tsa modibonoka.  8  Gonne go utlwala selelo mo nageng yotlhe ya Moabe.+ Go bokolela ga bone go fitlha kwa Egelaime;Go bokolela ga bone go fitlha kwa Beere-elime.  9  Gonne metsi a kwa Dimone a tletse madi,Mme go sa ntse go na le dilo tseno tse ke tla di tlisang mo Dimone: Batho ba Moabe ba ba falolang le ba ba setseng mo nageng eo,Ke tla ba romelela tau.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa Tempeleng.”
Kgotsa “molapo.”