Lefitiko 7:1-38

  • Ditaelo tse di amanang le ditlhabelo (1-21)

    • Setlhabelo sa molato (1-10)

    • Setlhabelo sa go abelana (11-21)

  • Mafura kgotsa madi ga di a tshwanela go jewa (22-27)

  • Kabelo ya baperesiti (28-36)

  • Tshobokanyo ya ditlhabelo (37, 38)

7  “‘Ono ke molao wa setlhabelo sa molato:+ Ke selo se se boitshepotshepo.  Ba tla tlhabela phologolo ya setlhabelo sa molato mo lefelong le ba tlhabelang phologolo ya setlhabelo se se fisiwang mo go lone, mme madi a yone+ a kgatšhiwe mo matlhakoreng otlhe a sebeso.+  A a ise mafura otlhe a yone,+ go akaretsa le mogatla o o mafura, mafura a a khurumeditseng mala  le diphilo tse pedi di na le mafura a tsone a a gaufi le dinôka. Gape a ntshe mafura a sebete mmogo le diphilo.+  Moperesiti o tla di fisa gore di kuise mosi mo sebesong e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.+ Ke setlhabelo sa molato.  Monna mongwe le mongwe mo baperesiting o tla se ja+ mme se jelwe mo lefelong le le boitshepo. Ke selo se se boitshepotshepo.+  Go na le molao o le mongwe o o amanang le setlhabelo sa boleo le setlhabelo sa molato; dilo tseno e tla nna tsa moperesiti yo o ntshang setlhabelo seno.+  “‘Fa moperesiti a isa setlhabelo se se fisiwang sa mongwe, letlalo+ la phologolo e e ntshitsweng e e neng ya isiwa kwa moperesiting e tla nna la gagwe.  “‘Setlhabelo sengwe le sengwe sa dijo tsa ditlhaka se se apeilweng mo ontong* kgotsa se se apeilweng mo paneng e e boteng kgotsa mo paneng,+ ke sa moperesiti yo o se isang. E tla nna sa gagwe.+ 10  Mme setlhabelo sengwe le sengwe sa dijo tsa ditlhaka se se tlhakantsweng le leokwane+ kgotsa se se omileng+ e tla nna sa bomorwa Arone botlhe; mongwe le mongwe o tla nna le karolo e e lekanang. 11  “‘Jaanong ono ke molao wa setlhabelo sa go abelana+ se motho a ka se isetsang Jehofa: 12  Fa a se ntsha e le go bontsha gore o a leboga,+ o tla se ntsha mmogo le dinkgwe tse di se nang sebediso tse di bopegileng jaaka maseka tsa setlhabelo sa go leboga di tlhakantswe le leokwane, gape o tla se ntsha le diphaphatha tse di se nang sebediso tse di tshasitsweng leokwane le dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka tse di dirilweng ka bupi jo bo boleta, di tlhakantswe sentle le leokwane. 13  O tla isa setlhabelo sa gagwe mmogo le dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka tse di nang le sebediso le setlhabelo sa go leboga sa ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana. 14  Go tswa mo setlhabelong sengwe le sengwe, a a ntshe senkgwe se le sengwe sa mofuta mongwe le mongwe e le karolo e e boitshepo e e yang kwa go Jehofa; e tla nna ya moperesiti yo o kgatšhang madi a ditlhabelo tsa go abelana.+ 15  Nama ya setlhabelo sa go leboga sa ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana e jewe mo letsatsing le a se ntshang ka lone. Ga a tshwanela go baya epe ya yone go fitlha mo mosong.+ 16  “‘Fa e le gore setlhabelo se a se ntshang ke sa maikano+ kgotsa ke se se ntshiwang ka go rata,+ se jewe mo letsatsing le a se ntshang ka lone, mme se se salang se ka nna sa jewa mo letsatsing le le latelang. 17  Mme gone, sepe fela se se salang sa nama ya setlhabelo seo se fisiwe ka molelo mo letsatsing la boraro.+ 18  Le fa go ntse jalo, fa nama epe ya setlhabelo sa gagwe sa go abelana e jewa mo letsatsing la boraro, motho yo o se ntshang ga a kitla a itumelelwa. Ga a kitla a amogelwa; ke selo se se kgopisang, mme motho yo o jang nngwe ya nama eo o tla otlhaelwa molato wa gagwe.