Isaia 22:1-25

  • Molaetsa o o amanang le Mokgatšha wa Ponatshegelo (1-14)

  • Eliakime o tsaya maemo a ga Molebedi Shebena (15-25)

    • Sepekere sa tshwantshetso (23-25)

22  Molaetsa o o ka ga Mokgatšha wa Ponatshegelo:*+ Bothata jwa lona ke eng go bo lotlhe lo tlhatlogetse kwa marulelong?  2  O ne o tletse pheretlhego,Wena motse o o tletseng khuduego, motse o o tletseng boitumelo. Batho ba gago ba ba bolailweng ga ba a bolawa ka tšhaka,E bile ga ba a swela kwa tlhabanong.+  3  Babusaesi ba gago botlhe ba tshabile mmogo.+ Ba ne ba dirwa magolegwa ntle le gore go dirisiwe bora. Botlhe ba ba neng ba fitlhelwa ba ne ba dirwa magolegwa,+Tota le fa ba ne ba tshabetse kgakala.  4  Ke gone ka moo ke neng ka re: “Tlosang matlho a lona mo go nna,Mme ke tla lela mo go botlhoko.+ Lo se ka lwa pateletsa go nkgomotsaKa ntlha ya go senngwa ga batho ba me.+  5  Gonne ke letsatsi la tlhakatlhakano le la go fenngwa le la go tsenwa ke tsebetsebe,+Le le tswang kwa go Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo,Mo Mokgatšheng wa Ponatshegelo. Lobota lo a thubiwa+E bile go na le selelo se se utlwiwang kwa thabeng.  6  Elama+ e tsaya mokotlopo*E tla ka dikara tse di pegileng batho le ka dipitse,*Mme Kire+ e baakanya thebe.  7  Mekgatšha* ya gago e e e gaisang yotlheE tla tlala dikara tsa ntwa,Mme dipitse* di tla ema mo maemong a tsone fa kgorong,  8  Mme sesiro* sa Juda se tla tlosiwa. “Mo letsatsing leo, o tla leba ntlheng ya bobolokelo jwa dibetsa jo bo mo Ntlong ya Sekgwa,+ 9  mme lo tla bona diphatlha tse dintsi tsa Motse wa ga Dafide.+ Lo tla kokoanya metsi mo mogobeng o o kwa tlase.+ 10  Lo tla bala matlo a Jerusalema, mme lo tla thuba matlo gore lo nonotshe lobota. 11  Lo tla direla metsi a mogobe o mogologolo sekotlele fa gare ga dipota tse pedi, mme ga lo kitla lo leba kwa Modiring wa one yo Mogolo, e bile ga lo kitla lo bona Ene yo o o dirileng bogologolo. 12  Mo letsatsing leo Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo,O tla laela gore batho ba lele ba bo ba hutsafale,+Ba beole ditlhogo ba bo ba apare letsela la kgetsi. 13  Mme bone ba a keteka e bile ba itumetse,Ba tlhaba dikgomo le dinku,Ba ja nama e bile ba nwa beine.+ Ba re, ‘A re jeng re nweng, ka gonne kamoso re tlile go swa.’”+ 14  Foo Jehofa wa masomosomo o ne a bua jaana ke mo reeditse: “‘Ga lo kitla lo itshwarelwa go fitlha lo swa,’+ go bua Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo.” 15  Seno ke se Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, a se buang: “Tsamaya o ye kwa molebeding yono, e bong Shebena,+ yo o okametseng ntlo ya kgosi,* mme o mo reye o re, 16  ‘Ke eng se o nang le sone fano, e bile o tsaya kae tetla ya go ikepela lebitla fano?’ Shebena o ikepela lebitla mo lefelong le le kwa godimo; o gabolola lefika gore a itirele lefelo la boikhutso.* 17  ‘Jehofa o tla go latlhela fa fatshe botlhoko, a bo a go tshwara ka thata. 18  Ruri o tla go potoka thata a bo a go latlhela mo lefatsheng le le atlhameng jaaka bolo. O tla swela gone koo, e bile dikara tsa gago tse di galalelang di tla nna gone koo, e leng se se tla tlhabisang ntlo ya mong wa gago ditlhong. 19  Mme ke tla go ntsha mo maemong a gago ke bo ke go leleka mo tirong ya gago. 20  “‘Mo letsatsing leo, ke tla bitsa motlhanka wa me, e bong Eliakime+ morwa Hilekia, 21  mme ke tla mo apesa seaparo sa gago se setelele ke bo ke mmofa ka moitlamo wa gago mo lothekeng,+ e bile ke tla mo naya taolo* e o neng o na le yone. Mme o tla nna rraagwe banni ba Jerusalema le batho ba Juda. 22  Ke tla baya selotlolo sa ntlo ya ga Dafide+ mo legetleng la gagwe. O tla bula mme ga go na ope yo o tla tswalang; e bile o tla tswala mme ga go na ope yo o tla bulang. 23  Ke tla mo kokotela jaaka sepekere mo lefelong le le tiileng, mme o tla nna jaaka setulo sa bogosi se se galalelang mo ntlong ya ga rraagwe. 24  Mme ba tla pega kgalalelo* yotlhe ya lelapa la ga rraagwe mo go ene, ditlogolwana le bana,* dijana tsotlhe tse dinnye, dijana tse di bopegileng jaaka dikotlele tse di nnye, mmogo le dinkgo tsotlhe tse dikgolo. 25  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Mo letsatsing leo, sepekere sele se se kokotetsweng mo lefelong le le tiileng se tla ntshiwa,+ mme se tla rengwa se bo se wa, mme morwalo o se o tshegeditseng o tla gosomana, ka gonne ke se Jehofa a se buileng.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go lebega go tewa Jerusalema.
Kgotsa “kgetsana e e tsenyang metswi.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa “Mabala a a kwa tlase.”
Kgotsa “bapalami ba dipitse.”
Kgotsa “tshireletso.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Seheb., “bonno.”
Kgotsa “puso.”
Seheb., “bokete.”
Kgotsa “matlhogela.”