Isaia 54:1-17

  • Siona, mosadi wa moopa o tla nna le barwa ba le bantsi (1-17)

    • Jehofa, monna wa ga Siona (5)

    • Bomorwa Siona ba tla rutiwa ke Jehofa (13)

    • Dibetsa kgatlhanong le Siona ga di kitla di atlega (17)

54  “Goa ka boitumelo, wena mosadi yo o moopa yo o iseng a tshole!+ Itumele mme o goe ka boitumelo,+ wena yo o iseng o ke o nne le ditlhabi tsa pelegi,+Gonne barwa* ba yo o tlogetsweng ba bantsiGo feta barwa ba mosadi yo o nang le monna,”*+ go bua Jehofa.   “Atolosa lefelo le tente ya gago e leng mo go lone.+ Phutholola matsela a tente ya motlaagana wa gago o mogolo. O se ka wa ikgogona, lelefatsa megala ya tente ya gago,Mme o nonotshe dipekere tsa tente ya gago.+   Gonne o tla anamela ka fa mojeng le ka fa molemeng. Bana ba gago ba tla laola ditšhaba,E bile ba tla nna mo metseng e e kgakgabetseng.+   O se ka wa boifa,+ ka gonne ga o kitla o tlhabiwa ke ditlhong;+E bile o se ka wa ikutlwa o nyenyefaditswe, ka gonne ga o kitla o swabisiwa. Gonne o tla lebala ditlhong tsa fa o ne o le mosha,E bile ga o kitla o tlhola o gakologelwa kafa o neng o tlontlololwa ka gone ka gonne o le motlholagadi.”   “Gonne Modiri wa gago yo Mogolo+ o ntse jaaka monna* wa gago,+Leina la gagwe ke Jehofa wa masomosomo,E bile Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele ke Morekolodi+ wa gago. O tla bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.+   Gonne Jehofa o ne a go bitsa jaaka e kete o ne o le mosadi yo o tlogetsweng e bile a hutsafetse,*+Jaaka mosadi yo o nyetsweng a sa ntse a le mosha a bo a latlhiwa,” go bua Modimo wa gago.   “Ke ne ka go tlogela ka nakwana,Mme ke tla go phutha ka kutlwelobotlhoko e kgolo.+   Ke ne ka go fitlhela sefatlhego sa me ka nakwana ke galefile thata,+Le fa go ntse jalo, ke tla go utlwela botlhoko+ ka ntlha ya lorato lwa me lo lo sa kgaotsenglo lo nnetseng ruri,” go bua Morekolodi+ wa gago, Jehofa.   “Seno se tshwana le metlha ya ga Noa mo go nna.+ Fela jaaka ke ne ka ikana gore metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a khurumetsa lefatshe,+Ke ikana jalo gore ga nkitla ke go galefela kgotsa ke go kgalemela.+ 10  Gonne dithaba di ka tlosiwa,Le dithota di ka tshikinngwa,Mme lorato lwa me lo lo sa kgaotseng ga lo kitla lo tlosiwa mo go wena,+E bile kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e tshikinngwa,”+ go bua Jehofa, Ene yo o go utlwelang botlhoko.+ 11  “Wena mosadi yo o bogisiwang,+ yo o phepheulwang ke ditsuatsue, yo o sa gomodiweng,+Ke go aga ka maje le ka seretse se se thata,E bile ke thaya motheo wa gago ka maje a safire.+ 12  Ke tla dira dipota tsa gago ka maje a rubi,Dikgoro tsa gago ke tla di dira ka maje a a tsabakelang,*Le melelwane ya gago yotlhe ke tla e dira ka maje a a tlhwatlhwakgolo. 13  Mme bomorwao* botlhe ba tla rutiwa ke Jehofa,+E bile kagiso ya bomorwao* e tla ntsifala.+ 14  O tla tiisiwa thata ka tshiamo.+ O tla tlosiwa mo kgatelelong,+Ga o kitla o boifa sepe e bile ga o kitla o nna le lebaka la go boifa sepe,Gonne ga go na sepe se tshosang se se tla go atamelang.+ 15  Fa ope fela a ka go tlhasela,E tla bo e se nna ke mo laetseng. Ope fela yo o go tlhaselang o tla fenngwa.”+ 16  “Ke ne ka bopa mmetli,Yo o butswelang molelo wa magala,Mme tiro ya gagwe ke go dira sebetsa. Gape ke bopile motho yo o senyang gore a senye.+ 17  Ga go na sebetsa sepe se se diretsweng go go utlwisa botlhoko se se tla atlegang,+E bile loleme lepe fela le le nnang kgatlhanong le wena ka nako ya katlholo, o tla le bona molato. Seno ke boswa jwa batlhanka ba ga Jehofa,Mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna,” go bua Jehofa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mong wa gagwe.”
Kgotsa “bana.”
Kgotsa “mong.”
Seheb., “a utlwile botlhoko mo moyeng.”
Kgotsa “ka maje a molelo.”
Kgotsa “bana ba gago.”
Kgotsa “bana ba gago.”