Lefitiko 21:1-24

  • Baperesiti ba tshwanetse go nna boitshepo e bile ba sa iteswafatse (1-9)

  • Moperesiti yo mogolo a se ka a iteswafatsa (10-15)

  • Baperesiti ba se ka ba nna le bogole bope (16-24)

21  Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: “Bua le baperesiti, bomorwa Arone mme o ba reye o re, ‘Ope a se ka a iteswafatsa ka ntlha ya motho yo o suleng* mo gare ga batho ba gagabo.+ 2  Mme a ka nna a dira jalo ka ntlha ya wa losika lwa gagwe yo o atamalaneng thata le ene, mmaagwe, rraagwe, morwawe, morwadie, morwarraagwe 3  e bile a ka nna a iteswafatsa ka ntlha ya ga kgaitsadie, fa e le gore ga a ise a tlhakanele dikobo e bile a atamalane thata le ene mme a ise a nyalwe. 4  A se ka a iteswafatsa ka ntlha ya mosadi yo o nyetsweng ke monna mongwe mo bathong ba gagabo. 5  Ba se ka ba itira mafatla mo ditlhogong tsa bone+ kgotsa ba beola dintlha tsa ditedu tsa bone kgotsa ba itshega mo mmeleng.+ 6  Ba nne boitshepo mo Modimong wa bone+ e bile ba se ka ba leswafatsa leina la Modimo wa bone+ ka gonne ba isa ditlhabelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo, senkgwe* sa Modimo wa bone, mme ba tshwanetse go nna boitshepo.+ 7  Ba se ka ba nyala seaka,+ mosadi yo o leswafaditsweng kgotsa mosadi yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe+ ka gonne moperesiti o boitshepo mo Modimong wa gagwe. 8  O mo dire boitshepo+ ka gonne ke ene yo o isang senkgwe sa Modimo wa gago. A nne boitshepo mo go wena ka gonne nna Jehofa, yo ke lo dirang boitshepo, ke boitshepo.+ 9  “‘Jaanong fa morwadia moperesiti a iteswafatsa ka go dira boaka, o dira gore rraagwe a se ka a nna boitshepo. A a fisiwe mo molelong.+ 10  “‘Moperesiti yo mogolo mo go bomorwarraagwe, yo leokwane la go tlotsa le tshetsweng mo tlhogong ya gagwe+ le yo o tlhomilweng* gore a apare diaparo tsa boperesiti,+ a se ka a tlogela moriri wa tlhogo ya gagwe o sa tlhokomelwa kgotsa a gagola diaparo tsa gagwe.+ 11  A se ka a atamela motho ope yo o suleng;*+ a se ka a iteswafatsa, tota le fa e le ka ntlha ya ga rraagwe kgotsa mmaagwe. 12  A se ka a tswa mo lefelong le le boitshepo e bile a se ka a leswafatsa lefelo le le boitshepo la Modimo wa gagwe+ ka gonne letshwao la boineelo, e leng leokwane la go tlotsa la Modimo wa gagwe,+ le mo go ene. Ke nna Jehofa. 13  “‘A nyale mosadi yo a iseng a tlhakanele dikobo.+ 14  A se ka a nyala motlholagadi, mosadi yo o tlhadilweng, mosadi yo o leswafaditsweng kgotsa seaka; mme a nyale mosadi yo a iseng a tlhakanele dikobo go tswa mo bathong ba gagabo. 15  A se ka a tlhabisa ditlogolwana* tsa gagwe ditlhong mo bathong ba gagabo+ ka gonne ke nna Jehofa, yo o mo dirang boitshepo.’” 16  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 17  “Bolelela Arone o re, ‘Go se nne le monna ope wa losika lwa gago mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone yo o nang le bogole bongwe yo o ka atamelang gore a ise senkgwe sa Modimo wa gagwe. 18  Fa go na le monna ope fela yo o nang le bogole bongwe, a se ka a atamela: monna yo o foufetseng kgotsa yo o golafetseng kgotsa yo sefatlhego sa gagwe se nang le bogole* kgotsa yo leoto kgotsa lebogo la gagwe le leng leleele thata, 19  monna yo o robegileng lonao kgotsa yo o robegileng seatla, 20  yo o nang le serota kgotsa yo mokhutshwane ka tsela e e sa tlwaelegang* kgotsa monna yo o nang le bolwetse jwa matlho kgotsa yo o nang le motshweetshwee kgotsa yo o nang le bolwetse bongwe jwa letlalo kgotsa yo dikgeleswa tsa gagwe tsa bonna di senyegileng.+ 21  Go se nne le monna ope wa losika lwa ga moperesiti Arone yo o nang le bogole bongwe yo o ka atamelang gore a ise ditlhabelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo. A se ka a atamela gore a ise senkgwe sa Modimo wa gagwe ka gonne o na le bogole. 22  A ka nna a ja senkgwe se se ntsheditsweng Modimo wa gagwe se se tswang mo dilong tse di boitshepotshepo+ le mo dilong tse di boitshepo.+ 23  Le fa go ntse jalo, a se ka a atamela gaufi le sesiro+ e bile a se ka a atamela sebeso+ ka gonne o na le bogole; le gone a se ka a leswafatsa lefelo la me le le boitshepo+ ka gonne ke nna Jehofa, yo o ba dirang boitshepo.’”+ 24  Ka jalo, Moshe o ne a bolelela Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe mafoko ano.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “dijo,” go tewa ditlhabelo.
^ Seheb., “yo seatla gagwe se neng se tladitswe.”
^ Seheb., “ne′phesh.” Fano lefoko la Sehebera ne′phesh le amanngwa le lefoko la Sehebera le le kayang “go swa.”
^ Seheb., “losika.”
^ Seheb., “kgotsa yo nko ya gagwe e phatlogileng.”
^ Kgotsa gongwe “yo mosesane thata e bile a le bokoa.”