Efangele ya ga Luke 23:1-56

  • Jesu o isiwa kwa go Pilato le Herode (1-25)

  • Jesu le dinokwane tse pedi ba kokotetswe mo dikoteng (26-43)

    • “O tla nna le nna mo Paradaiseng” (43)

  • Loso lwa ga Jesu (44-49)

  • Phitlho ya ga Jesu (50-56)

23  Ka jalo, batho botlhe fela ba bantsintsi ba ne ba ema, mme ba mo isa kwa go Pilato.+  Mme ba ne ba simolola go mo latofatsa,+ ba re: “Re fitlhetse monna yono a faposa setšhaba sa rona, a thibela batho go duela Kaesara makgetho+ e bile a re ene ka boene ke Keresete, ke kgosi.”+  Jaanong Pilato o ne a mmotsa a re: “A o Kgosi ya Bajuda?” O ne a mo araba a re: “Wena ka bowena wa rialo.”+  Foo Pilato o ne a raya baperesiti ba bagolo le boidiidi jwa batho a re: “Ga ke bone molato ope mo monneng yono.”+  Mme ba ne ba bua ba tiisitse ba re: “O fudua batho ka go ruta mo Judea yotlhe, o simolotse kwa Galalea go tla go fitlha fano.”  Fa Pilato a utlwa seo, o ne a botsa gore a monna yono ke Mogalalea.  Fa a sena go lemoga gore o ne a tswa kwa kgaolong e e laolwang ke Herode,+ o ne a mo romela kwa go Herode, yo le ene a neng a le mo Jerusalema mo malatsing ao.  Fa Herode a bona Jesu, o ne a itumela fela thata. Gonne o ne a feditse nako e telele a batla go bona Jesu ka gonne a ne a utlwile dilo di le dintsi ka ga gagwe,+ e bile o ne a solofetse go mmona a dira kgakgamatso nngwe.  Ka jalo, o ne a simolola go mmotsa dipotso tse dintsi, mme ga a ka a mo araba.+ 10  Le fa go ntse jalo, baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba tswelela ba eme ka dinao ba mo latofatsa ba galefile. 11  Foo Herode le masole a gagwe ba ne ba mo tlhabisa ditlhong,+ mme o ne a mo sotla+ ka go mo apesa seaparo se sentlentle a bo a mmusetsa kwa go Pilato. 12  Herode le Pilato ba ne ba nna ditsala mo go lone letsatsi leo, ka gonne pele ga moo ba ne ba sa utlwane. 13  Go tswa foo, Pilato o ne a phutha baperesiti ba bagolo, babusi le batho 14  mme a ba raya a re: “Lo ne lwa tlisa monna yono mo go nna lo re o tlhotlheletsa batho gore ba tlhanogele puso. Jaanong, ke ne ka mmotsolotsa fa pele ga lona mme ga ke a bona sepe se se phoso se se tsamaisanang le dilo tse lo mo latofatsang ka tsone.+ 15  Tota e bile, Herode le ene ga a bona phoso epe, ka gonne o mmuseditse mo go rona, mme ga a dira sepe se se ka dirang gore a bolawe. 16  Ka jalo, ke tla mo otlhaya+ ke bo ke mo golola.” 17  *—— 18  Mme batho botlhe ba ne ba goa ba re: “Bolaya monna yono,* mme o re gololele Barabase!”+ 19  (Barabase o ne a tsentswe mo kgolegelong ka gonne a ne a tlhotlheleditse batho mo motseng gore ba tlhanogele puso le ka gonne a ne a bolaile batho.) 20  Pilato o ne a bua le bone gape, ka gonne o ne a batla go golola Jesu.+ 21  Foo ba ne ba simolola go goa thata, ba re: “A a kokotelwe mo koteng! A a kokotelwe mo koteng!”*+ 22  O ne a bua le bone lekgetlo la boraro a re: “Goreng? Monna yono o dirile eng se se bosula? Ga ke a bona sepe se se phoso se se ka dirang gore a bolawe; ka jalo, ke tla mo otlhaya ke bo ke mo golola.” 23  Foo ba ne ba bua ba tiisitse ba re a bolawe,* mme ba ne ba goa ka mantswe a a kwa godimo mo a neng a ineela.+ 24  Ka jalo, Pilato o ne a dira tshwetso ya gore go dirwe se ba se batlang. 25  O ne a golola monna yo ba neng ba mmatla, yo o neng a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go sa ikobele taolo le go bolaya batho, mme o ne a ba neela Jesu jaaka ba ne ba batla. 26  Jaanong fa ba ntse ba tsamaya ka ene, ba ne ba emisa monna mongwe yo o bidiwang Simone wa kwa Kurene, yo o neng a tswa kwa motseng wa selegae, mme ba ne ba mo pateletsa gore a rwale kota ya tlhokofatso* mme a tsamaye mo morago ga ga Jesu.+ 27  Batho ba le bantsi thata ba ne ba mo setse morago, go akaretsa le basadi ba ba neng ba ntse ba ititaya ba hutsafetse e bile ba mo lelela. 28  Jesu o ne a retologela kwa basading bao a bo a re: “Bomorwadia Jerusalema, tlogelang go ntelela. Go na le moo, lelelang lona le bana ba lona;+ 29  ka gonne malatsi a etla a batho ba tla reng, ‘Go itumela basadi ba ba se nang bana, basadi ba ba iseng ba ko ba tshole le basadi ba ba iseng ba ko ba anyise!’