+ 19  Nama e e kgomang sepe fela se se itshekologileng e se ka ya jewa. E fisiwe ka molelo. Mongwe le mongwe yo o itshekileng a ka nna a ja nama e e itshekileng. 20  “‘Mme fa motho ope a itshekologile a bo a ja nama ya setlhabelo sa go abelana, e e leng ya ga Jehofa, motho yoo o tshwanetse go bolawa.+ 21  Fa mongwe a kgoma sepe fela se se seng phepa, e ka tswa e le motho kgotsa phologolo e e seng phepa+ kgotsa selo sepe fela se se seng phepa se se ferosang sebete+ a bo a ja nama nngwe ya setlhabelo sa go abelana, e e leng ya ga Jehofa, motho yoo o tshwanetse go bolawa.’” 22  Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 23  “Bolelela Baiseraele o re, ‘Ga lo a tshwanela go ja mafura+ ape a poo kgotsa a phelefu e potlana kgotsa a podi. 24  Mafura a phologolo e e fitlhetsweng e sule le mafura a phologolo e e bolailweng ke e nngwe a ka nna a dirisiwa mo ditirong tse dingwe, mme ga lo a tshwanela go a ja gotlhelele.+ 25  Gonne motho ope fela yo o jang mafura a phologolo e a e isang e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa o tshwanetse go bolawa. 26  “‘Ga lo a tshwanela go ja madi+ ape mo mafelong ape fela a lo nnang mo go one, e ka tswa e le a dinonyane kgotsa a diphologolo. 27  Motho ope fela yo o jang madi, o tshwanetse go bolawa.’”+ 28  Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 29  “Bolelela Baiseraele o re, ‘Ope fela yo o isetsang Jehofa setlhabelo sa gagwe sa go abelana, o tla ntshetsa Jehofa karolo ya setlhabelo seo e le mpho.+ 30  O tla tlisa mafura+ a a tshotse ka diatla mmogo le sehuba e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa mme o tla fokisetsa sehuba kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang+ fa pele ga ga Jehofa. 31  Moperesiti o tla fisa mafura gore a kuise mosi mo sebesong,+ mme sehuba e tla nna sa ga Arone le bomorwawe.+ 32  “‘Lo tla naya moperesiti leoto la moja e le karolo e e boitshepo e e tswang mo ditlhabelong tsa lona tsa go abelana.+ 33  Morwa wa ga Arone yo o isang madi a ditlhabelo tsa go abelana le mafura, o tla tsaya leoto la moja e le kabelo ya gagwe.+ 34  Gonne ke tsaya sehuba se se ntshitsweng e le setlhabelo se se fokwang le leoto le le ntshitsweng e le karolo e e boitshepo go tswa mo ditlhabelong tsa go abelana tsa Baiseraele, mme ke di naya moperesiti Arone le bomorwawe e le molao o o tla nnelang ruri mo Baiseraeleng.+ 35  “‘Eno e ne e le kabelo e e tswang mo ditlhabelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo, e e neng e beelwa kwa thoko gore e nne ya baperesiti, ya ga Arone le bomorwawe, mo letsatsing le a neng a ba isa ka lone gore ba direle Jehofa e le baperesiti.+ 36  Jehofa o ne a laetse gore Baiseraele ba ba neye karolo eno mo letsatsing le a neng a ba tlotsa ka lone.+ Ke molao o o tla nnelang ruri mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone.’” 37  Ono ke molao o o amanang le setlhabelo se se fisiwang,+ setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka,+ setlhabelo sa boleo,+ setlhabelo sa molato,+ setlhabelo sa fa banna bano ba tlhomiwa go nna baperesiti+ le setlhabelo sa go abelana,+ 38  fela jaaka Jehofa a laetse Moshe mo Thabeng ya Sinai+ mo letsatsing le a neng a laela Baiseraele gore ba isetse Jehofa ditlhabelo tsa bone mo nageng ya Sinai.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo obeneng.”