+ 30  Go tswa foo ba tla raya dithaba ba re, ‘Welang mo godimo ga rona!’ le dithota ba re, ‘Re khurumetseng!’+ 31  Fa ba dira dilo tseno fa setlhare se le metsi, go tla diragalang fa se swabile?” 32  Banna ba bangwe ba babedi, ba e neng e le dinokwane, le bone ba ne ba tsewa gore ba ye go bolawa le ene.+ 33  E rile ba fitlha kwa lefelong le le bidiwang Logata,+ ba ne ba mo kokotela mo koteng le dinokwane tseo, se sengwe se le ka fa mojeng wa gagwe mme se sengwe se le ka fa molemeng wa gagwe.+ 34  Mme Jesu o ne a re: “Rara, ba itshwarele, ka gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mo godimo ga moo, ba ne ba tshela bola gore ba kgaogane diaparo tsa gagwe.+ 35  Batho ba ne ba eme ba lebile. Mme babusi ba ne ba mo tshega ka tshotlo ba re: “O ne a boloka ba bangwe; a a ipoloke fa e le gore ke Keresete wa Modimo, Ene yo o Tlhophilweng.”+ 36  Tota le masole a ne a mo sotla, a ne a tla kwa go ene mme a mo naya beine e e botšarara*+ 37  a bo a re: “Fa e le gore o Kgosi ya Bajuda, ipoloke.” 38  Gape go ne go na le mokwalo fa godimo ga gagwe o o reng: “Yono ke Kgosi ya Bajuda.”+ 39  Foo mongwe wa dinokwane tse di kokotetsweng go bapa le ene o ne a simolola go mo kgoba+ a re: “O Keresete gakere? Ipoloke o bo o re boloke!” 40  Yo mongwe o ne a mo kgalemela a re: “E re ka jaanong katlholo ya gago e tshwana le ya gagwe, a ga o boife Modimo? 41  Mme rona go a tshwanela go bo re atlhotswe jalo, ka gonne re amogela se se re tshwanetseng ka ntlha ya dilo tse re di dirileng; mme monna yono ene ga a dira sepe se se phoso.” 42  Go tswa foo, o ne a re: “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago.”+ 43  Mme o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.”+ 44  Jaanong e ne e le mo e ka nnang ka 12:00 motshegare,* le fa go ntse jalo go ne ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go fitlha ka 3:00 motshegare,*+ 45  ka gonne letsatsi le ne la fifala; foo sesiro sa tempele+ se ne sa gagoga ka bogare go ya kwa tlase.+ 46  Mme Jesu o ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Rara, ke tlogelela moya wa me mo diatleng tsa gago.”+ Fa a sena go bua jalo, o ne a swa.*+ 47  Fa modiredi wa masole a sena go bona se se diragetseng, o ne a galaletsa Modimo a re: “Eleruri, monna yono o ne a siame.”+ 48  Batho ba ne ba phuthegetse koo gore ba ye go bona a bolawa. Mme fa ba bona dilo tse di neng tsa direga, ba ne ba boela gae ba ititaya dihuba ba hutsafetse. 49  Mme botlhe ba ba neng ba tlwaelane le ene ba ne ba emetse kgakajana. Gape, basadi ba ba neng ba tlile le ene go tswa kwa Galalea ba ne ba le teng mme ba ne ba bona dilo tseno.+ 50  Jaanong go ne go na le monna mongwe yo o bidiwang Josefa, yo e neng e le leloko la Kgotlakgolo ya Bajuda. Monna yono o ne a le molemo e bile a siame.+ 51  (Monna yono o ne a gana go tshegetsa leano la bone le tiro ya bone.) O ne a tswa kwa motseng wa Bajudea o o bidiwang Arimathea, mme o ne a letetse nako ya fa Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo busa. 52  Monna yono o ne a ya kwa go Pilato mme a mo kopa mmele wa ga Jesu. 53  Mme o ne a o folosa+ a bo a o phuthela ka letsela le le boleta, mme a o latsa mo lebitleng* le le epilweng mo lefikeng,+ le go neng go ise go ke go ladiwe motho ope mo go lone. 54  Jaanong e ne e le Letsatsi la go Baakanyetsa Sabata,+ mme Sabata e ne e tloga e simologa. 55  Basadi ba ba neng ba tlile le Jesu go tswa kwa Galalea le bone ba ne ba tsamaya ba ya go bona lebitla* leo le go bona kafa mmele wa gagwe o ladiwang ka gone,+ 56  mme ba ne ba boela morago ba ya go rulaganya dinkgisamonate le maokwane a a nkgang monate. Mme gone, ba ne ba ikhutsa ka Sabata+ go ya ka molao.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “Tlosa yono.”
Kgotsa “A a bolaelwe mo koteng! A a bolaelwe mo koteng!”
Kgotsa “a bolaelwe mo koteng.”
Kgotsa “botlha.”
Seger., “ka ura ya borataro.”
Seger., “ka ura ya borobongwe.”
Kgotsa “o ne a hema la bofelo.”
Kgotsa “lebitla la kgakologelo.”
Kgotsa “lebitla la kgakologelo.”